Esetere预览

Esetere

4天中的第1天

Buka ya Esetere ga e umake leina la Modimo. Go na le moo e tlhalosang ka kgosi e go bonalang e tshotse maemo a boModimo. Ahasewerose, kgosi ya Peresia, o direla babusi, boradipolotiki le batlhanka ba gagwe botlhe mokete o mogolo. Go bonala gore Ahasewerose one a na le maatla, dikhumo le kgalalelo tse di sa tshwaneng le tsa ga ope. Baeteledipele ba Peresia ba ne ba nwa le go ja le kgosi ya bone ka malatsi a a ka nna 187. Ahasewerose o tshwana le modimo ka bopelotshweu le letlotlo la gagwe. Le ntlo ya bogosi ya ga Ahasewerose e lebega e le ya bomodimo. E bile, lefelo le le lengwe mo Dikwalong le le gaisanang le la ga Ahasewerose ka bontle, le mebala e mentle ke tempele ya Modimo.

Bopaki jwa bofelo jo bo bontshang maemo a gagwe a a kwa godimo, Ahasewerosea o bitsa mohumagadi wa gagwe, Wasethi, gore a tle go bontsha bontle jwa gagwe fa pele ga dikgosana tsa bogosi jwa gagwe. Mme o gana go tshameka karolo ya gagwe mo motshamekong o mogolo wa go ikgantsha wa monna wa gagwe. Ahasewerose one a a galefisiwa ke gore borenajwa gagwe bo ne Jwa ganediwa phatlalatsa, mme a bitsa banna ba gagwe ba ba botlhale gore batle go rarabolola bothata joo. Ba bua gore basadi ba batlhankedi ba ga Ahasewerose ba tla tlhotlheletsa banna ba bone gore ba nyatse borena jwa ga Ahasewerose, fela jaaka Wasethi a dirile . Le fa e le gore Ahasewerose o ne a na le maatla a a tshwanang le a Modimo, borena Jwa gagwe bo ne bo le bokoa bo koafaditswe ke mosadi a le mongwe fela. Ahasewerose o ne a tsaya maele a banna ba gagwe ba ba botlhale, a koba Wasethi a ikaelela go batla mongwe yo o boineelo mo maemomg a gagwe.

Makawana a kgotla ya gagwe a nna le leano la gore go nne le kgaisano ya go tlhopha mohumagadi yo montšha. Go sa tshwaneng le Wasethi , makgarebe a bogosi a iseng a kgongwe a tla go bontsha bontle jwa bone fa pele ga kgosi, morago Ahasewerose a tle go supa gore o tshwana le Modimo ka taolo, a supa ka bongwe ka bongwe mo go bone, mosadi mongwe yo a neng a mo 'itumedisa' thata o ne a tla nna mohumagadi yo montšha. Ahasewerose o rata kgopolo eno.

Mme mongwe wa basadi ba ba neng ba akarediwa mo leanong la ga Ahasewerose ne e le kgarebe la Mojuta a bitswa Esetere. Fela jaaka baperesiti ba Iseraele ba ne ba ipaakanyetsa go tsena mo tempeleng ya Modimo, Esetere le ene o ne a ipaakanyetsa go tsena mo phaposing ya borobalo ya ga Ahasewerose. Mme fa Ahasewerose a mmitsa gore a tle go supa gore o na le taolo, a dirwa kgosigadi ya kwa Peresia. Ahasewerose o ne a dira mokete o mongwe gape mme mmuso otlhe wa itemogela bopelotshweu jo bo tshwanang le jwa Modimo jwa kgosi ya bone.

Ga go umakiwe ka Modimo mo bukeng eno ya ga Esetere. Mo boemong jwa gagwe, re newa Modimo yo o ikganetsang yo e leng Ahasewerose. O na le bopelontle, mme a le bogale. Moeteledipele yo o nang le taolo, yo e leng gore melao ya gagwe e agelwa mosako, mme e le fela fa e kwadilwe ke ba bangwe morago ga go nwa. Mmusimogolo yo maatla a gagwe a leng bokoa thata mo diatleng tsa makgarebe a o neng a akanya gore a ka a dirisa. Go se kgale, Esetere o tla bo a fetola nngwe ya melao ya ga Ahasewerose eo e leng gore ga e fetolwe. Bopaki jwa gore Ahasewerose ne e le Modimo bo bolaisa ditshego tota mo e leng gore re gapelesega go ipotsa gore a Modimo yo o sa bonaleng yo wa Bajuta ke ene a kwalang metlae eno tota.

Pene ya Modimo e e sa bonaleng go le gantsi e tlhopha basadi ba go sa sofolelwang gore ba ka kgona go dirolola dipolao tse di setlhogo tsa mebuso e e bosula. Wasethi le Esetere ke mafoko a Modimo a a sa tswang go a dirisa go tlhasela mebuso e e bokoa e tshwana le Peresia. Le poloko ya rona mo go Jesu go tswa mo pusong e kgolo ya Boleo le Loso e simolola ka tlhopo ya Modimo ya lekgarebe le le lengwe la Mojuta le le bidiwang Maria. Fela jaaka Wasethi le Esetere, ene ke sesupo sa gore mebuso e tla phutlhama. Maria o opela gore kimo ya gagwe e kaya bokhutlo jwa tsamaiso ya lefatshe jaaka e ne e dutse. Mme moengele o ne a bua gore ngwana wa ga Maria o tla busa jaaka Kgosi go ya bosakhutleng.

Ngwana wa ga Maria ke Jesu. Go farologana le Ahasewerose, Jesu ga se kgosi e e itirang e kete e na le maatla otlhe, ke Modimo yo o tsayang bokoa jwa batho. Mme fela jaaka Esetere a ne a isiwa kwa phaposing ya borobalo ya Kgosi, Jesu o ne a apolwa mme a latlhelwa mo lebitleng jaaka Dikgosi tsa lefatshe di bintsha ttaolo ya tsona. Mme fela jaaka Esetere a ne a tsoga mo bolaong jwa gagwe mme a rwesitswe serwalo sa bogosi sa go nna kgosigadi, Jesu le ene o ne a tsoga mo baswing a rwesitswe serwalo sa bogosi sa go nna Kgosi ya boammaaruri e le yone fela e e nang le maatla otlhe. E seng jaaka Ahasewerose, Jesu ga a dirise maatla a gagwe go laola batho ba ba bokoa, mme o tlhoma Bogosi jo bo tla direlang batho ba gagwe molemo ka dinako tsotlhe. Modimo wa ga Esetere yo o sa umakiweng ka leina o busa ka bosakhutleng. Tota le gone jaanong, mo lefatsheng le go bonalang e kete ga a yo mo go lone, Modimo o sa ntse a kwala ditlhamane a bo a tlhopha ba bannye le ba ba sa reng sepe go nyeletsa ba ba ikgodisang le ba ba ikgogomosang.

E kete Mowa o o Boitshepo o ka go thusa go bona Modimo yo gantsi go lebegang o ka re gaa bonale. Mme e kete o ka bona Jesu e le Morwa wa ga Maria yo o tlileng go menola mebuso ya lefatshe.

读经计划介绍

Esetere

Kgang ya ga Esetere e e kgatlhang, e utulolwa mo thulaganyong eno ya malatsi a le mane ya go buisa, e supetsa jaaka Jesu a intshitse setlhabelo go re golola. Le fa leina la Modimo le sa umakiwe mo bukeng e, Borena jwa gagwe mo ditiragalong ga bo ganetsege, mme bopelokgale le bopelotshweu jwa ga Esetere bo bontsha lorato le thomo ya Gagwe ya go tlisa Tshepo mo lefatsheng.

More