YouVersion Logo
Search Icon

TITO 3

3
1O ba gakolole gore ba ikokobeletse mebuso e e laolang, ba e utlwe, ba etleetsegele tiro nngwe le nngwe e e molemo, 2ba se kgale ope, ba se batle kgang, mme ba nne bopelontle, ba itshupe ka bonolo jotlhe mo bathong botlhe. 3Gonne le rona re kile ra bo re le bosilo, re sa utlwe, re timetse, re direla dikeletso le dikgatlhego dingwe le dingwe, re phela ka bosula le ka lefufa, re ilega, re tlhoanye. 4Mme e rile go bonala bopelontle jwa Modimo, Morepholosi, le go rata batho ga ona, 5wa re pholosa, e seng ka ntlha ya ditiro tsa tshiamo tse rona re di dirileng, mme e le ka fa boutlwelong-botlhoko jwa ona ka tlhapo ya go tsalwa gape le ka ntšhwafatso ya Mowa o o Boitshepo 6o o o goromeditseng mo go rona ka Jesu Keresete, Morepholosi, 7gore e tle e re fa re sena go siamisiwa ka bopelotlhomogi jwa ona, re nne barua-boswa ba botshelo jo bo sa khutleng jo re bo solofelang. 8Lefoko leo ke le le ikanyegang.
Mme ke rata gore dilo tseo o di bolele ka tlhomamo gore ba ba dumetseng mo Modimong ba tlhoafalele go dira ditiro tse di molemo. Dilo tseo di siame, e bile di thusa batho. 9Mme o katoge dipotso tsa bosilo le dithulaganyo tsa maina a ditshika le dikgang le dikganetsanyo ka ga molao; gonne ga di thuse sepe, ke tsa boithamako fela. 10Motho yo o simololang kereke ya maitirelo e re fa o sena go mo tlhagisa gangwe gongwe gabedi, a gana, o mo tlogele, 11ka o itse gore yo o ntseng jalo o kgopo, o a leofa; o bile o ikatlhotse.
Melaetsa e mengwe. Tumediso
12E re fa ke romela Aretema gongwe Tigiko koo go wena, o itlhaganele go tla go nna kwano Nikopodi; gonne ke ikaeletse go dika mariga teng. 13Senase, moitse-molao, le Apolo o ba thuse ka tlhoafalo go ka etela pele, gore ba se ka ba tlhoka sepe. 14A ba ga rona le bone ba ithute go nna tlhaga mo ditirong tse di molemo go thusa ka tse di batlegang gore ba se nne ba ba sa ungweng sepe.
15Botlhe ba ke nang nabo ba a go dumedisa. Ntumedisetsa ba ba re ratang mo tumelong.
A bopelothomogi bo nne le lona lotlhe! Amen.

Currently Selected:

TITO 3: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy