Tsela ya Modimo e e isang kwa Katlegong预览

Tsela ya Modimo e e isang kwa Katlegong

3天中的第2天

Go Akanya ka Lefoko

Morena o boleletse Joshua gore a se ke a letlelela Lefoko la Gagwe go tloga mo molomong wa ga Joshua. Joshua o ne a tshwanetse go akanya ka lone motshegare le bosigo le go dira dilo tsotlhe tse di kwadilweng mo go lone, gore a kgone go atlega le go natefelwa ke katlego. Thuto eno e gatelela botlhokwa jwa se re se ithutileng maabane ka go sa tsamaye mo kgakololong ya baikepi mme re tshwanetse go akanya ka gale ka Lefoko la Modimo.

Sengwe le sengwe se re dumelang mo go sone mo botshelong se laola ditiro tsa rona, ka jalo re tshwanetse go nna mo Lefokong go fitlhela le nna boammaaruri jo re ka se bo ikgatoloseng jwa matshelo a rona. Re tshwanetse go leba bogolo, tshiamo, le bontle jwa Morena go fitlhela re kgona sa dire sepe se sengwe ntle le go tsamaya mo ditseleng tsa Gagwe.

A o batla go natefelwa ke tshegofatso ya Modimo mo botshelong jwa gago? Jalo nna mo Lefokong la One. Fa o tswelela go makadiwa ke se Keresete o go se diretseng, o tlaa natefelwa ke kagiso ya mmatota go tswa mo Modimong le phenyo mo dilong tsotlhe go ya ka thato ya One.

Thapelo: Morena yo o rategang, lerato, maatla, le tshiamo ya Gago di digolo. Ke rapela gore o O nthuse go tswelela go akanya ka Lefoko la Gago ka metlha yotlhe ya botshelo jwa me. Ke a rapela mo leing la ga Jesu, Amen.

读经计划介绍

Tsela ya Modimo e e isang kwa Katlegong

Fa re ithuta Lefoko la Modimo, re akanya ka lone le go tshela go ya ka lone, O re bontsha tselana ya go nna le ditshegofatso le go ungwa maungo.

More