YouVersion Logo
Search Icon

JOHANE 10

10
Setshwantsho sa lesaka la dinku
1“Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, yo o sa tseneng ka kgoro mo sakeng la dinku, mme a pagama ka go sele, ke ene legodu le senokwane. 2Mme yo o tsenang ka kgoro, ke modisa wa dinku. 3Ene molebedi wa kgoro o a tle a mmulele; mme dinku di utlwe lentswe la gagwe; a bitse tse e leng dinku tsa gagwe ka maina, a di bolotse. 4E re a sena go bolotsa tse e leng tsa gagwe tsotlhe, a di etelele pele, dinku di mo sale morago; gonne di itse lentswe la gagwe. 5Mme moeng ene, ga di ketla di mo sala morago, mme di tlaa mo tshaba; gonne ga di itse lentswe la baeng.” 6Setshwantsho se Jesu a se bua nabo; mme ba se ka ba tlhaloganya dilo tse o di buang nabo, gore ke dife.
Jesu Modisa yo o molemo
7Jesu a ba a ba raya gape a re: “Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, ke nna kgoro ya dinku. 8Botlhe ba ba tsileng ba nkema pele ke magodu le dinokwane; mme dinku ga di a ka tsa ba utlwa. 9Ke nna kgoro, fa motho le fa e le mang a tsena ka nna, o tlaa bolokwa, o tlaa tsena a ba a tswa, mme o tlaa bona bofulo. 10Legodu ga le tle, fa e se gore le utswe, le go bolaya, le go senya; nna ke tsile gore di bone botshelo, mme di bo bone ka letlolo.
11“Ke nna modisa yo o molemo; modisa yo o molemo o beela dinku botshelo jwa gagwe. 12Yo o thapilweng ka tuelo, e se modisa, yo dinku e seng tsa gagwe, o bona phiri e tla, a tlogele dinku, a tshabe; mme phiri e di tshware, e di falatse. 13O tshaba ka gobo e le mothapiwa ka tuelo fela, a sa re sepe ka dinku. 14Ke nna modisa yo o molemo; tse e leng tsa me ke a di itse, le tse e leng tsa me di a nkitse, 15 fela jaaka Rara a nkitse, le nna ke itse Rara; mme ke beela dinku botshelo jwa me. 16Ke bile ke na le dinku di sele, tse e seng tsa saka le; le tsone ke na le go di lere, mme di tlaa utlwa lentswe la me; mme di tlaa nna letsomane le le lengwe fela, le modisa a le mongwe fela.
17“Ke gone Rara o nthatang, ka gobo ke baya botshelo jwa me, gore ke be ke bo tshole gape. 18Ga go ope yo o bo ntseelang, ke bo ipeisa fela. Ke na le thata go bo baya, ke bile ke na le thata go ba ke bo tshola. Taolo e, ke e amogetse mo go Rre.”
19Ga ba ga tsoga kgaogano gape mo Bajuteng ka ntlha ya mafoko a. 20Bantsi ba bone ba re: “O na le mewa e e maswe, o a tsenwa, lo mo reeletsang?”
21Ba bangwe ba re: “Tse ga se dipolelo tsa yo o tsenyweng ke mewa e e maswe. A mewa e e maswe e ka foufolola matlho a difofu?”
Jesu o ganwa ke Bajuta
22Ga bo go le modiro wa bošafatso mo Jerusalema; mme ga bo go le mariga. 23Jesu a bo a tsamayatsamaya mo tempeleng, mo mathuding a ga Solomone. 24Foo Bajuta ba mo phuthegela, ba mo raya ba re: “O tlaa re akgaakga mo pelaelong ka lobaka lo lokae? Fa o le ene Keresete, re bolelele ka thanolo.”
25Jesu a ba fetola a re: “Ke lo boleletse, mme ga lo dumele; ditiro tse ke di dirang ka leina la ga Rre, tsone di supa ka ga me. 26Ga lo dumele, ka gobo lo se ba dinku tsa me. 27Dinku tsa me di utlwa lentswe la me, ke a di itse, mme di ntshale morago; 28ke di naya botshelo jo bo sa khutleng; ga di ketla di nyelela gope, e bile ga go ope yo o tlaa di phamolang mo seatleng sa me. 29Rre yo o di nneileng, o mogolo go botlhe; ga go ope yo o nonofileng go di phamola mo seatleng sa ga Rara. 30Nna le Rara re mongwe fela.”
31Bajuta ba ba ba tsaya maje go mo kgobotletsa ka one. 32Jesu a ba raya a re: “Ke lo bontshitse ditiro di le dintsi tse di molemo tsa ga Rara; lo nkgobotleletsa tiro efe ya tsone?”
33 Bajuta ba mo fetola ba re: “Ga re go kgobotleletse tiro e e molemo, fa e se tlhapatso, le ka ntlha ya gobo o re o le motho, o itira Modimo.”
34 Jesu a ba fetola a re: “A ga go a kwalwa mo molaong wa lona ga twe: ‘Ke rile, lo medimo’? 35Fa a biditse bone medimo ba lefoko la Modimo le tsileng kwa go bone – mme lokwalo ga lo ka ke lwa tlolwa – 36a lo raya ene yo Rara o mo itshepisitseng, a mo roma mo lefatsheng, lwa re: ‘O a tlhapatsa,’ ka gobo ke rile, ke Morwa Modimo? 37Fa ke sa dire ditiro tsa ga Rre, lo se ka lwa ntumela. 38Fa ke dira tsone, le fa lo sa dumele nna, dumelang ditiro; gore lo itse, lo bo lo tlhaloganye, fa Rara a le mo go nna, le nna mo go Rara.”
39Ba ba ba senka gape go mo tshwara; mme a tswa mo diatleng tsa bone a tsamaya.
40 A ba a tsamaya gape a ya kwa moseja ga Joretane, kwa Johane o ne a ntse a kolobetsa teng pele; mme a nna gone. 41Batho ba le bantsi ba ya kwa go ene ba re: “Le gale Johane ga a ka a dira sesupo sepe; mme dilo tsotlhe fela tse Johane o di buileng ka ga monna yo, e ne e le boammaaruri.” 42Mme batho ba le bantsi ba dumela mo go ene teng.

Currently Selected:

JOHANE 10: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy