Tshiamo le Bogolo jwa Modimo预览

Go galaletsa Kgosi
Dikgosi di le mmalwa thata tsa lefatshe di itse Modimo kgotsa di amogela boammaaruri jwa gore One ka nosi o na le maatla otlhe le taolo. Gantsi ga ba kgathalelele go reetsa mafoko a Modimo, ba rata go laola jaaka e kete ke bone medimo, go na le go obamela yo o kwa godimo ga magodimo ka boikokobetso.
Modimo o re o direlang o feta kgosi nngwe le nngwe kgotsa mmuso mongwe le mongwe. Dikgosi tse dingwe tsotlhe di tlaa roroma ka letsatsi lengwe mo pele ga Setilo sa One. Mmuso le borena jwa Modimo wa rona ke tsa bosakhutleng fa mebuso ya lefatshe e tlaa fela.
A re rapelele dikgosi tsa rona ka tsholofelo le ka tumelo e kgolo, gore ba tle ba utlwe boammaaruri, ba latofaditswe ka Mowa o o Boitshepo, mme ba boele mo Modimong ka boikotlhao. Jalo ba tlaa opelela Modimo dikgalaletso ka boitumelo.
Thapelo: Morena yo o Rategang, ke motlotlo go bidiwa ngwana wa Gago. A kgalalelo le lerato di tlatse pelo ya me. Ke rapela gore dikgosi tsotlhe tsa lefatshe di opele tshiamo ya Gago. Ke rapela mo leineng la ga Jesu, Amen.