YouVersion Logo
Search Icon

MALEAGI 4

4
Letsatsi la Morena le e tla
1“Gonne bonang, letsatsi le e tla le le tukang jaaka leiso, mme botlhe ba ba ikgogomosang le ba ba dirang tsa boikepo ba tla nna dirite; letsatsi le le tlang le tla ba fisa, le sa ba tlogelele modi le e seng kala,” go bua Morena wa masomosomo. 2“Mme lona ba lo boifang leina la me, letsatsi la tshiamo le tla lo tlhabela, le na le kalafo mo diphukeng tsa lone, mme lo tla bolola, lo tlolaka jaaka dinamane tse di tswang mo sakeng. 3Lo tla gataka baikepi, gonne ba tla nna molora ka fa tlase ga dipato tsa dinao tsa lona ka letsatsi le ke le etleetsang,” go bua Morena wa masomosomo.
4“Gakologelwang molao wa ga Moše, motlhanka wa me, o ke o mo laetseng kwa Horebe go nna wa Baiseraele botlhe, e leng ditaolo le ditaelo.
5“Bonang, ke tla lo romela moporofeti Elia, go ise go tle letsatsi la Morena le legolo, le le boitshegang. 6Ene o tla busetsa dipelo tsa borra-bana kwa baneng le dipelo tsa bana kwa go borraabone, e se re gongwe ka tla, ka itaya lefatshe ka khutso.”
MAFOKO A DIKWALO TSA KGOLAGANO E KGOLOGOLO A FELELA FA.

Currently Selected:

MALEAGI 4: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy