YouVersion Logo
Search Icon

1 SAMUELE 4

4
Go gapiwa ga Letlole la Kgolagano
1Lefoko la ga Samuele la tla mo go Baiseraele botlhe. Jaana Baiseraele ba bololela Bafilisitia go tlhabana nabo, ba thibelela go bapa le Ebenesere; Bafilisitia ba thibelela mo Afeke. 2Bafilisitia ba ikaba go tlhabana le Baiseraele; e rile ba tshwaragana, Iseraele a kgemethwa fa pele ga Bafilisitia, mme ba ba bolaela mo nageng, e ka ne e le banna ba le 4 000 ba ntwa. 3E rile batho ba tla mo bothibelelong, bagolwane ba Iseraele ba re: “Ana Jehofa o re kgemethetseng gompieno fa pele ga Bafilisitia? A re yeng go itseela letlole la kgolagano ya ga Jehofa kwa Shilo gore le tle mo go rona, le re golole mo seatleng sa baba ba rona.” 4 Jalo ga rongwa batho kwa Shilo, ba ya ba tsaya gone letlole la kgolagano ya ga Jehofa wa masomosomo, yo o dutseng mo godimo ga ditšheruba; mme bomorwa Eli boo babedi, Hofeni le Finease ba bo ba le gone, ba na le letlole la kgolagano ya Modimo.
5E rile letlole la kgolagano ya ga Jehofa le tla mo bothibelelong, Baiseraele botlhe ba thela lošalaba lo logolo, lefatshe la ba la tla la tutuma. 6Ya re Bafilisitia ba utlwa modumo wa lošalaba ba re: “Ana modumo wa lošalaba lo logolo lo, mo bothibelelong jwa Bahebere ke goreng?” Mme ba tlhaloganya fa letlole la ga Jehofa le tsile mo bothibelelong. 7Bafilisitia ba boifa, gonne ba re: “Modimo o tsile mo bothibelelong.” Ba re: “Jo we! Re latlhegile; gonne gale ga go ise go ko go nne sepe se se ntseng jalo. 8Jo we! Re latlhegile; e mang yo o tlaa re gololang mo seatleng sa medimo e e thatathata e? Medimo e ke yone e e itaakileng Baegepeto ka dipetso tsotlhetsotlhe fela mo nageng. 9Nonofang, lo dire jaaka banna, lona Bafilisitia, gore lo tle lo se ka lwa nna batlhanka ba Bahebere, jaaka bone ba ntse ba le batlhanka ba lona; lo dire jaaka banna, lo tlhabaneng.”
10Bafilisitia ba tlhabana, mme Iseraele a kgemethwa, mongwe le mongwe a tshabela kwa mogopeng wa gagwe; ga nna polao e kgolo; gonne ga wa Baiseraele ba le 30 000, e le ba dinao. 11Le letlole la Modimo la gapiwa; le bomorwa Eli ba babedi, Hofeni le Finease, ba bolawa.
Loso lwa ga Eli
12Ga taboga monna mongwe wa Benjamine a tswa mo ntweng, a tla mo Shilo ka tsatsi leo, diaparo tsa gagwe di gagogile, a le mmu mo tlhogong. 13E rile a tla, bonang, Eli a bo a dutse mo setulong sa gagwe fa tseleng a lebeletse, gonne pelo ya gagwe e kotlomanetse letlole la Modimo. Monna yo, o rile a tsena mo motseng, a bolela, motse otlhe wa goeleletsa godimo. 14Eli a re a utlwa modumo wa mogoo a re: “Modumo wa pheretlho e ke go reng?” Monna yo a akofa a tla a bolelela Eli. 15Jaana Eli a bo a le botsofe jwa dinyaga di le 98, matlho a gagwe a bo a tlhomame fela a sa bone. 16Monna yo a raya Eli a re: “Ke nna yo ke tswang ntweng, ke tshabile gompieno kwa ntweng.” Mme a re: “Go ile ga nna jang, morwaaka?”
17Ene yo o lerileng mafoko a mo fetola a re: “Iseraele o tshabile fa pele ga Bafilisitia, e bile gape ga nna polao e kgolo mo bathong, le bone bomorwao boo babedi, Hofeni le Finease, ba sule, letlole la Modimo le lone le gapilwe.”
18Ga dirala ya re a umaka letlole la Modimo, a wa mo setulong sa gagwe, a wela kwa morago fa mojakong, mme thamo ya gagwe ya komoga, mme a swa, ka gobo a le monnamogolo, a bile a le bokete. O ne a atlhotse Iseraele ka dinyaga di le 40.
Loso lwa mosadi wa ga Finease
19Ngwetsi wa gagwe, mosadi wa ga Finease, o ne a le moimana, a le gaufi le go belega, ya re a utlwa mafoko a go re, letlole la Modimo le gapilwe, le gore, matsalaagwe le monna wa gagwe ba sule, a khubama, a belega; gonne o ne a le mo ditlhabing tsa pelegi. 20Ya bo e le fa a tloga a swa, basadi ba ba emeng fa go ene ba mo raya ba re: “O se ka wa boifa; gonne o belege ngwana wa mosimane.” Mme ga a ka a araba, le gone ga a ka a tlhokomela. 21A raya ngwana leina a re, Ikabote; a re: “Kgalalelo e tlogetse Iseraele;” gonne letlole la Modimo le ne le gapilwe, le ka ntlha ya matsalaagwe le monna wa gagwe. 22A re: “Kgalalelo e tlogile mo go Iseraele; ka letlole la Modimo le gapilwe.”

Currently Selected:

1 SAMUELE 4: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy