YouVersion Logo
Search Icon

DOITERONOMIO 32

32
Sefela sa ga Moše
1“Heelang magodimo,
tlhwayang ditsebe, ke bolele;
heela lefatshe, reetsa dipolelo
tsa molomo wa me!
2A thuto ya me
e sarasare jaaka pula,
a polelo ya me
e rothe jaaka monyo;
e etse marothodi a pula
mo botalaneng
le jaaka pula ya medupe
mo morogong.
3Gonne ke tla baka leina
la Morena ke re:
Neelang Modimo wa rona
tlotlo.
4“Ke ene Lefika;
tiro ya gagwe e itekanetse;
gonne ditsela tsotlhe
tsa gagwe di siame.
Ke Modimo o o ikanyegang
o o se nang bokgopo;
o siame, o tlhamaletse.
5Ba o senyeditse.
Ga se bana ba one,
ba tshwana le tshubaba fela;
ke losika lo lo sokameng
lo lo kgopo gotlhe.
6A lo leboga Morena jalo,
lona morafe o o bosilo
o o se nang tlhaloganyo?
A ga se ene rraago
yo o go bopileng?
A ga se ene yo o go dirileng,
a go baakanya?
7“Gopolang
malatsi a bogologolo,
tlhokomelang dinyaga
tsa ditshika tsotlhe.
Botsa rraago, o tla go itsise,
le banna bagolo ba ga eno
ba tla go bolelela.
8E rile Mogodimodimo
a abela ditšhaba boswa,
ya re a kgaoganya
bana ba batho,
a sega melelwane ya merafe
ka fa palong ya Baiseraele.
9Gonne kabelo ya Morena
ke morafe wa gagwe;
Jakobe ke boswa jwa gagwe
jo bo lekantsweng.
10“A mmona mo lefatsheng
la sekaka,
fa go tobekanyeng mo selelong
sa naga ya dibata.
A mo agelela, a mmabalela,
a mo sireletsa
jaaka thaka ya leitlho
la gagwe,
11jaaka ntswi e tsosa bana
ba sentlhaga sa yona,
e kala godimo ga
mamphorwana a yona,
e tsharolola diphuka tsa yona,
e a tshola, e a rwala
mo diphukeng tsa yona.
12 Morena a mo tsamaisa
a le esi,
go se na modimo o sele nae.
13“A mo palamisa mafelo
a a godimo a lefatshe,
a mo jesa maungo a naga,
a mo nosa mafura a semana
mo lefikeng le lookwane
mo majweng a legakwa
14le madila a dikgomo
le mašwi a difutshane
mmogo le mafura
a dikwana le diphelehu;
a mo jesa dipoo tsa Basane
le diphoko,
mmogo le mabele
a a nonofileng,
wa nwa madi a maungo
a moweine,
weine e e lefulo.
15“Ješurune a nona,
a ja mokaragana –
wa nona, wa tswa mmele,
wa akola –
a tlhokomologa Modimo
o o mo dirileng,
a nyatsa lefika
la pholoso ya gagwe.
16Ba tsosa lefufa la ona
ka go direla medimo e sele,
ba o gakatsa ka makgapha.
17Ba tlhabela medemone
e e seng Modimo
le medimo
e ba neng ba sa e itse
e mešwa e e leng gona e tlang
e borraabo ba neng
ba sa e itse.
18O tlhokomologile lefika
le le go tsetseng,
wa lebala Modimo
o o go belegeng.
19“Ya re Morena a bona jalo,
a ba latlha,
a gakaletse bomorwawe
le bomorwadie.
20A re:
‘Ke tla ba subela
sefatlhego sa me,
ke bone gore ba tla felela kae;
gonne bone ke losika
lo lo sokameng gotlhe,
ke bana ba ba sa ikanyegeng.
21E re ka ba tsositse lefufa la
me ka tse e seng Modimo,
ba nkgakatsa ka medimo ya
bone ya boithamako,
le nna ke tla tsosa lefufa la
bone ka ba e seng morafe,
ke tla ba gakatsa ka setšhaba
se se bosilo.
22Gonne molelo o simolotse
go tuka ka bogale jwa me,
wa tuka go ya kwa felong
ga baswi kwa tlasetlase;
wa ja lefatshe
le tse le di tlhogisang,
wa tshuba metheo ya dithaba.
23“ ‘Ke tla ba kgobokanyetsa
masula,
ke tla feleletsa metsu ya me
mo go bone.
24E re ba feletswe ka tlala,
ba jegile ka go tuka bolelo
le ka malwetse a a galakang,
ke ba romele meno a dibata
mmogo le botlhole jwa dinoga
tse di gagabang mo leroleng.
25Ka kwa ntle tšhaka
e tla ba amoga ba ga bone
le therego ka mo matlwaneng,
makau mmogo le makgarebe
le masea le banna
ba babududu.
26Nka bo ke rile:
Ke tla ba budula,
ke khutlisa batho
go ba gopola,
27fa nka bo ke sa boifa
go nkgakatsa ga mmaba,
e se re gongwe bagateledi
ba bone ba fosa ba re:
Diatla tsa rona
di ne di le thata;
ga se Morena
yo o dirileng tsotlhe tse.’
28“Gonne Baiseraele ke
setšhaba se se latlhegetsweng
ke dikgakololo;
ga ba na tlhaloganyo.
29Fa ba ka bo ba tlhalefile,
ba ka bo ba tlhaloganya tseo,
ba lemoga
ka fa ba tla felang ka teng.
30Mmaba a le mongwe
o ka khutšhela jang
ba le sekete?
Ba le babedi
ba ka leleka jang ba le 10 000?
Kana ke go re,
Lefika la bone le ba rekisitse,
Morena o ba latlhile.
31Gonne lefika la bone ga le
tshwane le Lefika la rona;
le baba ba rona ba bua jalo.
32Gonne moweine wa bone
ke wa Sotoma
le wa masimo a moweine
a Gomora;
maungo a moweine a bone
ke a a botlhole,
ba na le masitlha a a galakang.
33Weine ya bone
ke botlhole jwa mokwepa
le botlhole jo bo setlhogo
jwa mabolobolo.
34“Tseo a ga di a bolokwa
fa go nna, tsa kanwa
mo mahumong a me
35go ya letsatsing la pusoloso
le tefetso,
go ya sebakeng se dinao tsa
bone di tla thekeselang ka sona?
Gonne letsatsi la tatlhego
ya bone le gaufi;
tse di tla ba welang
di a itlhaganela.
36Gonne Morena o tla direla
morafe wa gagwe tshiamo,
a utlwela batlhanka ba gagwe
botlhoko.
Gonne o tla bona,
fa thata e feleletse,
fa go feleletse yo o bofegileng
le yo o gololesegileng.
37 Morena o tla re: ‘Le kae
lefika le ba neng ba tshabela
kwa go lone,
medimo ya bone e kae
38e e neng e ja mafura
a ditlhabelo tsa bone,
e nwa weine ya tshupelo
ya noo ya bone.
A e nanoge, e lo thuse
gore e nne phemelo ya lona.
39“ ‘Bonang jaanong gore
ke nna tota Modimo
ke le nosi,
ga go na modimo ope
fa e se nna.
Ke nna ke bolayang,
ke be ke phedise.
Ke nna ke remagantseng,
ke tla ba ke alafa.
Ga go na ope yo o ka
pholosang mo seatleng sa me.
40Gonne ke tla tsholeletsa
letsogo kwa legodimong ke re:
Ka botshelo jwa me
jo bo sa khutleng!
41Fa ke looditse tšhaka ya me
e e phatsimang,
mme letsogo la me
le dirafatsa katlholo,
ke tla ipusolosetsa
mo babeng ba me,
ke betsa ba ba ntlhoileng.
42Metsu ya me
ke tla e tagisa madi,
madi a ba ba bolailweng
le a ba ba tshwerweng;
tšhaka ya me e tla ja nama
ya ditlhogo tsa balaodi
ba mmaba.’
43“Lona ditšhaba,
dudueletsang morafe wa gagwe;
gonne o tla busolosa
madi a batlhanka ba gagwe;
o tla ipusolosetsa
mo babeng ba gagwe,
a direla lefatshe la gagwe
le morafe wa gagwe thuanyo.”
44Moše a tla, a bolela mafoko otlhe a sefela se mo ditsebeng tsa morafe, ene le Hošea, morwa Nune.
Ditaelo tsa bofelo tsa ga Moše
45Jaanong ya re Moše a sena go bolelela Baiseraele botlhe mafoko otlhe ao, 46a ba raya a re: “Elang mafoko otlhe tlhoko a ke lo tlhagisang ka ona kajeno, a lo tshwanetseng go a laela bana ba lona gore ba tlhokomele go dirisa mafoko otlhe a molao o. 47Gonne ga se lefoko le le lolea mo go lona, mme ke lone botshelo jwa lona. Mme ka lefoko le lo tla leelefatsa malatsi mo lefatsheng le lo tla tshelang Joretane go ya go tsena mo go lone go le rua.”
48 Morena a ba a bua le Moše ka lone letsatsi leo a re: 49“Tlhatlogela mo dithabeng tsa Abarime tseno, e bong mo thabeng ya Nebo e e mo lefatsheng la Moabe ntlheng ya botlhabatsatsi ya Jerigo, o bone lefatshe la Kanana le ke tla le nayang Baiseraele go nna boswa; 50o swele gona mo thabeng e o tlhatlogelang mo go yona, o gorosiwe kwa morafeng wa gago, jaaka Arone mogoloo a ne a swela kwa thabeng ya Hore, a ba a gorosiwa kwa morafeng wa gagwe; 51ka go re, lo ntiretse ka boikanyologo mo gare ga Baiseraele kwa Metsing a Komano kwa Kateše sekakeng sa Tsine, ka lo se ka lwa intshepisa mo Baiseraeleng. 52Gonne o tla bona lefatshe le le fa pele ga gago, mme ga o kitla o tsena teng mo lefatsheng le ke tla le nayang Baiseraele.”

Currently Selected:

DOITERONOMIO 32: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy