Pharologantsho ya Motlhanka wa Modimo预览

Pharologantsho ya Motlhanka wa Modimo

3天中的第3天

Leboga

Ka gongwe re tlwaetse thata go bolelelwa gore re itumele, re rapele, mme re leboge gore ga re sa tlhole re kgatlhegela sepe, re lebala gore ditiro tseno di botlhokwa mo botshelong jwa Sekeresete. Jaaka badumedi ba ba tsamayang le Morena re tshwanetse go tswelela go nna mo bokopanong le Ene, mme seo se tshwanetse go re thusa go bona mabaka a mantsi a re nang le one a go itumela le go leboga letsatsi lotlhe.

Mo nageng, Baiseraele ba ne ba ngongorega le go ngunanguna ka Morena, moo go neng ga galefisa Modimo gonne bana ba One ba tshwanetse go itsege ka tebogo. Re ka nna ra feta mo dipitlaganong le dikgwetlho letsatsi le letsatsi, mme go sa ntse go na le mabaka a go leboga Modimo. Go tshela le go hema ka bogone go lekane gore go lebogiwe. Re ka nna ra re, “Ga ke na seno,” kgotsa “Ga ke na sele,” le go tla ka mabaka a mantsi a go se leboge, mme jaaka batlhanka ba Modimo dipelo tsa rona di tshwanetse go tlala tebogo, segolo bogolo e seng ka gore Jesu o re swetse mo sefapaanong, a netefatsa poloko ya rona ya bosakhutleng, mme ka gore O a boa gape. A re Mo leboge!

Thapelo: Ke a leboga, Morena, go bidiwa wa Gago. Nka tswa ke se na dilo tsotlhe tse ke di batlang kgotsa tse ke di tlhokang, mme fela pelo ya me e Go lebogela go nna Morena wa me. O tsotlhe tse ke di tlhokang, Morena. A o tlotliwe le go galalediwa! Ke rapela mo leineng le le maatla la ga Jesu, Amen.

读经计划介绍

Pharologantsho ya Motlhanka wa Modimo

Leano leno la puiso la malatsi a le mararo le re kgalema le go re laela gore re tshele jang malebana le go boa ga ga Keresete.

More