YouVersion Logo
Search Icon

MIGA 3

3
Go kgalemelwa ditlhogo tsa morafe le baporofeti ba tsietso
1Ke ne ka re: “A ko lo utlweng, lona ditlhogo tsa Jakobe le lona dikgosana tsa Baiseraele! A ga lo a tshwanela go itse tshiamo? 2Lona ba lo ilang tse di molemo, lo ratang tse di bosula; ba lo buang batho letlalo, lo gagolang nama ya bone mo marapong; 3lona ba lo jeleng nama ya morafe wa me, lo ba apotse letlalo; lo ba robile marapo, lo a kgabetletse jaaka e kete a lokelwa mo pitseng, le jaaka nama fa e lokelwa mo pitseng.” 4Ka sebaka se sengwe ba tla goela kwa Moreneng, mme ga a nke a ba utlwa; o tla ba subela sefatlhego ka sebaka seo, gonne ba dirile ditiro tse di bosula.
5“Baporofeti ba ba timetsang morafe wa me, ba e a reng ba fiwa dijo, ba rere kagiso; mme yo o sa lokeleng sepe mo maganong a bone, ba mo tsosetsa ntwa e e boitshepo,” Morena o bua jaana ka ga bona a re: 6“Ka moo bosigo bo tla lo wela jo bo se nang pono le lefifi le le se nang boitseanape. Letsatsi le tla phirimela baporofeti, motshegare o tla nna montsho fela mo go bone.” 7Baboni ba tla tlhajwa ke ditlhong, baitseanape ba tlhabiwa ke kgala. Ba tla itshwara ditedu botlhe, gonne ga go na karabo epe ya Modimo.
8Mme nna ke tletse thata le Mowa wa Morena; ke tletse tshiamo le bopelokgale gore ke bolelele Jakobe tlolo ya gagwe le Iseraele boleo jwa gagwe. 9A ko lo utlwe fa, lona ditlhogo tsa ntlo ya Jakobe, le lona dikgosana tsa Baiseraele, ba lo tenwang ke tshiamo, ba lo sokamisang tsotlhe tse di siameng! 10Ke lona ba lo agang Sione ka go tsholola madi le Jerusalema ka tshiamololo. 11Ditlhogo tsa teng di atlhola ka ntlha ya thelesetso; baperesiti ba ruta ka ntlha ya tuelo; baporofeti ba teng ba bolela tsa boitseanape ka ntlha ya selefera. Mme ba ntse ba re ba ikanya Morena ba re: “Morena a ga a mo gare ga rona? Ga go na kotsi e e ka re welang.”
12Ka moo Sione o tla lengwa jaaka tshimo ka ntlha ya lona; Jerusalema o tla fetoga marope; thaba ya tempele e tla nna thota ya sekgwa fela.

Currently Selected:

MIGA 3: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy