YouVersion Logo
Search Icon

1 SAMUELE 3

3
Jehofa o bua le Samuele
1Ngwana Samuele a direla Jehofa fa pele ga Eli. Lefoko la ga Jehofa la bo le tlhokega thata mo metlheng eo; go ne go se na ponatshegelo e e senogileng. 2Ga dirala ka lobaka loo e rile Eli a robetse mo bonnong jwa gagwe, (jaanong matlho a gagwe one a setse a simologile go nna lotobo, a ba a sa ka ke a bona), 3le lobone lwa Modimo lo ise lo time, Samuele ene a le fa fatshe a robetse, mo tempeleng ya ga Jehofa, kwa letlole la Modimo le neng le le gone; 4ga re, Jehofa a bitsa Samuele, mme a re: “Ke fano.” 5A tabogela kwa go Eli, a re: “Ke fano; gonne o mpiditse.” Mme a re: “Ga ke a go bitsa; robala gape.” Mme a ya a robala.
6Jehofa a ba a bitsa gape a re: “Samuele.” Samuele a tsoga, a ya kwa go Eli, a re: “Ke fano; gonne o mpiditse.” Mme a mo fetola a re: “Ga ke a go bitsa morwaaka, baa o robale.” 7Jaana Samuele o ne a ise a itse Jehofa, le gone lefoko la ga Jehofa le ne le ise le mo senolelwe.
8Jehofa a bitsa Samuele gape lwa boraro. Mme a tsoga a ya kwa go Eli a re: “Ke fano; gonne o mpiditse.” Eli a lemoga fa Jehofa a biditse ngwana. 9Ke gone Eli a raya Samuele a re: “Ya o robale; e re fa a go bitsa o re: ‘Bua, Jehofa; gonne motlhanka wa gago o a utlwa.’ ” Jalo Samuele a ya a robala mo bonnong jwa gagwe.
10Jehofa a tla a ema a bitsa jaaka ka metlha e mengwe a re: “Samuele, Samuele.” Foo Samuele a re: “Bua; gonne motlhanka wa gago o a utlwa.”
11Jehofa a raya Samuele a re: “Bona, ke tlaa dira sengwe mo Iseraele, se ditsebe tsoo pedi tsa mongwe le mongwe yo o utlwang di tlaa sumang ka sone. 12Ke tlaa re mo tsatsing leo ke direle Eli gotlhe mo ke go buileng ka ga ntlo ya gagwe, go tswa kwa tshimologong go ya fela kwa bokhutlong. 13Gonne ke mmoleletse fa ke tlaa sekisa ntlo ya gagwe ka bosakhutleng ka ga boikepo jo o bo itsileng, gonne bomorwawe ba iteretse phutso, mme ene a se ka a ba kganela. 14Ke gone ka moo ke ikanetseng ntlo ya ga Eli ka re: Boikepo jwa ntlo ya ga Eli ga bo ketla bo tlhapisiwa ka setlhabelo le fa e le ka tshupelo ka bosakhutleng.”
15Samuele a robala, jwa ba jwa sa; a bula ntlo ya ga Jehofa. Mme Samuele a boifa go kakanyetsa Eli ponatshegelo. 16Foo Eli a bitsa Samuele a re: “Samuele, morwaaka.” Mme a re: “Ke fano.”
17A re: “Ke eng se Jehofa o se buileng nao? Ke a go rapela, o se ka wa se ntobela; a Modimo o go direle jalo, o bo o fetise, fa o ka ntobela sengwe sa dilo tsotlhe tse o di buileng nao.” 18Samuele a mmolelela gotlhe fela, a se ka a mo lobela sepe. Mme Eli a re: “Ke Jehofa; a a dire se o se bonang se le molemo.”
19Samuele a gola, Jehofa a nna nae, a se ka a leseletsa mafoko ape a gagwe go wela fa fatshe. 20Baiseraele botlhe, go tswa go Dane, go ya fela kwa Beerešeba ba itse fa Samuele a tlhomilwe go nna moperofeti wa ga Jehofa. 21Mme Jehofa a bonala gape mo Shilo; gonne Jehofa o ne a tle a itshenolele Samuele mo Shilo ka lefoko la ga Jehofa.

Currently Selected:

1 SAMUELE 3: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy