YouVersion Logo
Search Icon

2 BATHESALONIKA 2

2
Motho wa go tlhoka molao
1 Jaana re a lo rapela, bagaetsho, ka ga go tla ga Morena wa rona Jesu Keresete, le go phuthegela ga rona kwa go ene; 2ra re, lo se ka lwa ba lwa tshikinngwa mogopolo, le fa e le go fuduiwa ke mowa mongwe, le fa e le ke puo, le fa e le ke lokwalo lo go ka tweng lo tswa kwano go rona, go etsa jaaka e kete letsatsi la Morena le setse le le fa. 3Ope motho a se ka a lo fora ka mokgwa ope; gonne ga go ketla go dirafala, fa tenego e sa tle pele, le fa monna wa boleo a sa senolwe, yo e leng morwa tatlhego. 4 E bong yo o ikgantshang, a ikgodisa, a tlhabana le gotlhe mo go bidiwang modimo, kgotsa mo go obamelwang; a ba a tle a dule mo tempeleng ya Modimo, a ikaye gore ke ene Modimo.
5A ga lo gakologelwe fa e rile ke sa ntse ke na le lona, ka lo bolelela dilo tse? 6Jaanong lo a itse se se kganetseng, gore a tle a senolwe mo motlheng o e leng wa gagwe. 7Gonne bosaitsiweng jwa boikepo bo setse bo dira; go na le mongwe yo o kganetseng gompieno, go tsamaya a tlosiwa. 8 Foo moikepi o tlaa senolwa, yo Morena Jesu o tlaa mmolayang ka mowa wa molomo wa gagwe, a mo nyeletsa ka ponatshego ya go tla ga gagwe. 9 E bong ene yo go tla ga gagwe go leng ka fa go direng ga Satane ka thata yotlhe le ka ditshupo, le ka dikgakgamatso tsa maaka, 10le ka tsietso yotlhe ya tshiamololo mo go bone ba ba nyelelang; ka ba se ka ba amogela lorato lwa go rata boammaruri, gore ba bolokwe. 11Ka ntlha ya gone moo, Modimo wa roma tiro e e timetsang kwa go bone, gore ba tle ba dumele maaka: 12Gore ba sekisiwe botlhe ba ba se kang ba dumela boammaaruri, mme ba natefelwa ke tshiamololo.
Go tlhaolelwa poloko
13Lona bagaetsho, baratwa ba Morena, re na le go leboga Modimo ka metlha yotlhe ka ga lona, ka Modimo o sa le o lo itshenkela mo tshimologong, gore lo bolokwe ka go itshepisiwa ke Mowa, le ka go dumela boammaaruri. 14Mo o lo go bileditseng ka Mafoko a a Molemo a rona, gore lo bone kgalalelo ya Morena wa rona Jesu Keresete. 15Ke gone jalo bagaetsho, ka re, emang lo tiile, lo tshegetse dipolelo tse lo di rutilweng, le fa e ka bo e le ka lefoko la molomo, kgotsa ka lokwalo lwa rona.
16Jaana a Morena wa rona Jesu Keresete ka esi, le Modimo Rraetsho yo o re ratileng a ba a re naya kgomotso e e sa khutleng, le tsholofelo e e molemo ka tshegofatso, 17a gomotse dipelo tsa lona, a lo tlhomamise mo tirong le mo puong nngwe le nngwe e e molemo.

Currently Selected:

2 BATHESALONIKA 2: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy