YouVersion Logo
Search Icon

1 SAMUELE 2

2
Thapelo ya ga Hana
1 Hana a rapela a re:
“Pelo ya me e kgana ka Jehofa,
lonaka lwa me
lo goletsegile mo go Jehofa;
molomo wa me o atlhamolositswe
godimo ga baba ba me.
2Ga go ope
yo o boitshepo jaaka Jehofa,
gonne ga go na ope
kwa ntle ga gago;
le gone ga go na lefika
le le tshwanang
jaaka Modimo wa rona.
3Se tlholeng lo bua ka mabela
bobe jalo,
a boitelaganyo bo se tswe
mo molomong wa lona;
gonne Jehofa ke Modimo wa kitso,
mme ditiro di lekanngwa bokete
ke ene.
4Mara a banna ba ba dinatla
a robegile,
bone ba ba neng ba kgotswa
ba tlamilwe ka nonofo.
5Bone ba ba neng ba kgotshe
ba ineetse go thapiwa
ka tuelo ya dijo;
mme ba ba neng ba bolailwe ke tlala
ba bonye lobaka.
Ee, baopa ba belege ba supa;
mosadi yo o nang le bana ba le
bantsi o a topetega.
6Jehofa o a bolaya,
e bile o a tshedisa;
o folosetsa mo phupung,
e bile o a tlhatlosa.
7Jehofa o a humanegisa,
e bile o a humisa;
a kokobetse,
le gone a kakatlolole.
8O kakatlolola bahumanegi
mo loroleng,
o tsholetsa batlhoki
mo thutubudung,
go tla a ba dudisa le dikgosana,
le go ba ruisa
setulo sa kgalalelo sa bogosi;
gonne maotwana a lefatshe
ke a ga Jehofa,
mme o tlhomile lefatshe
mo go one.
9O tlaa dibela dinao
tsa baitshepi ba gagwe,
baikepi o tlaa ba tuulatsa
mo lefifing;
gonne ga go na ope
yo o tlaa fenyang ka thata.
10Bone ba ba lwang le Jehofa
ba tlaa thubaganngwa:
o tlaa ba dumisetsa tumo ya maru
kwa legodimong;
Jehofa o tlaa atlhola
dikhutlo tsa lefatshe;
kgosi ya gagwe
o tlaa e naya thata,
o goletsa lonaka
lwa motlodiwa wa gagwe.”
11Mme Elekana a ya Rama kwa ga gagwe. Mme ngwana a direla Jehofa fa pele ga Eli moperesiti.
Eli le barwawe
12Jaana bomorwa Eli ya bo e le banna ba diramatla fela; ba ne ba sa itse Jehofa. 13Temalo ya baperesiti mo bathong e ne e le go re fa monna mongwe a isa tlhabelo, go tle motlhanka wa moperesiti nama e sa ntse e apeilwe e bela, a tle a tshotse sekgogetsa nama se se dikobe tharo ka seatla; 14a tlhabele ka sone mo pitsaneng, kgotsa mo ketleleng, kgotsa mo moetaneng kgotsa mo pitseng; gotlhe mo go tserweng ke sekgogetsa nama moperesiti a go tseye. Mo Shilo ba ne ba direla jalo Baiseraele botlhe ba ba yang gone. 15Ee, ba ise ba fise mafura, go tle motlhanka wa moperesiti, a reye monna yo o isang tlhabelo a re: “Ntsha nama e tle e besediwe moperesiti; gonne ga a ketla a tsaya nama mo go wena e e apeilweng, fa e se e e tala fela.”
16E re fa monna a mo raya a re: “A ga ba ke ba fisa mafura pele le gale, foo o tlaa tsaya ka fa pelo ya gago e eletsang ka gone;” foo ene o na a tle a re: “Nnyaa, e nneye fela jaana; fa o gana, ke tlaa e tsaya ka thata.”
17Boleo jwa makau ao, bo ne bo le bogolo thata fa pele ga Jehofa; gonne tshupelo ya ga Jehofa e ne e ferosa batho sebete.
Samuele kwa Shilo
18Samuele a direla fa pele ga Jehofa, a le ngwanyana, a tlamilwe ka sekhutlana sa leloba. 19Le gone mmaagwe o ne a tle a mo direle kojana, a e ise kwa go ene ka ngwaga le ngwaga, fa a ya le monna wa gagwe go isa 'tlhabelo sa ngwaga. 20Eli a segofatsa Elekana le mosadi wa gagwe a re: “A Jehofa a go neye losika ka mosadi yo, ka ntlha ya kadimo e e adimilweng Jehofa.” Mme ba ya kwa ga bone.
21Jehofa a lekola Hana, mme a nna moimana, a bona bana ba basimane ba le bararo, le ba basetsana ba le babedi. Mme ngwana Samuele a golela fa pele ga Jehofa.
22Jaana Eli o ne a tsofetse thata; mme a utlwa dilo tsotlhe tse bomarwawe ba di direlang Baiseraele botlhe, le jaaka ba ne ba tle ba lale le basadi ba ba direlang fa mojakong wa mogope wa bophuthegelo. 23Mme a ba raya a re: “Ana lo direlang dilo tse di ntseng jalo? Gonne ke utlwa ditiro tsa lona tse di bosula ka tšhaba e yotlhe fela. 24Nnyaa, bomorwaake; gonne polelo e ke e utlwang ga se polelo epe e e molemo; lo leofisa batho ba ga Jehofa. 25Fa motho a leofela yo mongwe, Modimo o tlaa mo atlhola; mme fa motho a leofela Jehofa, e mang yo o tlaa mo rapelelang?” Le fa go ntse jalo, ba se ka ba reetsa lentswe la ga rraabo, ka Jehofa a ne a laotse go ba bolaya.
26Ngwana Samuele a golela pele, a ratwa ke Jehofa, le ke batho le bone.
Polelelopele ka ga Eli le ba ntlo ya gagwe
27Ga tla monna wa Modimo kwa go Eli, a mo raya a re: “Jehofa o bua jaana a re: ‘A ruri ke ne ka itshenolela ba ntlo ya ga rraago, ba le kwa Egepeto, ba le mo botlhankeng mo ntlong ya ga Faro? 28 A ke ne ka mo itshenkela mo ditsong tsa Iseraele, gore a nne moperesiti wa me, go tlhatlogela kwa sebesong sa me go fisa maswalo, go apara sekhutlana fa pele ga me? A ke ne ka naya ba ntlo ya ga rraago ditshupelo tsotlhe tsa bana ba Iseraele tse di dirwang ka molelo? 29Ke gone, lo ragelelang tlhabelelo ya me, le tshupelelo ya me, tse ke di laoletseng boago jwa me; o ba o tlotla bomorwao bogolo go nna, go tla lo inontsha ka tse di tlhophegileng tsa ditshupelo tsa Iseraele, tšhaba ya me?’ 30Ke gone go buang Jehofa, Modimo wa Iseraele a re: ‘Ruri ke ne ke rile ba ntlo ya gago, le ba ntlo ya ga rraago, ba tlaa nna ba sepela fa pele ga me ka bosakhutleng,’ jaanong Jehofa a re: ‘A go nne kgakala le nna; gonne ba ba ntlotlang ke tlaa ba tlotla, mme ba ba nnyatsang ba tlaa nyadiwa. 31Bona, metlha e etla, e ke tlaa kgaolang letsogo la gago ka yone, le letsogo la ba ntlo ya ga rraago, gore go se ka ga nna monna wa motsofe mo ntlong ya gago. 32O tlaa bona mmaba mo boagong jwa me, mo khumong yotlhe e Modimo o tlaa e nayang Iseraele; mme ga go ketla go nna monna wa motsofe mo ntlong ya gogo ka bosakhutleng. 33Motho wa gago wa monna, yo ke se ketlang ke mo kgaola mo sebesong sa me, o tlaa bo a nnela matlho a gago go a ja, le go tlhokofatsa pelo ya gago; le loato lotlhe lwa ntlo ya gago lo tlaa swela mo bonneng jwa bone. 34Se, e tlaa nna sesupo mo go wena, se se tlaa tlelang bomorwao boo babedi, mo go Hofeni le Finease; ka letsatsi le le lengwe fela ba tlaa swa ka bobedi jwa bone. 35Ke tlaa itsosetsa moperesiti yo o ikanyegang, yo o tlaa dirang ka fa go se se mo pelong ya me, le mo mogopolong wa me; ke tlaa mo agela ntlo e e tlhomameng; mme o tlaa sepela fa pele ga motlodiwa wa me ka bosakhutleng. 36Go tlaa dirala go re, mongwe le mongwe yo o tlaa tlogelwang mo ntlong ya gago, o tlaa tla a mo ikobela go tla a bona papetlana ya selefera, le kgolokwe ya senkgwe, mme o tlaa rapela gore a tsenngwe mo tirong nngwe ya baperesiti, gore a tle a bone dijonyana.’ ”

Currently Selected:

1 SAMUELE 2: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy