YouVersion Logo
Search Icon

2 BATHESALONIKA 1

1
Tumediso
1 Ke nna Paulo, ke na le Silefano le Timotheo; re kwalela phuthego ya Bathesalonika e e mo Modimong Rraetsho, le mo go Morena Jesu Keresete.
2A tshegofatso e nne le lona, le kagiso e e tswang Modimong Rara le Morena Jesu Keresete.
Katlholo mo go tleng ga Morena
3Re na le go leboga Modimo ka metlha yotlhe ka ga lona, bagaetsho, fela jaaka go tshwanetse, ka gobo tumelo ya lona e ntse e gola thata, le go ratana ga lona lotlhe go totile thata; 4e bile le rona ka rosi re belafala ka lona mo diphuthegong tsa Modimo, ka bopelotelele jwa lona le tumelo, lo le mo dipogisong tsotlhe tsa lona, le mo dipitlaganong tse lo di itshoketseng.
5Dilo tse ke sesupo se se bonalang sa katlholo e e siameng ya Modimo, sa gore lo kaiwe lo tshwanetse bogosi jwa Modimo, jo lo bileng lo bo bogelang botlhoko. 6Ke raya fa e le mo go siameng mo Modimong go lefetsa pitlagano ya ba ba lo pitlaganyang; 7le go naya lona ba lo pitlaganngwang tapologo le rona, mo motlheng wa tshenolo ya Morena Jesu fa a tla a tswa legodimong, a na le baengele ba thata ya gagwe, 8a le mo molelong o o tutumang, a itefetsa mo go ba ba sa itseng Modimo, le mo go ba ba sa ineeleng go utlwa Mafoko a a Molemo a Morena wa rona Jesu. 9E le ba ba tlaa utlwang thupa, e bong tshenyego e e sa khutleng, ya go tlogela ruri mo sefatlhogong sa Morena, le mo kgalalelong ya nonofo ya gagwe. 10Mogang o tlang go galalediwa mo baitsheping ba gagwe, le go gakgamalelwa mo tsatsing leo ke botlhe ba ba dumetseng, gonne tshupo ya rona mo go lona e ne ya dumelwa.
11Le rona re ntse re lo rapelela ka gone moo, gore Modimo wa rona o lo kaye go tshwanela pitso ya lona, o bo o dirafatse keletso nngwe le nngwe ya molemo, le tiro nngwe le nngwe ya tumelo, ka thata; 12gore leina la Morena wa rona Jesu le galalediwe mo go lona, le lona mo go ene, ka fa tshegofatsong ya Modimo wa rona le Morena Jesu Keresete.

Currently Selected:

2 BATHESALONIKA 1: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy