YouVersion Logo
Search Icon

LUKE 21

21
Kabelo ya motlholagadi
(Mar 12:41-44)
1A tsholetsa matlho, a bona bahumi ba latlhela dineo tsa bone mo letloleng la dikhumo. 2Mme a bona mosadi mongwe wa motlholagadi, e le mohumanegi, a latlhela gone madinyana a le mannye a le mabedi. 3Mme a re: “Ammaaruri ke a lo raya, motlholagadi yo wa mohumanegi, o latlhetse segolo go feta bone botlhe; 4gonne bao botlhe ba latlhetse ga letlotlo la bone mo dineong; mme ene o latlhetse ga khumanego ya gagwe gotlhe mo o tshelang ka gone.”
Jesu o bolela fa tempele e tlaa senngwa
(Math 24:1-2; Mar 13:1-2)
5Ya re bangwe ba ntse ba bua ka ga tempele, jaaka e kgabisitswe ka maje a mantle, le ka dineo, a re: 6“Ka ga dilo tse lo di bonang, metlha e tlaa tla e go se ketlang go tlogelwa lentswe lepe fa, le tlhatlaganye le le lengwe, le le se ketlang le digwa.”
Matshwenyego le dipogisego
(Math 24:3-24; Mar 13:3-13)
7Ba mmotsa ba re: “Moruti ana dilo tse di tlaa dirafala leng? Le sesupo e tlaa nna sefe sa fa dilo tse di tloga di dirafala?”
8Mme a re: “Itiseng gore lo se timediwe; gonne batho ba le bantsi ba tlaa tla ka leina la me, ba ikaya ba re: ‘Ke nna ene;’ ba ba ba re: ‘Motlha o atametse.’ Ka re: Lo se ka lwa ba sala morago. 9Mogang lo utlwang ka ga dintwa le dikudumedi tsa batho, lo se ka lwa rerega, gonne dilo tse di tshwanetse go dirala pele; mme bokhutlo bo bo bo ise bo nne gaufi.”
10Foo a ba raya a re: “Morafe o tlaa tsogologela morafe, le bogosi bo tsogologele bogosi; 11mme go tlaa nna dithoromo tse dikgolo tsa lefatshe, le mo mafelong mangwe le mangwe go nne mebopamo, le dikgogodi tsa bolwetse; go tlaa nna dilo tse di rerisang fa di bonwa, le ditshupo tse di tswang legodimong. 12E tlaa re pele ga dilo tsotlhe tse, ba tlaa lo tsenya diatla, ba tlaa lo bogisa, ba tlaa lo isa tshekong mo matlong a thuto, ba lo tsenya mo matlong a kgolegelo, ba lo isa fa pele ga dikgosi le balaodi, ka ntlha ya leina la me. 13Mo go tlaa lo dirafalela gore lo itshupe. 14 Ke gone lo itlhomamise mo dipelong tsa lona fa lo se ketla lo akanya pele ka fa lo tlaa fetolang ka teng. 15Gonne ke tlaa lo naya molomo, le botlhale jo baba botlhe ba lona ba se ketlang ba nonofa go bo ganetsa, le fa e le go emalana najo. 16Lo tlaa okwa le ke batsadi ba lona, le ke bana ba borraalona, le ba losika lwa lona, le ditsala, mme bangwe ba lona ba tlaa bolawa ka bone. 17Lo tlaa tlhoiwa ke botlhe ka ntlha ya leina la me. 18Le fa e le moriri mongwe fela wa ditlhogo tsa lona ga o ketla o nyelela. 19Lo tlaa ipoloka mewa ya lona ka bopelotelele jwa lona.
Jesu o bolela fa Jerusalema a tlaa thubiwa
(Math 24:15-28; Mar 13:14-23)
20“E tlaa re lo bona Jerusalema o dikilwe ke dintwa, lo bo lo itse fa tshwafalo ya one e le gaufi. 21Foo, ba ba mo Jutea a ba tshabele kwa dithabeng; le ba ba mo gare ga one a ba tswe; le ba ba kwa nageng, a ba se ye go tsena mo go one. 22 Gonne metlha eo ke ya pusoloso, gore dilo tsotlhe tse di kwadilweng di dirafale. 23A bo go tla latlhega bone ba ba baimana le ba ba amusang mo metlheng eo! Gonne go tlaa nna pitlagano e kgolo mo lefatsheng, le bogale jo bogolo mo sešabeng se. 24Ba tlaa wa ka bogale jwa tšhaka, ba tlaa isiwa e le ditshwarwa mo merafeng yotlhe; Jerusalema o tlaa katakwa ke Baditšhaba, go tle go tsamaye metlha ya Baditšhaba e dirafale.
Go tla ga Morwa Motho
(Math 24:29-31; Mar 13:24-27)
25 “Mme go tlaa nna ditshupo mo letsatsing, le mo kgweding, le mo dinaleding; le mo lefatsheng pitlagano ya merafe, e raraanngwa ke lewatle le dintelo go suma ka kgwaso e kgolo; 26le batho ba idibadiwa ke poifo le tebelelo ya dilo tse di tlang mo lefatsheng; gonne dinonofo tsa legodimo di tlaa reketlisiwa. 27 E dira gone ba tlaa bonang Morwa Motho a tla ka leru, ka nonofo le ka kgalalelo e kgolo. 28E tlaa re dilo tse di simologa go dirala, foo lo lelale, lo tsholetse ditlhogo tsa lona; gonne thekololo ya lona e tlaa bo e atamela.”
Thuto ya setlhare sa mofeige
(Math 24:32-35; Mar 13:28-31)
29A bua nabo setshwantsho a re: “Bonang setlhare sa mofeige, le ditlhare tsotlhe; 30e re fa jaanong di tlhoga, lo a se bona, mme lo a itse ka losi fa letlhabula le setse le atametse. 31Fela jalo le lona, fa lo bona dilo tse di dirafala, itseng fa bogosi jwa Modimo bo atametse.
32“Ammaaruri ke a lo raya, losika lo, ga lo ketla lo feta go tsamaye dilo tsotlhe di dirafale pele. 33Go tlaa feta legodimo le lefatshe; mme mafoko a me ga a ketla a feta.
Ga go na ope yo o itseng nako
34“Lo itlhokomele, gore e se re kgotsa dipelo tsa lona tsa imelelwa ke go kgora bobe, le go tagwa, le ke ditlhodiego tsa botshelo jono, mme letsatsi leo la lo wela ka tshoganetso jaaka seru; 35gonne le tlaa wela jalo botlhe ba ba agileng mo lefatsheng lotlhe fela. 36Lona lebelelang ka metlha yotlhe, lo rapele gore lo kaiwe fa lo tshwanetse go falola mo dilong tse tsotlhe tse di tlaa diralang, le go ema fa pele ga Morwa Motho.”
37 Mme e ne e tle e re go le motshegare a tlhole a ruta mo tempeleng; e re bosigo a tswe a ye kwa thoteng e e bidiwang ya Lotlhware. 38E re ka moso batho botlhe ba phakelele kwa go ene mo tempeleng, ba ye go mo utlwa.

Currently Selected:

LUKE 21: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy