YouVersion Logo
Search Icon

1 BAKORINTHE 1

1
Ditumediso le ditebogo
1Nna Paulo, moapostolo yo o biditsweng wa ga Jesu Keresete ka thato ya Modimo, le Sosethene mokaulengwe:
2Re kwalela phuthego ya Modimo ya kwa Korinthe, e bong ba ba itshepisitsweng mo go Keresete Jesu, baitshepi ba ba biditsweng, le bone botlhe ba ba bitsang leina la Morena wa rona Jesu Keresete mo mafelong otlhe a bone le a rona:
3A bopelotlhomogi bo nne le lona le kagiso tse di tswang go Modimo Rraetsho le mo go Morena Jesu Keresete!
4Ke ntse ke leboga Modimo wa me ka ga lona ka ntlha ya bopelotlhomogi jwa Modimo jo lo bo neilweng mo go Keresete Jesu, 5ka lo humisitswe ka ene ka tsotlhe, ka thuto yotlhe le ka kitso yotlhe, 6jaaka tshupo ya ga Keresete e tlhomamisitswe mo go lona, 7fa e bileng lo sa tlhoke neo epe, lo ntse lo lebeletse tshenogo ya Morena wa rona Jesu Keresete, 8yo e bileng a tla lo tlhomamisa go ya bokhutlong gore lo nne ba ba se nang molato ka letsatsi la Morena wa rona Jesu Keresete. 9Modimo o boikanyo, o lo bileditsweng ke ona go kopanngwa le Morwaa-ona Jesu Keresete, Morena wa rona.
Dikgaogano tsa phuthego ya Bakorinthe
10Ba ga etsho, ke lo rapela ka leina la Morena wa rona Jesu Keresete gore lo bue puo e le nngwe fela lotlhe, go se nne dikgaogano mo go lona, lo nne lo tshwaraganye ka boitlhômô bo le bongwe fela le ka kutlwano. 11Bakaulengwe ba me, kana ke begetswe ke ba ga Keloe ka ga lona gore go na le dikganetsanyo mo go lona; 12ke raya gore mongwe wa lona a re: “Nna ke wa ga Paulo;” yo mongwe a re: “Nna ke wa ga Apolo;” yo mongwe a re: “Nna ke wa ga Kefa;” yo mongwe a re: “Nna ke wa ga Keresete.” 13A Keresete o kgaogantswe naa? A Paulo o lo bapoletswe? Gongwe a lo kolobeditswe ka leina la ga Paulo?
14Ke leboga Modimo, ka ke sa kolobetsa ope wa lona fa e se Kerisepo le Gayo, 15gore go se nne ope yo o ka reng, lo kolobeditswe ka leina la ka. 16Le gale le ba ntlo ya ga Setefane ke ba kolobeditse; mme kwa ntle ga bao ga ke itse gore a go sa na le mongwe yo ke mo kolobeditseng.
Botlhale jwa Modimo le botlhale jwa lefatshe
17Gonne Keresete ga a nthoma gore ke kolobetse, mme e le gore ke rere Efangele, e seng ka botlhale jwa puo, gore sefapaano sa ga Keresete se se ka sa nna lefela.
18Gonne lefoko la sefapaano ke bosilo fela mo go bone ba ba latlhegang, mme mo go rona ba re pholosiwang ke thata ya Modimo; 19gonne go kwadilwe ga twe:
“Ke tla senya botlhale
jwa matlhale,
ke nyeletsa tlhaloganyo
ya batlhaloganyi.”
20Yo o botlhale o kae? Moitsedikwalo o kae? Motlhotlhomisi wa lefatshe leno o kae? A Modimo ga o a silofatsa botlhale jwa lefatshe leno?
21Gonne, e re ka lefatshe le se ka la tlhaloganya Modimo ka botlhale jwa lone ntlheng ya botlhale jwa one, Modimo wa kgatlhega go pholosa ba ba dumelang ka bosilo jwa thero. 22Kana Bajuta ba batla sesupo, Bagerika bone ba eletsa botlhale; 23mme rona re rera Keresete yo o bapotsweng, yo e leng sekgopi mo Bajuteng le bosilo mo Bagerikeng; 24mme mo go bone ba ba biditsweng, e bong Bajuta le Bagerika, re rera Keresete, yo e leng thata ya Modimo le botlhale jwa ona. 25Gonne se se kaiwang bosilo jwa Modimo ke botlhale jo bo gaisang jwa batho; le se se kaiwang bokoa jwa Modimo ke thata e e fetang ya batho.
26Ba ga etsho, a lo ke lo lebe go bidiwa ga lona: Ga go na batlhalefi ba bantsi mo go lona ka fa nameng, ga go na bathata ba bantsi, ga go na batlotlegi ba bantsi. 27Mme tse di kaiwang bosilo mo lefatsheng ke tsona tse Modimo o di itlhaoletseng gore o tlhabise matlhale ditlhong; le tse di kaiwang bokoa mo lefatsheng ke tse Modimo o di itlhaoletseng gore o tlhabise tse di thata ditlhong; 28le tse di se nang tlotlo mo lefatsheng le tse di nyatsegang, e bong tse e seng tsa sepe, ke tsona tse Modimo o di itlhaoletseng gore o nyeletse tse e leng tsa sengwe, 29gore go se nne ope wa nama yo o ka ipokang fa pele ga Modimo. 30Mme ke ka ona, fa lona lo le mo go Keresete Jesu, yo Modimo o mo re diretseng botlhale le tshiamo le boitshepiso le kgololo, 31gore go nne jaaka go kwadilwe ga twe: “Yo o ipokang a a ipoke ka Morena!”

Currently Selected:

1 BAKORINTHE 1: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy