Baba ba re Lebaganeng le Bone预览

Lefatshe
Boakafadi jwa semowa ke go nyalana le Keresete mme ba rata lefatshe. Mo Tesetamenteng yotlhe ya Bogologolo, Modimo o bua ka kobamelo ya medimo ya diseto ya Iseraele jaaka boakafadi gonne medimo ya diseto ya batho ba One e ne e Mo tseetse boineelo jwa bone. Badumedi ba ka nna jang le botsalano le lefatshe fa ba tlositswe mo lefatsheng? Re bapoletswe lefatshe mme lefatshe le bapoletswe rona.
Jaaka badumedi, re tlhoka go leka go thibela go tsena mo kamanong e e seng ya semolao le lefatshe. Ka gotlhegotlhe, re tshwanetse go efoga go rata lefatshe, go leswefadiwa ke lefatshe, le go latela tsa lefatshe, gore re se ke ra lelela Mowa o o Boitshepo o o tlhologelelwang go lerato la rona.
Fa re bua ka lefatshe mo seemong seno ga re reye polanete ya rona e e bopilweng kgotsa lefatshe ka kakaretso. Re raya dilo tsotlhe tse di tsamaisanang le mokgwa o o atileng wa botlhokamodimo o o anameng gotlhe mo re teng – ditiro le maitshwaro a a tlhagelelang fa batho ba le mo tlase ga taolo ya ga Satane. Re tshwanetse go rata batho ba lefatshe fela jaaka Keresete a re ratile, mme re tshwanetse go ila boleo.
Thapelo: Morena yo o Rategang, ke go lebogela lerato la Gago. O sa ntse o nthatile le fa ke ne ke tsamaya mo ditseleng tsa lefatshe. A lerato la Gago le le sa khutleng le age mo pelong ya me, gore ke tle ke rate le go tshelela wena fela. Ke rapela mo leineng la ga Jesu, Amen.
读经计划介绍

Leano leno la puiso la malatsi a le mararo le bula matlho a rona go bona boammaaruri jwa gore fa re neela Modimo matshelo a rona, re tsena mo ntweng le lefatshe, nama, le diabolo. Le fa re le dibopiwa tse dintšha mo go Keresete e bile re amogetse Mowa o o Boitshepo, re sa ntse re tlhoka go nna le maano a go lebagana le baba bano ba mmatota.
More