YouVersion Logo
Search Icon

BAHEBERE 13

13
Dikaelo tsa mefutafuta
1A lorato lwa go rata badumedi-ka-rona lo tlhomame. 2Se lebaleng go tshola baeng; gonne ka go dira jalo bangwe ba kile ba tshola baengele, ba sa itse. 3Gopolang ba ba golegilweng, jaaka e kete lo golegilwe nabo, le ba ba direlwang bosula lo ba gopoleng lo le batho ba ba nang le mebele jaaka bone.
4A nyalano e tlotliwe mo go botlhe, mme bolao bo se kgotlelwe; gonne Modimo o tla atlhola diaka le ba ba senyang nyalano.
5A tsamao ya lona e se nne ya go rata madi; itumeleleng tse lo nang natso; gonne o buile ka osi wa re: “Ga nka ke ka go tlhokomologa le e seng go go tlogela ka gope.” 6Ke ka moo re tiang moko re re:
“Morena ke mothusi wa me,
ga nkitla ke boifa;
motho a ka ntirang?”
7Gopolang baruti ba lona ba ba lo boleletseng Lefoko la Modimo, elang bokhutlo jwa tsamao ya bone tlhoko, lo etse tumelo ya bone. 8Jesu Keresete o ntse a tshwana maabane le gompieno le ka bosakhutleng. 9Lo se ka lwa akgelwa kwa le kwa ke dithutothuto tsa seeng; gonne go molemo, fa pelo e tiisiwa ka bopelotlhomogi, e seng ka dijo tse di sa thuseng sepe bone ba ba neng ba phela ka fa melaong ya tsona.
10Re na le aletare e bone ba ba direlang Taberenakele ba sa letlelelwang go ja tsa yona. 11Gonne diphedi tse madi a tsona a isiwang ke moperesiti yo mogolo mo Felong-ga-Boitshepo ka ntlha ya maleo, ditoto tsa tsona di fisediwa kwa ntle ga bothibelelo ka molelo. 12Ke ka ntlha ya moo, fa le ene Jesu a bogile kwa ntle ga kgoro ya motse gore a itshepise batho ka madi a gagwe. 13Jalo he, a re tsweleng kwa go ene, kwa ntle ga bothibelelo, re sikare kgobo ya gagwe. 14Gonne mono ga re na motse wa tlhomamo, mme re batla o o tlang. 15Jalo he, a re isetseng Modimo ka gale tshupelo ya pako ka ene, e bong leungo la melomo e e ipolelang leina la gagwe. 16Mme go dira molemo le go atswana lo se ka lwa go lebala; gonne ditshupelo tse di ntseng jalo ke tse di kgatlhang Modimo.
17Utlwang baruti ba lona, lo ba ikokobeletse; gonne ba disitse mewa ya lona, e le ba ba tla ikarabelang, gore ba tle ba dire jalo ka boitumelo, e seng ka phegelo; gonne mo go ka bo go se molemo mo go lona.
18Lo re rapeleleng; gonne re ikaya gore re na le segakolodi se se molemo, ka re rata go tsamaya sentle mo go tsotlhe. 19Mme ke lo kgothatsa bogolo bogolo gore lo dire jalo gore ke tle ke busediwe koo go lona ka pele.
Ditshegofatso le ditumediso
20Mme Modimo wa kagiso o o ntshitseng Jesu Morena wa rona mo baswing, yo e leng modisa yo mogolo wa dinku ka madi a kgolagano e e sa khutleng, 21a o lo nonotshe mo go sengwe le sengwe se se siameng gore lo dirafatse thato ya ona o o dirang mo go lona se se o kgatlhang ka Jesu Keresete; a kgalalelo e nne ya gagwe ka bosakhutleng! Amen.
22Gape ke a lo rapela, ba ga etsho, ka re: A lo ke lo amogele lefoko leo la kgothatso; gonne ke lo kwaletse ka bokhutshwane. 23Itseng gore mokaulengwe wa rona Timotheo o golotswe; fa a ka tla ka bonako, ke tla tla nae koo go lo bona.
24Dumedisang bagogi botlhe ba lona le baitshepi botlhe. Ba e leng ba Italia ba a lo dumedisa.
25A bopelotlhomogi bo nne le lona lotlhe!

Currently Selected:

BAHEBERE 13: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy