YouVersion Logo
Search Icon

MAREKO 12

12
Setshwantsho sa tshimo ya mofine le badiri
(Math 21:33-46; Luke 20:9-19)
1 A simolola go bua nabo ka ditshwantsho. A re: “Monna mongwe o kile a tlhoma tshimo ya mafine, a e beela logora, a epa lesudu la kgatisetso ya bojalwa jwa mofine, a aga sefata, mme a e neela badira masimo ba e thapa ka tuelo, mme a etela kwa lefatsheng le sele. 2E rile motlha o fitlha, a roma motlhanka kwa go bone badira masimo, gore a amogele maungo a tshimo mo go bone. 3Mme ba mo tshwara, ba mmetsa, ba mo leleka a iphotlhere fela. 4A ba a roma motlhanka yo mongwe kwa go bone gape; ene ba mo ntsha dintho mo tlhogong, ba mo gagautla mo go tlhabisang ditlhong. 5A roma yo mongwe; ene ba mmolaya; le ba bangwe ba le bantsi; bangwe ba ba betsa, ba bangwe ba ba bolaya. 6O ne a sa ntse a na le mongwe, e bong morwawe yo o rategang; lwa bofelo a roma ene kwa go bone, a re: ‘Ba tlaa sisimoga morwaake.’ 7Badira tshimo bao ba raana ba re: ‘Yo ke moruaboswa; tlang, re mmolayeng mme boswa e tlaa nna jwa rona.’ 8Mme ba mo tshwara ba mmolaya, ba mo latlhela kwa ntle ga tshimo ya mafine.
9“Jaana morena wa tshimo ya mafine o tlaa dirang? O tlaa tla a senya badira tshimo, mme tshimo o tlaa e neela ba sele. 10 A le fa e le lefoko le ga lo ise lo le bale la go re: ‘Lentswe le baagi ba le ganneng ke lone le le dirilweng tlhogo ya kgokgotsho. 11Selo se, sa tswa mo go Morena, mme se a gakgamatsa mo matlhong a rona’?”
12Mme ba batla go mo tshwara; mme ba boifa batho ba bantsi, gonne ba lemoga fa a bua setshwantsho se ka ga bone; mme ba mo tlogela ba tsamaya.
Potso ka ga go duela lekgetho
(Math 22:15-22; Luke 20:20-26)
13Ba roma Bafarisai bangwe le Baherote kwa go ene, gore ba mo tshware mo puong. 14Ya re ba sena go fitlha ba mo raya ba re: “Moruti, re a itse fa o le boammaaruri, o sa re ope sepe; gonne ga o tlhokomele bomangmang jwa batho, mme o bolela tsela ya Modimo ka bommaanete; a go letleletswe go kgethela Kaesare kgotsa nnyaa? 15A ke re ntshe lekgetho kgotsa re se ka ra le ntsha?”
Ene, ka a itse boitimokanyo jwa bone, a ba raya a re: “Lo nthaelelang? Nteretseng thušeleng gore ke e bone.” Ba e lere.
16A ba raya a re: “Setshwano se le sekwalo, ke tsa ga mang?” Ba mo raya ba re: “Tsa ga Kaesare.”
17Jesu a ba raya a re: “Ke gone ntshetsang Kaesare dilo tse e leng tsa ga Kaesare, le Modimo tse e leng tsa Modimo.” Mme ba mo gakgamalela thata.
Potso ka ga tsogo ya baswi
(Math 22:23-33; Luke 20:27-40)
18 Ga tla kwa go ene Basadukai ba ba reng ga go na tsogo ya baswi; 19 ba mmotsa ba re: “Moruti, Moše o re kwaletse a re, fa morwa rramotho a swa, a tlogela mosadi, mme a sa tlogele ngwana, morwa rraagwe a tseye mosadi wa gagwe, a tsosetse morwa rraagwe losika. 20Go kile ga ne go le bomorwa monna ba supa; wa ntlha a tsaya mosadi, mme a swa, a sa tlogele losika; 21wa bobedi a tsaya mosadi yoo, mme a swa, a sa tlogele losika; le mo go wa boraro ga nna jalo. 22Le ka bosupa jwa bone ba se ka ba tlogela losika. Morago ga bone botlhe mosadi le ene a swa. 23Ana e tlaa re mo go tsogeng ga baswi, e tlaa nna mosadi wa ga mang mo go bone, gonne ba ne ba mo nyetse boo basupa?”
24Jesu a ba raya a re: “A ga se gone ka fa lo timelang ka teng, ka lo sa itse dikwalo, le fa e le nonofo ya Modimo? 25Gonne e tlaa re ba tsoga mo baswing boo ba sa nyale, le fa e le go neelwa nyalong; mme ba bo ba ntse jaaka baengele kwa legodimong. 26 Mme ka ga baswi, fa ba tsosiwa; a ga lo a bala mo lokwalong lwa ga Moše, fa go bolelwang ka ga setlhare teng, ka fa Modimo o buileng nae ka teng wa re: ‘Ke nna Modimo wa ga Aberahame, wa ga Isake le wa ga Jakobe’? 27One ga se Modimo wa baswi, mme ke wa batshedi; lo timela fela thata.”
Taolo e kgolo
(Math 22:34-40)
28 Mongwe wa bakwadi a tla, mme a utlwa ka fa ba botsanyang ka teng, mme ka a itse fa a ba fetotse sentle, a mmotsa a re: “Taolo e e leng tlhogo ya tsone tsotlhe ke efe?”
29 Jesu a mo fetola a re: “Ya tlhogo ke e: ‘Utlwa wena Iseraele. Morena Modimo wa rona, o mongwe fela; 30gape, o rate Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka tlhaloganyo yotlhe ya gago, le ka thata yotlhe ya gago.’ 31 Ya bobedi ke e: ‘O rate mongwe ka wena jaaka o ithata.’ Ga go na taolo epe e e fetang tsone tse.”
32 Mme mokwadi a mo raya a re: “Ka mmaanete, Moruti, o buile sentle, jaaka o re: O mongwe fela, le gone: Ga go ope o sele fa e se ene. 33 Le go mo rata ka pelo yotlhe, le ka tlhaloganyo yotlhe, le ka thata yotlhe, le motho go rata mongwe ka ene jaaka a ithata, ke mo go gaisang ditshupelo tse di fisiwang di le boleka, le ditlhabelo tsotlhe.”
34Ya re Jesu a bona fa a fetotse ka tlhaloganyo, a mo raya a re: “Ga o kgakala le bogosi jwa Modimo.” Morago ga mo ga se ka ga tlhola go le ope yo o pelokgale ya go mmotsa potso epe.
Potso ka ga Mesia
(Math 22:41-46; Luke 20:41-44)
35Jesu ya re a ruta mo tempeleng a bua a re: “Bakwadi ba bua jang ba re: ‘Keresete ke morwa Dafite’? 36 Dafite ka esi a bua ka Mowa o o Boitshepo a re: ‘Morena o reile Morena wa me a re: Dula ka fa tsogong la me le legolo, ke be ke tle ke dire baba ba gago sebeo sa dinao tsa gago.’ 37Dafite ka esi o mmitsa Morena; mme o ntse morwawe jang?” Ba e leng batho fela ba mo utlwa ka boitumelo.
Jesu o tlhagisa ka ga baruti ba molao
(Math 23:1-36; Luke 11:37-54; 20:45-47)
38Mo go ruteng ga gagwe a re: “Lo itise mo bakwading ba ba eletsang go tsamaya ka dikobo tse di kgokgothang, le go dumedisiwa mo marekelong, 39le ditulo tse di kwa pele mo matlong a thuto, le manno a a kwa pele mo medirong. 40Bone ba ba supuletsang basadi ba batlholagadi matlo a bone, ba golole merapelo go nna seipato; bao ba tlaa bona tshekiso e kgolo bogolo.”
Kabelo ya motlholagadi
(Luke 21:1-4)
41Mme a ya a dula bolebana le letlole la madi a tempele, a bona ka fa batho ba bantsi ba tsenyang madi mo letloleng ka teng; ba ba humileng ba le bantsi ba tsenya a magolo. 42Mme ga tla mosadi wa motlholagadi wa sehumanegi, a tsenya madinyana a le mabedi a e a reng a kopanye e be e le bontlhanngwe jwa peni fela. 43A ipiletsa barutwa ba gagwe, a ba raya a re: “Ammaaruri ke a lo raya, Motlholagadi yo, wa sehumanegi, o tsentse bogolo go botlhe ba ba tsenyang mo letloleng la madi. 44Gonne bone botlhe ba tsentse ga letlotlo la bone; mme ene o tsentse ga lehuma la gagwe, a tsenya gotlhe mo o nang nago, e bong gotlhe mo o tshelang ka gone.”

Currently Selected:

MAREKO 12: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy