1
GENESI 22:14
Setswana 1970
TSW70
Aborahame a taya felo foo leina a re: “MORENA-o-bonye”; ke ka moo ba sa ntseng ba bua ba re: “Mo thabeng ya MORENA-o-bonye.”
Karşılaştır
GENESI 22:14 keşfedin
2
GENESI 22:2
Ke fa o re: “A ko o tsee morwao yo o esi yo ò mo ratang, ene Isaka, o ye kwa nageng ya Moria, o mo dire setlhabelo sa phiso teng mo go nngwe ya dithaba e ke tla e go supetsang.”
GENESI 22:2 keşfedin
3
GENESI 22:12
A re: “O se ka wa baya letsogo mo mosimaneng, se mo dire sepe! Gonne jaanong ke a itse gore o boifa Modimo, ka o sa nkganela ka morwao yo o esi.”
GENESI 22:12 keşfedin
4
GENESI 22:8
Aborahame a araba a re: “Morwaaka, Modimo o tla ipatlela kwana ya setlhabelo sa phiso.” Bona babedi ba sepela mmogo jalo.
GENESI 22:8 keşfedin
5
GENESI 22:17-18
ke tla go tshegofatsa thata, losika lwa gago ke tla lo ntsifatsa gagolo jaaka dinaledi tsa legodimo le jaaka motlhaba o o fa losing lwa lewatle. Losika lwa gago lo tla thopa metse ya baba ba lone. Ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tla tshegofadiwa ka losika lwa gago, ka ntlha ya gore o utlwile lentswe la me.”
GENESI 22:17-18 keşfedin
6
GENESI 22:1
E rile morago ga ditirafalo tse, Modimo wa leka Aborahame, wa mo raya wa re: “Aborahame!” A araba a re: “Ke fano.”
GENESI 22:1 keşfedin
7
GENESI 22:11
Ke fa moengele wa MORENA a mmitsa a le kwa legodimong a re: “Aborahame! Aborahame!” A araba a re: “Ke fano!”
GENESI 22:11 keşfedin
8
GENESI 22:15-16
Moengele wa MORENA a bitsa Aborahame la bobedi a le kwa legodimong a re: “MORENA a re: Ke ikanne ka nna ka re: E re ka o dirile jalo, o sa nkganela ka morwao yo o esi
GENESI 22:15-16 keşfedin
9
GENESI 22:9
Ya re ba sena go fitlha kwa felong fa Modimo o go mmoleletseng, Aborahame a aga aletare teng, a aletsa dikgong, a bofa Isaka morwawe, a mmaya mo aletareng mo godimo ga dikgong.
GENESI 22:9 keşfedin