YouVersion Logo
Search Icon

I JOHANE 5

5
Tumelo mo go Keresete ke phenyo ya lefatshe
1Le fa e le mang yo o dumelang fa Jesu e le Keresete, o tsetswe ke Modimo; mme yo o ratang yo o tsetseng, o bile o rata le ene yo o tsetsweng ke ene. 2Re a itse fa re rata bana ba Modimo ka gone mo, mogang re ratang Modimo, re dira ditaolo tsa one. 3 Gonne lo ke lone lorato lwa Modimo, gore re boloke ditaolo tsa one; ditaolo tsa one ga di tlhokofatse. 4Gonne sengwe le sengwe se se tsetsweng ke Modimo se fenya lefatshe; e ke yone phenyo e e fenyang lefatshe, e bong tumelo ya rona. 5E mang yo o fenyang lefatshe, fa e se yo o dumelang fa Jesu e le Morwa Modimo?
Bosupi ka ga Keresete
6Yo ke ene yo o tsileng ka metsi le madi, e bong Jesu Keresete; e seng ka metsi a le osi, mme ka metsi le ka madi. 7Mowa ke one o o supang, ka Mowa ke one boammaaruri. 8Gonne go bararo ba ba supang, e bong Mowa le metsi, le madi; mme boo bararo ba supela gongwe. 9Fa re amogela tshupo ya batho, tshupo ya Modimo e kgolo bogolo; gonne tshupo ya Modimo ke e, gore o supile ka ga Morwa one. 10Yo o dumelang mo go Morwa Modimo, o na le tshupo mo teng ga gagwe; yo o sa dumelang Modimo, o o akisitse; ka a se ka a dumela tshupo e Modimo o e supileng ka ga Morwa one. 11 Mme tshupo ke yone e, gore Modimo o re neile botshelo jo bo sa khutleng, mme botshelo joo bo mo go Morwa one. 12Yo o nang le Morwa Modimo o na le botshelo joo; yo o se nang Morwa Modimo ga a na botshelo joo.
Botshelo jo bo sa khutleng
13Dilo tse ke di lo kwaletse, gore lo itse fa lo na le botshelo jo bo sa khutleng, ke raya lona ba lo dumelang mo ineng la Morwa Modimo. 14Mo ke jone botlhokapoifo jo re nang najo ntlheng ya gagwe, gore fa re lopa sengwe ka fa go rateng ga one, o a re utlwa. 15Fa re itse gore le fa e ka bo e le eng se re se lopang o bo o re utlwa, re a bo re itse fa re tshotse ditopo tse re di lopileng mo go one.
16Fa motho mongwe a bona mogagabo a dira boleo bongwe, e se jo bo isang losong, o tlaa lopa, Modimo o tlaa mo naya botshelo jwa ba ba sa direng boleo jo bo isang losong. Go na le boleo jo bo isang losong; ga ke bue ka ga jone, fa ke re, a a lope. 17Tshiamololo yotlhe ke boleo; mme go na le boleo jo bo sa iseng losong.
18Re a itse gore le fa e le mang yo o tsetsweng ke Modimo ga a leofe; mme yo o tsetsweng ke Modimo o a ikgapa, yo o bosula ga a mo ame.
19Re a itse fa re le ba Modimo, mme lefatshe lotlhe le namaletse fa tlase ga yo o bosula.
20Re a itse fa Morwa Modimo a tsile, o bile o re neile tlhaloganyo ya gore re itse ene yo o leng boammaaruri, le gore re mo go ene yo o boammaaruri, e bong mo go Morwa one Jesu Keresete. Yo, ke ene Modimo wa ammaaruri, le botshelo jo bo sa khutleng.
21Banyana ba me, ikefeng mo medimong ya disetwa.

Currently Selected:

I JOHANE 5: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy