YouVersion Logo
Search Icon

Mataio 2

2
KHAOLO 2.
1MI yana Yesu erile a tsaloa mo Beteleheme oa Yuda, mo malatsiñ a khosi Herode, bonañ, ga tla babotlale ba isete go Yerusaleme,
2Ba re, O ha kae, ena eo o tsecoeñ Khosi ea Bayuda? gone re bonye naleri ea gague kua iseteñ, mi re tsile go mo obamela.
3Mi ka khosi Herode a sina utlua yalo, a huruega, le ona Yerusaleme otle o na nae.
4Mi erile a sina phutha baperiseti ba bagolu le bakuari ba bathu, a ba botsa kua Keresete o tla belegeloañ gona.
5Mi ba mo raea, Mo Beteleheme oa Yuda; gone go kuariloe yalo ki moperofeti,
6Mi uena Beteleheme, mo hatsiñ ya Yuda, ga u motlana bogolu mo balaoriñ ba Yuda; gone go tla coa go uena Mogogi eo o tla risañ bathu ba me Bayeserela.
7Eriha gona Herode o bitsañ babotlale ka go sa itseoeñ, a ba botsisa thata ga motla o naleri e bonetseñ ka ona.
8Mi a ba romela kua Beteleheme, a re, Eañ le botsise thata ga ñuanyana, mi ereha lo monye, lo ’nkutluise, gore le ’na ki ee ki mo obamele.
9Mi erile ba sina utlua khosi, ba ea; mi, bonañ, naleri e ba e bonyeñ kua iseteñ e le ea ea ha pele ga bona ga tsamaea ea ema ha gorimo ga helo ha ñuanyana o leñ gona.
10Mi erile ba bona naleri, ba itumela ka boitumelo yo bogolu.
11¶ Mi erile ba tsena mo tluñ, ba bona ñuana a na le mague Marie, ba oa ka lihatlogo tsa bona, ba mo obamela. Eriha gona ba bulañ mahumo a bona, ba mo naea likabelo, gouda, le libano, le mera.
12Mi ka ba tlagisioa ki Morimo mo toroñ, gore ba si boele go Herode, ba ea ka tsela e sele kua hatsiñ ya bona.
13Mi ka ba sina go ea, bonañ, moengele oa Morena a iponatsa go Yosefe mo toroñ, a re, Tloga, u eme, itsela ñuana eo, le mague, mi u tsabele kua Egepetoñ, mi u ne gona ki tle ki tsamae ki gu itsise; gone Herode o tla batla ñuana go mo senya.
14Mi ka a coga yalo, a tsaea ñuana le mague bosigo, mi a ea kua Egepetoñ;
15Mi a na gona ga tsamaea Herode a shua, gore go rihahale se se builoeñ ki Morena ka moperofeti, a re, Moroake ki miritse mo Egepetoñ.
16¶ Mi erile ka Herode a bona a tsiericoe ki babotlale, a galeha bogolu, a roma bañue, a bolaea banyana botle, ba ba le ba le mo Beteleheme, le mo lithokoñ cotle tsa ona; ba ba nyaga li tu, le ba ba ba rularañ, kaha motleñ o o botsisitseñ thata babotlale ka ona.
17Eriha gona go rihahalañ se se builoeñ ki Yeremie moperofeti, a re,
18Koru e utluetse mo Rama, go lela, le go lelela, le bohutsana yo bogolu. Rakele a lelela bana ba gague, mi a gana go gomorioa, gone ba sieo.
19¶ Mi erile Herode a sina shua, bonañ, moengele oa Morena a iponatsa go Yosefe mo toroñ mo Egepetoñ,
20A re, Tloga, u eme, tsaea ñuana le mague, mi u ee kua hatsiñ ya Yeserela; gone ba ba le ba batla botselo yoa ñuana, ba shule.
21Mi a nanoga, a tsaea ñuana le mague, mi a hitla mo hatsiñ ya Yeserela.
22Mi erile a utlua ha Arekelao a laola mo Yudeñ, mo boemoñ yoa ga rague Herode, a boiha go ea gona, mi ka a gakolocoe ki Morimo mo toroñ, a menogela kua hatsiñ ya Galilea.
23Mi a ea a aga mo motseñ o o birioañ Nasareta; gore go rihahale se se builoeñ ki baperofeti, O tla birioa Monasarini.

Currently Selected:

Mataio 2: TSN1890

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy