YouVersion Logo
Search Icon

MAREKO 10

10
Thuto ya ga Jesu ka ga tlhalo
(Math 19:1-12; Luke 16:18)
1A tloga teng, a tla mo melelwaneng ya Jutea le moseja ga Joretane; mme matshutitshuti a batho a phuthegela kwa go ene gape, mme a ba ruta gape jaaka a tlwaetse.
2Ga tla Bafarisai kwa go ene, ba mmotsa ba re: “A monna o letleletswe go tlhala mosadi wa gagwe?” Mme ba bo ba mo lalela.
3A ba fetola a re: “Moše o lo laotse a reng?”
4 Ba re: “Moše o ne a re leseletsa go kwala lokwalo lwa tlhalo, le go tlhala mosadi.”
5Mme Jesu a ba raya a re: “Moše o ne a lo kwalela taolo e ka ntlha ya bothata jwa dipelo tsa lona. 6 E sa le ka tshimologo ya tlholego, go twe: ‘O ba bopile nona le tshadi.’ 7 ‘Ke gone ka moo monna o tlaa tlogelang rraagwe le mmaagwe, a ngaparela mosadi wa gagwe; 8mme bobedi jo bo tlaa nna nama e le nngwe fela; jalo ba bo ba sa tlhole ba le babedi, ke nama e le nngwe fela.’ 9Ke gone, a motho a se kgaoganye tse Modimo o di kopantseng.”
10Ya re mo ntlong barutwa ba mmotsa gape ka ga selo se. 11 A ba raya a re: “Le fa e le mang yo o tlaa tlhalang mosadi wa gagwe, a nyala o sele, o a mo akafalela; 12mme fa mosadi ka esi a tlhala monna wa gagwe, a nyalwa ke o sele, o dira boaka.”
Jesu o segofatsa banyana
(Math 19:13-15; Luke 18:15-17)
13Ba lere banyana kwa go ene gore a ba ame, mme barutwa ba ba kgalemela. 14Ya re Jesu a bona jalo, a gakatsega thata, a ba raya a re: “Lesang banyana ba tle kwa go nna, lo se ka lwa ba itsa, gonne bogosi jwa Modimo ke jwa ba ba ntseng jalo. 15 Ammaaruri ke a lo raya, le fa e le mang yo o se ketlang a tshola bogosi jwa Modimo jaaka ngwanyana, ga a ketla a tsena mo go jone gope.” 16Mme a ba tsaya mo mabogong a gagwe, a ba segofatsa, ka go ba baya diatla.
Monna wa mohumi
(Math 19:16-30; Luke 18:18-30)
17Ya re a sa tsamaela pele mo tseleng, ga tabogela mongwe kwa go ene, a mo khubamela ka mangole, a mmotsa a re: “Moruti yo o molemo, ke tlaa dirang gore ke rue botshelo jo bo sa khutleng?”
18Jesu a mo raya a re: “O mpiletsang molemo? Ga go ope yo o molemo, fa e se a le mongwe fela, e bong Modimo. 19 Ditaolo o a di itse tse di reng: ‘O se ka wa bolaya motho, o se ka wa dira boaka, o se ka wa utswa, o se ka wa supa tshupo ya kako, o se ka wa tsietsa, tlotla rraago le mmaago.’ ”
20Mme a mo raya a re: “Moruti, dilo tse tsotlhe fela ke sa le ke di tlhokomela go tloga bokaung jwa me.”
21Mme Jesu a mo leba, a mo rata, mme a mo raya a re: “O tlhoka selo se le sengwe fela: Ya go rekisa tsotlhe tse o nang natso, o abele bahumanegi, mme o tlaa nna le khumo kwa legodimong; o bo o tle o ntshale morago.” 22Mme a bifa sefatlhogo ka lefoko leo, a tsamaya ka bohutsana, gonne e ne e le motho yo o dithuo dintsi.
23Mme Jesu a lebaleba ka fa le ka fa, a raya barutwa ba gagwe a re: “Kana ba ba nang le mahumo ba tlaa tsena mo bogosing jwa Modimo ka pitlagano jang!” 24Barutwa ba gakgamalela mafoko a gagwe. Jesu a ba fetola gape, a re: “Kana go thata jang mo go ba ba ikantseng nahumo go tsena mo bogosing jwa Modimo! 25Go ka nna bofefo kamela go tsena ka letshoba la lomao, bogolo go mohumi go tsena mo bogosing jwa Modimo.”
26Ba gakgamala thatathata, ba mo raya ba re: “Fa e le jalo go bo go ka bolokwa mang?”
27Jesu a ba leba a re: “Mo bathong go retetse, mme e seng mo Modimong, gonne mo Modimong dilo tsotlhe di ka dirafala.”
28Petere a simolola go mo raya a re: “Bona, rona re tlogetse gotlhe, mme re go setse morago.”
29Jesu a re: “Ammaaruri ke a lo raya, ga go motho ope yo o tlogetseng ntlo, kgotsa bomorwa rraagwe, kgotsa bokgaitsadie, kgotsa mmaagwe, kgotsa rraagwe, kgotsa bana, kgotsa masimo, ka ntlha ya me, le ka ntlha ya Mafoko a a Molemo, 30yo o se ketlang a bona ga lekgolo, le jaana mo lobakeng lono, e bong matlo, le bomorwa rraagwe, le bokgaitsadie, le bommaagwe, le bana, le masimo, di na le dipogiso; mme mo lefatsheng le le tlang o tlaa bona botshelo jo bo sa khutleng. 31 Bantsi ba e neng e le ba pele ba tlaa nna ba morago; le ba morago ba nne ba kwa pele.”
Jesu o bolelelapele lwa boraro ka ga loso lwa gagwe
(Math 20:17-19; Luke 18:31-34)
32Ba bo ba le mo tseleng ba tlhatlogela kwa Jerusalema; Jesu a ba eteletse pele; mme ba bo ba tseanye; le ba ba setseng morago ba boifa. Mme a tsaya gape ba ba 12, a simolola go ba bolelela dilo tse di tlaa mo dirafalelang. 33A re: “Bonang, re ya kwa Jerusalema; mme Morwa Motho o tlaa neelwa ditlhogo tsa baperesiti le bakwadi, mme ba tlaa mo sekisa gore a swe, ba tlaa mo neela Baditšhaba, 34ba tlaa mo sotla, ba mo kgwela mathe, ba mo seola, ba mmolaya; mme e tlaa re malatsi a le mararo a sena go feta, o tlaa ba a tsoga.”
Topo ya ga Jakobe le Johane
(Math 20:20-28)
35Ga mo atamela Jakobe le Johane, bomorwa Sebete, ba re: “Moruti re rata wa re direla ka fa re tlaa go lopang ka teng.”
36A ba raya a re: “Lo rata ke ka bo ke lo direlang?”
37Ba mo raya ba re: “O mme re dule, mongwe ka fa tsogong la gago le legolo, yo mongwe ka fa tsogong la gago la molema, mo kgalalelong ya gago.”
38 Jesu a ba raya a re: “Ga lo itse se lo se lopang. A lo nonofile go nwa senwelo se ke se nwang, kgotsa go kolobediwa ka kolobetso e ke kolobediwang ka yone?”
39Ba mo raya ba re: “Re nonofile.” Jesu a ba raya a re: “Senwelo se ke se nwang, lona lo tlaa se nwa; lo ba lo kolobediwa ka kolobetso e ke kolobediwang ka yone. 40Mme go dula ka fa tsogong la me le legolo, le ka fa go la molema, ga se ga me go go naya; go tlaa newa bone ba ba go baakanyeditsweng.”
41Ya re ba ba some ba utlwa, ba simolola go gakalela boJakobe le Johane. 42 Mme Jesu a ba ipiletsa, a ba raya a re: “Lo a itse fa ba ba kaiwang balaodi mo go Baditšhaba ba le bogoma mo go bone; le bagolo ba bone ba a ba laola. 43 Go se ka ga nna jalo mo go lona; le fa e le mang yo o ratang a ka bo a le mogolo mo go lona, a a nne modiredi wa lona. 44Le gone yo o ratang a ka bo a le wa kwa pele mo go lona, a a nne motlhanka wa botlhe. 45Gonne ruri Morwa Motho ga a a ka a tla go direlwa, mme e le go direla, le go ntsha botshelo jwa gagwe, gore e nne serekololo sa batho ba le bantsi.”
Jesu o foufolola sefofu Baretimaeo
(Math 20:29-34; Luke 18:35-43)
46Ba fitlha kwa Jeriko; mme ya re a tswa mo Jeriko, a na le barutwa ba gagwe, le bontsi jo bogolo jwa batho, Baretimaeo morwa Timaeo, mokopi wa sefofu, a bo a dutse fa thoko ga tsela. 47Ya re a utlwa fa e le Jesu wa Nasaretha, a simolola go goa a re: “Jesu morwa Dafite, nkutlwela botlhoko!”
48Mme batho ba le bantsi ba mo kgalemela, ba re a didimale, mme a goa bogolo bogolo a re: “Morwa Dafite, nkutlwela botlhoko.”
49Mme Jesu a ema a re: “Mmitseng,” mme ba bitsa monna wa sefofu, ba mo raya ba re: “Nametsega tlhe, nanoga o a go bitsa.”
50Ene a latlha seaparo sa gagwe, a tlola, a tla kwa go Jesu.
51Jesu a mo fetola a re: “O rata ka go direlang?” Monna wa sefofu a mo raya a re: “Moruti, a nke ke amogele pono ya me.”
52Jesu a mo raya a re: “Tsamaya, tumelo ya gago e go fodisitse.” Mme a akofa a amogela pono ya gagwe, a ba a mo sala morago mo tseleng.

Currently Selected:

MAREKO 10: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy