YouVersion Logo
Search Icon

GENESISE 2

2
1Legodimo le lefatshe tsa wediwa, le dilo tsotlhe tse di mo go tsone. 2 E rile ka letsatsi la bosupa, Modimo wa wetsa tiro ya one e o e dirileng; wa ikhutsa ka letsatsi la bosupa mo tirong yotlhe ya one e o e dirileng. 3Modimo wa segofatsa letsatsi la bosupa, wa le itshepisa, gonne mo go lone o ne wa ikhutsa mo tirong yotlhe ya one, e Modimo o e tlhodileng wa e dira. 4Tse, ke tsone ditshimologo tsa legodimo le tsa lefatshe, jale ka di tlholwa, ka motlha o Jehofa Modimo o dirileng lefatshe le legodimo ka one.
Tshimo ya Etene
5Go ne go ise go nne le setlhatshana sepe sa naga mo lefatsheng, le gone go ne go ise go tlhoge morogo ope wa naga, gonne Jehofa Modimo o ne a ise a nese pula mo lefatsheng, e bile go ne go se na motho ope yo o ka lemang lefatshe. 6Ga tlhatloga mouwane mo lefatsheng wa nosa mmu otlhe.
7 Jehofa Modimo a bopa motho ka lorole lwa mmu, a budulela mowa wa botshelo mo dinkong tsa gagwe; motho a direga mowa o o tshedileng.
8Jehofa Modimo a baya tshimo ka fa ntlheng ya botlhabatsatsi, mo Etene, a baya gone motho yo o mmopileng. 9 Jehofa Modimo a medisa mo mmung setlhare sengwe le sengwe se se kgatlhang mo matlhong, le se se molemo go jewa; setlhare sa botshelo le sone fa gare ga tshimo, le setlhare sa kitso ya molemo le bosula.
10Noka ya tswa mo Etene e ya go nosa tshimo; ya re e tswa gone ya kgaogana, ya nna maphata a le mane. 11Leina la ya ntlha ke Pišone: Ke yone e e potologang lefatshe lotlhe la Hafila, kwa gouta e gone. 12Gouta ya lefatshe leo e molemo; go bile go na le beteleuma, le majana a berule. 13Leina la noka ya bobedi ke Gihone; ke yone e potologang lefatshe lotlhe la Kuše. 14Leina la noka ya boraro ke Hitekele: eo ke yone e e potang lefatshe la Asiria ka fa botlhabatsatsi, noka ya bone ke Euferatese.
15Jehofa Modimo a tsaya monna, a mmaya mo tshimong ya Etene, go e baakanya le go e lebelela. 16Jehofa Modimo a laola monna a re: “O ka ja fela setlhare sengwe le sengwe sa tshimo ka go rata; 17mme setlhare sa kitso ya molemo le bosula, sone o se ka wa se ja gonne ka tsatsi le o jang ga sone ruri o tlaa swa.”
18Jehofa Modimo a re: “Ga go molemo fa monna a ka nna a le esi; ke tlaa mo direla thuso e e mo lebanyeng.” 19Ke gone ka moo phologolo nngwe le nngwe ya naga le nonyane nngwe le nngwe ya loapi Jehofa Modimo a di bopa ka mmu, a di isa kwa monneng, go bona ka fa o tlaa di rayang maina ka gone. Leina le monna o le reileng sebopiwa sengwe le sengwe se se tshedileng, ya nna lone leina la sone. 20Monna a raya dikgomo tsotlhe maina, le dinonyane tsa loapi, le phologolo nngwe le nngwe ya naga; mme Atame ene ga se ka ga bonwa thuso e e mo lebanyeng.
21Jehofa Modimo a thulametsa monna ka boroko jo bogolo, mme a thulamela. Mme a ntsha logopo longwe lwa gagwe, a kopanya nama mo boemong jwa lone. 22Logopo lo Jehofa Modimo o lo ntshitseng mo monneng, a lo dira mosadi, mme a mo isa kwa monneng. 23Monna a re:
“Jaana yo, ke lesapo la marapo a me,
le nama ya nama ya me;
o tlaa bidiwa Mosadi,
ka a ntshitswe mo Monneng.”
24 Ke gone ka moo monna o tlaa tlogelang rraagwe le mmaagwe, o tlaa ngaparela mosadi wa gagwe; mme ba tlaa nna nama e le nngwe fela.
25Monna le mosadi wa gagwe ba bo ba sa ikatega, ka bobedi jwa bone; ba bo ba se na ditlhong.

Currently Selected:

GENESISE 2: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy