YouVersion Logo
Search Icon

1 TIMOTHEO 5

5
Batsofe le batlholagadi
1O se ka wa kgalemela monnamogolo, mme o mo kaele jaaka e kete ke rraago, 2le basadi-bagolo jaaka e kete ke bommaago, le ba bašwa jaaka e kete ke bokgaitsadio, ka boitsheko jotlhe.
3Batlholagadi ba e leng batlholagadi tota o ba tlotle. 4Mme fa motlholagadi a na le bana gongwe bana ba bana, a bao ba ithute go supa bodumedi pele mo go ba ga bone le go leboga batsadi ba bone; gonne seo ke se se kgatlhang Modimo. 5Mme ene yo e leng motlholagadi tota, a tlogetswe a le esi, o solofetse mo Modimong, o tswelela pele ka mekokotlelo le ka merapelo bosigo le motshegare; 6mme yo o phelelang dikgatlhego tsa gagwe ene o sule, le fa a ntse a phela. 7Dilo tseo le tsona o di ba laele gore ba nne ba ba se nang molato. 8Fa motho a sa tlamele ba ga gabo, bogolo ba e leng ba ntlo ya gagwe, o itatotse tumelo, o bosula bogolo go yo o sa dumeleng.
9A mo palong go kwalwe motlholagadi fela wa dinyaga tse di sa tlhaeleng 60, yo o neng e le mosadi wa monna a le mongwe fela, 10a na le tshupo ya ditiro tse di molemo tsa gore o godisitse bana, a tshola baeng, a tlhapisa baitshepi dinao, a thusa ba ba pitlagantsweng, a tlhokomela tiro nngwe le nngwe e e molemo.
11Batlholagadi ba e sa ntseng e le ba bašwa, o ba gane; gonne e a re fa ba fenngwa ke dikeletso mo go tlotlololang Keresete, ba rate go nyalwa, 12ba welwe ke katlholo ya gore ba dirolotse maikano a bone a pele. 13Mme le gona ba ineela botshwakga, ba tlwaela go tlhôtlhôma le malapa; mme ga se go tshwakgafala fela, e bile ke babalabadi le batshwenyi ba ba buang tse di sa tshwanelang. 14Ka ntlha ya moo ke batla gore batlholagadi ba e sa ntseng e le batho ba bašwa ba nyalwe, ba tshole bana, ba dise lelapa, gore ba se nee moganetsi lebaka la go kgoba. 15Gonne bangwe ba setse ba fapogile, ba latela Satane. 16Fa modumedi a na le batlholagadi, a a ba tlamele gore phuthego e se ka ya imediwa, yona e tlamele ba e leng batlholagadi tota.
Ka ga ditshwanelo tsa Bagolo le dikaelo tse dingwe
17Bagolo ba phuthego ba ba tshwereng tiro sentle a ba kaiwe ba tshwanetswe ke tlotlo e e menaganyeng, bogolo bone ba ba dirang ka lefoko le ka thuto; 18gonne Lokwalo lo a re: “Kgomo e e phothang o se ka wa e bofa molomo;” gape lo a re: “Modiri o tshwanetswe ke tuelo ya gagwe.” 19Fa mogolo wa phuthego a latofadiwa, se amogele tatofatso eo, fa e se ka basupi ba babedi gongwe ba bararo. 20Ba ba leofang o ba kgalemele fa pele ga botlhe gore ba bangwe le bone ba boife.
21Ke go laya fa pele ga Modimo le Keresete Jesu le baengele ba ba tlhaotsweng gore o tlhokomele dilo tseo; o se ka wa atlhola o ise o tlhotlhomise, o se dire sepe ka go gobelelela motho. 22O se ka wa baya motho ope diatla ka potlako, le gona o se ka wa itsenya mo maleong a batho ba bangwe. Wena o nne o itshekile.
23O se tlhole o nwa metsi fela, mme o nwe weinenyana ka ntlha ya mala a gago, le ka o fokola gantsi.
24Maleo a batho bangwe a itsege gotlhe, a ba etelela pele kwa katlholong, mme a ba bangwe a a ba latela. 25Go ntse jalo le ditiro tse di molemo, di itsege gotlhe; mme tse di sa itsegeng ga di ka ke tsa fitlhegela ruri.

Currently Selected:

1 TIMOTHEO 5: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy