YouVersion Logo
Search Icon

NEHEMIA 1

1
Nehemia o rapelela Jerusalema
1Mafoko a ga Nehemia morwa Hakalia. Jaana ga dirala e rile ka kgwedi ya Kiselefe, ka ngwaga wa 20, ka bo ke le mo Shušane motse wa kgosi. 2Ga tla Hanani, mongwe wa bana ba ga rre, a tla le banna bangwe ba ba tswang kwa Juta; mme ka ba botsa ka ga Bajuta ba ba neng ba falotse, ba ba setseng ba botshwaro, le ka ga Jerusalema.
3Ba nthaya ba re: “Masalela a a setseng a ba botshwaro gone kwa kgaolong ele ya lefatshe, ba mo pitlaganong e kgolo le kgobo; le lone lorako lwa Jerusalema lo rutlilwe, le ditswalo tsa one di fisitswe ka molelo.”
4Mme ga dirala ya re ke sena go utlwa mafoko ao, ka dula, ka lela, ka hutsafala ka malatsi mangwe; ka ikitsa go ja, ka rapela fa pele ga Modimo wa legodimo. 5Ka re: “Ke a go rapela, Morena Modimo wa legodimo, Modimo o mogolo o o boitshegang, o o tshegeletsang ba ba o ratang le batshegetsi ba ditaolo tsa one kgolagano le boutlwelobotlhoko.
6“A jaana tsebe ya gago e sekegwe, matlho a gago a buduloge, gore o tle o reetse morapelo wa motlhanka wa gago, o ke o rapelang fa pele ga gago mo lobakeng lono, motshegare le bosigo, ka ga bana ba Iseraele, batlhanka ba gago, ka ke bolela maleo a bana ba Iseraele, a re a leofileng fa pele ga gago. Ee, nna le ba ntlo ya ga rre re leofile. 7Re go diretse ka mo go bodileng thata, ga re a tshegetsa ditaolo, le fa e le ditao, le fa e le dikatlholo tse o di laoletseng motlhanka wa gago Moše.
8 “Ke a go rapela, o tle o gakologelwe lefoko le o le laoletseng motlhanka wa gago Moše, wa re: ‘Fa lo tlola, ke tlaa lo falaletsa mo ditšhabeng. 9 Fa lo boela mo go nna, mme lo tshegetsa ditaolo tsa me lo di dira, le fa bafaladi ba lona ba tlaa bo ba le kwa dikhutlong tsa legodimo, le fa go ntse jalo ke tlaa ba phutha gone, ke ba lere mo felong fa ke go itshenketseng go tla ke agisa leina la me teng.’
10“Jaana ba, ke batlhanka ba gago le batho ba gago, ba o ba rekolotseng ka thata ya gago e kgolo, le ka letsogo la gago le le thata. 11Ke a go rapela Morena, a jaana tsebe ya gago e sekegelwe morapelo wa motlhanka wa gago le morapelo wa batlhanka ba gago, ba ba itumelang mo go boifeng leina la gago; ke a go rapela, o tle o tlhogonolofatse motlhanka wa gago gompieno, mo neye boutlwelobotlhoko mo ponong ya monna yo.” (Le gale ka bo ke le motshola-phafana wa kgosi.)

Currently Selected:

NEHEMIA 1: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy