Lenyalo Jaaka Modimo A Ne A Ikaeletse预览

Merero e Tlhano Ya Lenyalo
Go tlhaloganya go tlala seatla ka se Modimo a neng a se akantse fa a ne a tlhola tirisanommogo e e gakgamatsang, ya botshelo jotlhe fa gare ga monna le mosadi, go a thusa go akanyetsa merero e tlhano e e latelang ya lenyalo.
Morero wa ntlha ke Tirisanommogo, jaaka re setse re badile mo malatsing a le mmalwa a a fetileng. Atame o ne a na le dilo dingwe tse di molemo tota tse di neng di mo tsamaela kwa Tshimong ya Etene, pele ga Efa a goroga. Le fa go ntse jalo, go ne go se molemo gore a nne a le esi. Le fa a ne a lemoga kgotsa nnyaa, o ne a tlhoka mothusi le molekane yo o lekanang le ene mme a farologane.
Morero wa bobedi wa lenyalo ke Tsalo. Modimo o ne a segofatsa Atame le Efa, a ba bolelela gore ba nne le bana, ba ba neng ba tla tswelela ba nna le bana ba bangwe, mme ka jalo ba tlatsa lefatshe. Ka mabaka a a farologaneng, ga se banyalani botlhe ba ba nang le bana, mme lenyalo le lelapa ke thulaganyo e e siameng ya Modimo ya go bopa batho.
Morero wa boraro wa lenyalo ke Kgoeletso. Lenyalo ke letshwao le le tshelang le le hemang la ga Keresete le kereke. Ka jalo, go nnela ruri, kutlwano, le botsalano jo bo atamalaneng di botlhokwa thata mo lenyalong, fa re akanya ka pitso e re nang le yone ya go bontsha lerato lwa ga Jesu le boineelo jwa gagwe mo lefatsheng ka manyalo a rona.
Morero wa bone wa lenyalo ke Bophepa. Mpho e e gakgamatsang ya Modimo ya tlhakanelodikobo e ne e diretswe go phuthololwa fela mo teng ga pabalesego le boitshepo jwa lenyalo. Lenyalo ke tsela e Modimo are beetseng yone go re sireletsa mo lesweng le mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.
Morero wa botlhano wa lenyalo ke Monate (o o golaganang le Bophepa). Nngwe ya masego a a molemolemo a lenyalo ke tshiamelo ya go itumelela go kopana ga mmele mo maemong a a babalesegileng, a a sireletsegileng le a a tlhomameng. Ga o kitla o bulega le go itsege jaaka fa o tlhakanela dikobo le mongwe, mme lenyalo le tlamela ka seo mo tikologong e e tshepegang le e e lerato. Ke ka moo go sa ikanyegeng go segang kwa teng jaana. Ke go tsietsa motho yo o ntseng o ratana le ene thata.
Lenyalo ke mpho e e molemo tota ka gonne e tswa kwa Mmoping wa rona yo o penologang ka molemo. Rotlhe re tshwanetse go batla ditsela tsa go tlotla lenyalo – ka fao re buang ka lone ka teng, ka fao re le latelang ka teng, ka fao re tshelang ka teng mo go lone, le ka fao re rotloetsang bao ba leng mo go lone ka teng. Re tshwanetse go dira seno ka gonne lenyalo le tswa kwa Modimong, mme le bua ka Modimo. Gape ke tsela e le nngwe ya maitlamo a botshelo jotlhe mo mothong a le mongwe ka boikanyegi le lerato – setshwantsho sa lerato la ga Keresete mo, le go itlama go, Kerekeng ya Gagwe. A kgalalelo e nne go Modimo, mpho e kgolo e a e abileng.
读经计划介绍

Le fa o le mo lenyalong kgotsa o batla go nyala, thulaganyo eno ya go bala ya malatsi a le mararo e tla go thusa go tlhaloganya thulaganyo e e molemo ya Modimo ya boineelo jwa botshelo jotlhe jwa monna le mosadi. Ithute go tshwantsha lorato la ga Jeso mo monyadiweng wa gagwe, kereke, ka go sekaseka ditlhogo tsa tirisanommogo, tsalo, kgoeletso, bophepa, le monate.
More