YouVersion Logo
Search Icon

DITIRO 2

2
Go tshololwa ga Mowa o o Boitshepo
1E rile letsatsi la Pentekoste le tla, ba bo ba le mmogo botlhe felong go le gongwe. 2Ga utlwala ka tshoganyetso mosumo o o tswang legodimong, e kete wa ledimo le le tsubutlang, wa tlala ka ntlo yotlhe e ba nnang mo go yona. 3Ga ba ga bonala mo go bone diteme tse di kgaoganang, e kete dikgabo tsa molelo, tsa nna mo go mongwe le mongwe wa bone. 4Mme botlhe ba tlala Mowa o o Boitshepo, ba simolola go bua ka diteme di sele ka fa Mowa o ba buisang ka teng.
5Jaanong ga bo go agile Bajuta mo Jerusalema, e le banna ba ba boifang Modimo, ba tswa morafeng mongwe le mongwe o o fa tlase ga legodimo. 6Ya re mosumo oo o utlwala, batho ba bantsi ba phuthega, ba be ba feretlhega, ka mongwe le mongwe a utlwa ba bua ka puo ya ga gabo. 7Botlhe ba tseana, ba gakgamala, ba raana ba re: “Kana, ba ba buang ba, a ga se Bagalelea botlhe? 8Mme go ntse jang, fa mongwe le mongwe wa rona a utlwa ba bua mo puong ya gagwe e a tsaletsweng mo go yona? 9Re le Bapharatha le Bamedia le Baelame le ba ba agileng mo Mesopotamia le mo Jutea le mo Kapatokia le mo Ponto le mo Asia 10le mo Feregia le mo Pamefilia le mo Egepeto le kwa dintlheng tsa Lebia tikologong ya Kirene le baeng ba ba tswang kwa Roma, 11Bajuta le batlhabologi le Bakereta le Baarabia, re ba utlwa ba bua ditiro tse dikgolo tsa Modimo ka diteme tsa rona.” 12Ba tseana botlhe, ba akabala, ba raana ba re: “Kana dilo tse, di kaela kae?”
13Mme ba bangwe ba sotla ba re: “Ba kgotshe weine e e botshe.”
Thero ya ga Petoro
14Ke fa Petoro a ema le ba ba 11, a tsholetsa lentswe, a bua nabo a re: “Lona banna ba Jutea le lona lotlhe ba lo agileng mo Jerusalema, itseng selo se, lo tlhwaele mafoko a me tsebe: 15Gonne banna ba ga ba a tagwa jaaka lo itlhoma; kana e sa ntse e le nako ya robongwe mo mosong. 16Mme se ke se se builweng ke moporofeti Joele a re: 17‘Modimo wa re: E tla re ka malatsi a bofelo ke tshele Mowa wa me mo bathong botlhe; bomorwaa-lona le bomorwadia-lona ba tla itsise thato ya Modimo, makau a lona a tla lora ditoro. 18Ee, le mo batlhankeng ba me le mo malateng a me ke tla tshela Mowa wa me mo malatsing ao, mme ba tla itsise thato ya Modimo pele. 19Ke tla dira dikgakgamatso kwa godimo mo legodimong le ditshupo kwa tlase mo lefatsheng, e bong madi le molelo le dipinagare tsa musi. 20Letsatsi le tla fetolwa lefifi, ngwedi o tla fetolwa madi, letsatsi le legolo la Morena le le galalelang le ise le tle. 21Mme mongwe le mongwe yo o tla bitsang leina la Morena o tla pholosiwa.’
22“Lona banna ba Iseraele, utlwang mafoko a: Jesu wa Nasaretha, monna yo lo mo supeditsweng ke Modimo ka dinonofo le dikgakgamatso le ditshupo tse Modimo o di dirileng ka ene mo gare ga lona jaaka lo itse ka losi, 23ene yoo yo o neetsweng losong ka maikaelelo a a beilweng ke Modimo le ka kitsetsopele ya ona, lona lo mmapotse, lwa mmolaya ka diatla tsa baikepi; 24ke ene yo Modimo o mo tsositseng, o sena go funolola maralalo a loso; gonne go ne go sa kgonege gore lo mo golegele ruri. 25Gonne Dafita o ne a bua ka ga gagwe a re:
“ ‘Ke ne ke bona Morena
fa pele ga me ka gale,
ka a le ka fa letsogong la me
le le jang,
gore ke se theekele.
26Ka moo pelo ya me
e ne ya itumela,
loleme lwa me lwa ipela,
le yona nama ya me
e tla ikhutsa mo tsholofelong;
27gonne ga o kitla o tlogelela
felo ga baswi mowa wa me,
le gona ga o nke o leseletsa
Moitshepi wa gago
a senngwa ke go bola.
28O nkitsisitse ditsela tsa bophelo,
o tla ntlatsa boitumelo
ka sefatlhego sa gago.’
29“Banna ba ga etsho, nka bua le lona ka maikutlo a a phuthologileng ka ga Dafita rraetsho-mogolo gore o sule, a ba a fitlhwa, mme phupu ya gagwe e sa le mo go rona le gompieno. 30Jaanong e re ka e ne e le ene moporofeti, mme a itse gore Modimo o kile wa mo ikanela gore o tla nnisa Keresete yo e leng wa leungo la letheka la gagwe ka fa nameng mo sedulong sa gagwe sa bogosi, 31a bua ka ga tsogo ya ga Keresete ka go e bona pele gore mowa wa gagwe ga o a tlogelwa mo felong ga baswi, le yona nama ya gagwe ga e a senngwa ke go bola. 32Jesu yoo Modimo o mo tsositse, mme rona rotlhe re basupi ba gona. 33Jaanong o godisitswe ka letsogo le le jang la Modimo, a amogela Mowa o o Boitshepo mo go Rara o a o solofeditseng, a tshêla se jaanong lo se bonang, lo se utlwang. 34Gonne Dafita ga a a ka a tlhatlogela kwa magodimong, mme o bua a re:
“ ‘Morena o reile Morena wa me
a re:
Nna ka fa letsogong la me
le le jang,
35go ya ke be ke dire
baba ba gago
sebeo sa dinao tsa gago.’
36“Jaanong a lelapa lengwe le lengwe la Iseraele le itse ruri gore ene Jesu yo lo mmapotseng, Modimo o mo dirile Morena le Keresete.”
Phuthego ya ntlha
37E rile ba utlwa, ba tlhabega mo pelong, ba be ba raya Petoro le baapostolo ba bangwe ba re: “Banna ba ga etsho, re ka dirang?”
38Petoro a ba raya a re: “Tlhabologang, mme a mongwe le mongwe wa lona a kolobediwe ka leina la ga Jesu Keresete go bona boitshwarelo jwa dibe tsa lona, mme lo tla amogela neo ya Mowa o o Boitshepo; 39gonne tsholofetso e raya lona le bana ba lona le botlhe ba ba kwa kgakala, e bong botlhe ba Morena, Modimo wa rona, o tla ba ipiletsang.”
40A supa, a ba a ba kaela ka mafoko a mantsi a mangwe a re: “Ineeleng go pholosiwa, lo tswe mo mofuteng ono o o kgopo!” 41Ke fa ba ba amogetseng lefoko la gagwe ba kolobediwa, mme ka letsatsi leo phuthego ya oketsega ka batho ba ba ka nnang 3 000.
Bophelo jwa phuthego
42Ba nnela ruri mo thutong ya baapostolo le mo kopanong le mo nathoganyong ya senkgwe le mo merapelong. 43Poifo ya tshwara dipelo tsotlhe; dikgakgamatso le ditshupo di le dintsi di ne di dirwa ke baapostolo. 44Mme botlhe ba ba dumetseng ba utlwana, ba tlhakanela di-tsa-bone tsotlhe; 45ba rekisa dithuo le di-tsa-bone, ba abela botlhe ka fa mongwe le mongwe a tlhokang ka teng. 46Ba nnela ruri ka malatsi otlhe ka bongwefela jwa pelo mo Tempeleng, ba nathoganya senkgwe kwa le kwa mo matlong a bone, ba ja dijo ka boitumelo le bopelophepa, 47ba baka Modimo, ba bona botsalano mo bathong botlhe. Mme Morena a oketsa phuthego ka letsatsi le letsatsi ka ba ba pholosiwang.

Currently Selected:

DITIRO 2: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy