YouVersion Logo
Search Icon

BAROMA 10

10
Bajuta ba latlhile tshiamo e e bonwang ka tumelo
1Ba ga etsho, keletso ya pelo ya me le thapelo ya me mo Modimong ka ntlha ya bone ke ya gore ba bone pholoso; 2gonne ke supa ka ga bone gore ba tlhoafaletse Modimo, mme e seng ka tlhaloganyo. 3Gonne e re ka ba sa itse tshiamo ya Modimo, e bile ba lekile go itlhomela tshiamo ya bone ka bosi, ga ba a ka ba ikokobeletsa tshiamo ya Modimo. 4Gonne Keresete ke bofelelo jwa molao gore tshiamo e bonwe ke mongwe le mongwe yo o dumelang; 5gonne Moše o kwadile a re: “Motho yo o dirisang tshiamo e e leng ka molao o tla tshela ka yona.” 6Mme tshiamo e e leng ka tumelo yona e bua jaana e a re: “O se ka wa bua mo pelong ya gago o a re: Ke mang yo o tla tlhatlogelang kwa legodimong?” Go re jalo ke go folosa Keresete teng; 7gongwe: “Ke mang yo o tla fologelang kwa botennye?” Go re jalo ke go tlhatlosa Keresete mo baswing. 8Mme e a reng? E a re: “Lefoko le gaufi nao, le mo molomong wa gago le mo pelong ya gago.” Ke lone Lefoko la tumelo le re le rerang. 9Gonne fa o ipolela ka molomo o re, Jesu ke Morena, o dumela ka pelo gore Modimo o mo tsositse mo baswing, o tla pholosiwa. 10Gonne go dumela ka pelo go isa motho tshiamong; go ipolela ka molomo go isa pholosong. 11Gonne Lokwalo lo a re: “Mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene ga a nke a tlhajwa ke ditlhong.” 12Kana ga go na pharologanyo mo Mojuteng le Mogerika; gonne ene ke Morena wa botlhe, o humetse botlhe ba ba mmitsang; 13gonne ga twe: “Mongwe le mongwe yo o tla bitsang leina la Morena o tla pholosiwa.”
14Jaanong ba ka bitsa jang yo ba iseng ba dumele mo go ene? Ba ka dumela jang ba ise ba utlwe ka ga gagwe? Ba ka utlwa jang go se na moreri? 15Ba ka rera jang ba sa rongwe? Jaaka go kwadilwe ga twe: “Kana di dintle jang ne dinao tsa bone ba ba rerang mafoko a a thabisang a a molemo!” 16Fela Efangele ga ba a ka ba e utlwisisa botlhe; gonne Jesaya a re: “Morena, ke mang yo o dumetseng thero e re e utlwileng?” 17Jaanong he, tumelo e tla ka thero, thero yona e tla ka taelo ya ga Keresete.
18Mme ka re: A ruri ga ba a ka ba utlwa? Ba utlwile; gonne
“Tumo ya bone bareri e ile
mo lefatsheng lotlhe,
mafoko a bone a ile
kwa mafelelong a lone.”
19Gape ka re: A ruri Baiseraele ga ba a ka ba tlhaloganya? Moše o buile pele a re:
“Ke tla lo tlhotlheleletsa
lefufeng
ka ba e seng morafe
wa Modimo,
ke lo gakatsa ka morafe
o o se nang tlhaloganyo.”
20Mme Jesaya o betile pelo a re:
“Ke bonywe ke bone
ba ba neng ba sa ntshenke,
ke senogetse ba ba neng
ba sa botse sepe ka ga me.”
21Mme ka ga Baiseraele gona o a re: “Ke otlololetse batho ba ba sa utlweng, ba ba ganetsang, mabogo letsatsi lotlhe.”

Currently Selected:

BAROMA 10: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy