YouVersion Logo
Search Icon

MAREKO 9

9
1A ba raya a re: “Ammaaruri ke a lo raya, go na le bangwe mo go ba ba emeng fa, ba ba se ketlang ba utlwa loso gope, ba ise ba bone bogosi jwa Modimo bo tla ka nonofo pele.”
Tshwanologo ya ponalo
(Math 17:1-13; Luke 9:28-36)
2 Ya re malatsi a le marataro a sena go feta, Jesu a tsaya Petere, le Jakobe, le Johane, a tlhatlogela nabo mo thabeng e e godileng, kwa thoko ba le bosi; mme a ya a fetoga ponalo fa pele ga bone; 3diaparo tsa gagwe tsa tsabakela, tsa nna bosweu thata; mo go se nang mosweufatsi ope mo lefatsheng yo o ka di sweufatsang jalo. 4Mme ga bonala kwa go bone Elija a na le Moše; mme ba ba ba bua le Jesu. 5Petere a bua a raya Jesu a re: “Moruti, go molemo go rona go nna fa; o mme re dire metlaagana e le meraro: mongwe e nne wa gago, mongwe e nne wa ga Moše, o mongwe e nne wa ga Elija.” 6Gonne a sa itse se o ka se buang, ka ba ne ba boifa thata.
7 Mme ga tla leru la ba tshutifalela; mme ga tswa lentswe mo lerung la re: “Yo ke Morwaake yo o rategang, utlwang ene.” 8Ka tshoganetso ba leba ka fa le ka fa, mme ba se ka ba tlhola ba bona ope, fa e se go ipona ba le bosi fela le Jesu.
9Ya re ba fologa mo thabeng, a ba laya gore ba se bolelele ope dilo tse ba di bonyeng, fa e se mo lobakeng lo Morwa Motho o tlaa bong a setse a tsogile mo losong ka lone.
10Ba tshegetsa lefoko leo, ba botsanya gore, go ba go tsoga mo baswing go ka ne go kaya eng? 11 Mme ba mmotsa, ba re: “Bakwadi ba reng fa ba re, Elija o na le go tla pele?”
12A ba raya a re: “Ruri Elija o tla pele, mme o tsosolosa dilo tsotlhe. Go kwadilwe jang ka ga Morwa Motho fa a tlaa boga dilo di le dintsi, a ba a nyadiwa? 13Ke a lo raya ka re, Elija o setse a tsile, mme ba bile ba mo diretse jaaka ba rata, fela jaaka go kwadilwe ka ga gagwe.”
Jesu o fodisa mosimane yo o karalalang
(Math 17:14-21; Luke 9:43-45)
14Ya re ba tla mo barutweng, ba fitlhela bontsi jo bogolo jwa batho bo ba dikanyeditse, le bakwadi ba tatalalanye nabo. 15Fela ka bonako ya re batho ba bantsi botlhe ba mmona, ba gakgamala thata, ba tabogela kwa go ene, ba mo dumedisa. 16Mme a ba botsa a re: “Lo tatalanetseng nabo?”
17Mongwe wa bontsi a mo fetola a re: “Moruti, ke lerile morwaake kwa go wena; o na le mowa wa semumu. 18Gongwe le gongwe kwa o mo tshwarang teng, o mo piriganyetsa fa fatshe; mme a phoke mafulo, a phuranye meno, a kwatlalale. Mme ke buile le barutwa ba gago gore ba o kgoromeletse ntle, mme ba palelwa.”
19A bua nabo a re: “Ao! a losika lo lo se nang tumelo ke lona, ke tlaa nna le lona goleele go le kae? Ke tlaa lo itshokela goleele go le kae? Mo lereng kwano go nna.” 20Ba mo isa kwa go ene; mme ya re a mmona ka bonako mowa wa mo tsibiketsa mo go botlhoko; mme a wela fa fatshe a bidikama, a phoka mafulo. 21Mme a botsa rraagwe a re: “Go fetile lobaka lo lokae, golo mo go sena go tlaa mo go ene?” Mme a re: “E sa le ka bonyana jwa gagwe. 22Gantsintsi o mo digetse mo molelong le mo metsing go mo senya; mme fa o nonofile go dira sengwe, o re tlhomogele pelo, o re thuse.”
23Jesu a mo raya a re: “Wa re: ‘Fa o nonofile!’ Aitse dilo tsotlhe di ka diralela yo o dumelang.”
24Foo rra ngwana a goa a re: “Ke a dumela; thusa go tlhoka go dumela ga me.”
25Ya re Jesu a bona fa bontsi jwa batho bo tabogela mmogo teng, a kgalemela mowa o o maswe a re: “Wena mowa wa semumu, o o bosusu, ke a go laola, tswa mo go ene, mme o se ka wa tlhola o tsena mo go ene.”
26Ya re o sena go goa, le go mo tsibiketsa thata, wa tswa, mme ngwana a nna jaaka moswi fela; bontsi jwa batho jwa ba jwa tla jwa re: “O sule.” 27Mme Jesu a mo tshwara ka seatla, a mo kakatlolola, mme a ema.
28Ya re a sena go tsena mo ntlong, barutwa ba gagwe ba mmoletsa kwa thoko, ba re: “Re ne re sa nonofa ka ntlha yang go o kgoromeletsa ntle?”
29A ba raya a re: “O o ntseng jaana ga o ka ke wa tswa ka sepe, fa e se ka thapelo, (le ka go ikitsa go ja).”
Jesu o bolela ka ga loso lwa gagwe gape
(Math 17:22-23; Luke 9:43-45)
30Mme a tswa teng, a ya a ralala lefatshe la Galilea; mme a bo a rata ga se ka ga itse ope. 31Gonne a ruta barutwa ba gagwe, a ba raya a re: “Morwa Motho o neetswe mo diatleng tsa batho, mme ba tlaa mmolaya; mme o tlaa re a sena go bolawa, go fete malatsi a le mararo, mme a ba a tsoge gape.” 32Mme ba se ka ba tlhaologanya lefoko leo, mme ba boifa go mmotsa.
Yo e leng ene mogolo bogolo ke mang?
(Math 18:1-5; Luke 9:46-48)
33Ba fitlha mo Kaperenaume; mme a re a le mo ntlong, a ba botsa a re: “Lo ne lo ganetsanya eng mo tseleng?”
34 Ba didimala fela, gonne ba ne ba ganetsantse mo tseleng kgang ya go re, yo mogolo ke mang? 35 Mme a dula, a bitsa ba ba 12; a ba raya a re: “Fa motho mongwe le fa e le mang a rata go nna wa kwa pele, a ene a nne wa moragorago, a ba a nne modiredi wa botlhe.” 36Mme a tsaya ngwanyana, a mmaya fa gare ga bone; a mo tsaya mo mabogong a gagwe; a ba raya a re: 37 “Le fa e le mang yo o tlaa tsholang mongwe wa banyana ba ba ntseng jaana, ka leina la me, o tshola nna; le gone le fa e le mang yo o tsholang nna, ga a tshole nna, o tshola ene yo o nthomileng.”
Yo o sa tlhabaneng le rona o ntlheng ya rona
(Luke 9:49-50)
38Johane a mo raya a re: “Moruti re bonye mongwe a kgoromeletsa mewa e e maswe ntle ka leina la gago; mme ra mo itsa, ka gobo a sa re sale morago.”
39Mme Jesu a re: “Lo se ka lwa mo itsa; gonne ga go na motho ope yo o ka reng a dira tiro ya nonofo, ka leina la me, a ba a ka bua bosula ka ga me ka bofefo. 40 Gonne yo o sa tlhabaneng le rona, o ntlheng ya rona. 41 Gonne le fa e le mang yo o tlaa lo nosang metsi ka senwelo, ka gobo lo le ba ga Keresete, ammaaruri ke a lo raya, ga a ketla a tlhoka tuelo ya gagwe gope.
Dithaelo tsa go leofa
(Math 5:29-30; 18:6-9; Luke 17:1-2)
42“Mme le fa e le mang yo o tlaa kgopang mongwe wa ba babotlana ba, ba ba dumelang mo go nna, go ka nna molemo bogolo mo go ene fa lolwala lo logolo lo ka gokelelwa mo thamong ya gagwe, mme a thabuediwa mo lewatleng. 43 Fa seatla sa gago se go kgopa, o se kgaole; go ka nna molemo mo go wena go tsena mo botshelong o le segole, bogolo go go tsena o le diatla tsoo pedi mo moleteng, mo molelong o o sa ka keng wa tingwa; 44(kwa seboko sa bone se sa sweng teng, le kwa molelo o sa tingweng teng.) 45Mme fa lonao lwa gago lo go kgopa, o lo kgaole; go ka nna molemo mo go wena go tsena mo botshelong o le setlhotsa, bogolo go go latlhelwa o le dinao tsoo pedi mo moleteng. 46(Kwa seboko sa bone se sa sweng teng le kwa molelo o sa tingweng teng.) 47 Fa leitlho la gago le go kgopa, o le gonye; go ka nna molemo mo go wena go tsena mo bogosing jwa Modimo o le moitlho, bogolo go go latlhelwa o le matlho mabedi mo moleteng. 48 Kwa seboko sa bone se sa sweng teng, le kwa molelo o sa tingweng teng.
49“Gonne mongwe le mongwe o tlaa lokwa ka molelo, (le setlhabelo sengwe le sengwe se tlaa lokwa ka letswai.)
50 “Letswai le molemo; mme fa letswai le senyegile molodi, le tlaa lokwa ka eng? Nnang le letswai mo go lona, mme lo agisanye.”

Currently Selected:

MAREKO 9: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy