YouVersion Logo
Search Icon

MIGA 4

4
Ka ga puso ya ga Keresete
1E tla re mo malatsing a bofelo,
thaba ya Ntlo ya Morena
e bo e tlhomame,
e okame dithaba,
e godisitswe kwa godimo
ga dithabana;
mme merafe e tla phuthegela
kwa go yona.
2Ditšhaba tse dintsi
di tla tloga di re:
“Tlayang a re tlhatlogeleng
kwa thabeng ya Morena,
kwa Ntlong ya Modimo
wa ga Jakobe,
gore o re rute ditsela tsa ona,
re tsamae mo ditselaneng tsa ona;
gonne molao
o tla tswa mo Sione,
Lefoko la Morena
le tswa kwa Jerusalema.”
3Mme o tla atlhola mo gare
ga merafe e mentsi,
a siamisetsa ditšhaba tse di thata
go ya go fitlha kwa kgakala.
Mme ba tla thula ditšhaka
tsa bone megoma,
ba fetola marumo a bone
disekele.
Setšhaba ga se nke se somola
tšhaka go tlhabana
le setšhaba se sengwe;
ga ba kitla ba tlhola ba ithuta
tsa tlhabano.
4Mongwe le mongwe o tla nna
fa tlase ga setlhare sa moweine
sa gagwe
le fa tlase ga setlhare sa feie
sa gagwe,
go se yo o tshosang;
gonne molomo wa Morena
wa masomosomo o buile jalo.
5Gonne morafe mongwe le mongwe o sepela mo leineng la modimo wa ona, mme rona re tla sepela mo leineng la Morena, Modimo wa rona, ka gale le ka bosakhutleng.
Baiseraele ba tla boa mo botshwarong
6 Morena a re: “Ka letsatsi leo ke tla phutha ba ba tlhotsang, ke kgobokanya ba ba lelekilweng le ba ke ba diretseng kotlo. 7Ba ba tlhotsang ke tla ba dira masalela; ba ba katoseditsweng kwa kgakala ke ba dira setšhaba se se thata. Mme Morena e tla nna kgosi ya bone mo thabeng ya Sione go tloga jaanong go ya bosakhutleng.”
8Mme wena sefata sa letsomane, wena thabana ya morwadia Sione, puso ele ya pele e tla fitlha mo go wena, e boela mo go wena, e leng bogosi jwa morwadia Jerusalema. 9Jaanong o goelang thata? Kgosi a ga e na nao? Gongwe a mogakolodi wa gago o nyeletse, mo e bileng o tshwerwe ke matlhoko jaaka mosadi yo o belegang? 10Segwa ke leralalo, morwadia Sione, jaaka mosadi yo o belegang. Gonne jaanong o tla tswa mo motseng, o nna mo nageng, o fitlha kwa Babele. Teng koo o tla pholosiwa; teng kwa Morena o tla go golola mo mabogong a baba ba gago. 11Morago ga moo ditšhaba tse dintsi di tla phuthega, di go tsogela di re: “A Sione a itshepololwe gore matlho a rona a mo lebe ka kgatlhego.” 12Mme bone ga ba itse megopolo ya Morena, ga ba lemoge maikaelelo a gagwe a gore o ba kgobokanya jaaka dingata tsa mabele mo seboaneng.
13“Tsoga o phothe, morwadia Sione! Gonne ke tla go direla dinaka tsa tshipi le ditlhako tsa kgotlho, mme o tla pšhwetlakanya merafe e mentsi, o fisetsa Morena papadi ya bone ya tshiamololo, Morena wa lefatshe lotlhe o mo fisetsa khumo ya bone.” 14Mme jaanong o tla pitlagana, morwadia makoko a ntwa. Mmaba o re dikanyeditse ka go kgobela mmu. Ba tla itaya moatlhodi wa Iseraele ka thupa mo lesameng.

Currently Selected:

MIGA 4: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy