YouVersion Logo
Search Icon

MAREKO 1

1
Thero ya ga Johane wa Mokolobetsi
(Math 3:1-12; Luke 3:1-9,15-17; Joh 1:19-28)
1Tshimologo ya Mafoko a a Molemo a ga Jesu Keresete, Morwa Modimo. 2 Fela jaaka go kwadilwe mo go Isaia moperofeti ga twe:
“Bonang, ke roma morongwa wa me
fa pele ga sefatlhogo sa gago,
yo o tlaa baakanyang tsela ya gago.
3 Lentswe la mongwe yo o kuang mo nageng, a re:
‘Baakanyang mmila wa Morena,
Siamisang ditsela tsa gagwe!’ ”
4Johane a tla, ene yo o neng a kolobetsa kwa nageng, a ba a rera kolobetso ya boikwatlhao jwa go itshwarela dibe. 5Mme ga tshologela kwa go ene ba lefatshe lotlhe la Jutea, le botlhe ba Jerusalema; ba kolobediwa ke ene mo nokeng ya Joretane, ba ipolela dibe tsa bone.
6 Mme Johane, diaparo tsa gagwe e ne e le tsa boboa jwa kamela, a bile a itlamile ka moitlamo wa letlalo mo lothekeng lwa gagwe, mme a ja tsie le dinotshe tsa naga. 7Mme a rera a re: “Morago ga me go tla mongwe yo o nonofileng bogolo go nna, yo kgole ya setlhako sa gagwe ke sa tshwanelang go inama ke e hunolola. 8Nna ke lo kolobetsa ka metsi; mme ene o tlaa lo kolobetsa ka Mowa o o Boitshepo.”
Go kolobediwa le go raelwa ga Jesu
(Math 3:13 – 4:11; Luke 3:21-22)
9Mme ya re mo metlheng eo, Jesu a tswa Nasaretha wa Galilea, mme a kolobediwa ke Johane mo Joretane. 10Mme ya re fela a tlhatloga mo metsing, a bona magodimo a fatogile, le Mowa o ntse jaaka lephoi o fologela mo go ene. 11 Mme lentswe la tswa mo magodimong la re: “O morwaake yo o rategang, ke itumela thata mo go wena.”
12Mme Mowa wa akofa wa mo kgokgweeletsa kwa nageng. 13Mme a nna mo nageng malatsi a le 40 a raelwa ke Satane; a nna teng le diphologolo; mme baengele ba mo direla.
Jesu o bitsa barutwa ba le bane
(Math 4:12-22; Luke 4:14-15; 5:1-11)
14Jaana e rile Johane a sena go golegwa, Jesu a tla mo Galilea, a rera Mafoko a a Molemo a Modimo, 15 a re: “Lobaka lo fitlhile, e bile bogosi jwa Modimo bo atametse; ikwatlhayeng, lo dumele Mafoko a a Molemo.”
16Ya re a tsamaya fa lewatleng la Galilea, a bona Simone le monnawe Anterea ba konopela lotloa mo lewatleng; gonne ba ne ba le batshwari ba ditlhapi. 17Mme Jesu a ba raya a re: “Tlang lo ntshale morago, mme ke tlaa lo dira go tla lo nna batshwari ba batho.” 18Ba akofa ba tlogela ditloa, ba mo sala morago.
19Ya re a ya fa pelenyana, a bona Jakobe morwa Sebete, le Johane monnawe, ba le bone ba bileng ba le mo mokorong ba tlhamaganya ditloa. 20A akofa a ba bitsa; mme ba tlogela Sebete rraabo mo mokorong, le batlhanka ba ba thapilweng ka tuelo, mme ba mo sala morago.
Monna yo o nang le mowa o o maswe
(Luke 4:31-37)
21Ba ya ba fitlha mo Kaperenaume; mme ka letsatsi la Sabata a tsena mo ntlong ya thuto, mme a ruta. 22 Mme batho ba gakgamadiwa ke thuto ya gagwe; gonne o ne a ba ruta jaaka mongwe yo o nang le taolo, e seng jaaka bakwadi.
23Mme ga tshoganwa ka go bile go le monna mongwe mo ntlong ya bone ya thuto, a na le mowa o o maswe; 24mme a goa, a re: “Re dirang ka wena, wena Jesu wa Nasaretha? A o tsile go re senya? Ke a go itse yo o leng ene, o Moitshepi wa Modimo.”
25Mme Jesu a o kgalemela a re: “Didimala, mme o tswe mo go ene!” 26Mowa o o maswe wa tswa mo go ene o mo fafamosa, o goa ka lentswe le legolo.
27Ba gakgamala botlhe, ba ba ba tla ba botsanya ba re: “Ana selo se ke eng? A thuto e ntšha! O laola ka thata le e leng mewa e e maswe, mme e mo utlwe.”
28Mme tumedi ya gagwe ya akofa ya ya le lefatshe lotlhe la Galilea le mo tikologong ya lone.
Jesu o fodisa mogwagwadia Petere le batho ba bangwe
(Math 8:14-17; Luke 4:38-41)
29E rile fela ba sena go tswa mo ntlong ya thuto, ba ya go tsena mo ntlong ya ga Simone le Anterea, ba na le Jakobe le Johane. 30Jaana mogwagadia Simone, wa mosadi, a bo a bobola botlhoko jwa letshoroma; mme ba akofa ba mo mmolelela. 31Mme a tla a mo tshwara ka seatla, a mo kakatlolola; mme letshoroma la mo tlogela, mme mosadi a ba direla.
32E rile go le maitseboa letsatsi le kotlomela, ba lere kwa go ene botlhe ba ba bobolang, le ba ba tsenyweng ke mewa e e bosula. 33Motse otlhe wa bo o phuthegile o kokoanye fa mojakong. 34Mme a fodisa batho ba le bantsi ba ba lwalang malwetse a le mantsi, a kgoromeletsa ntle mewa e e bosula e le mentsi; mme a se ka a leseletsa mewa e e bosula go bua, ka gobo e ne e mo itse.
Jesu o rera kwa Galilea
(Luke 4:42-44)
35Ya re ka moso ka makuku a mantsho, a tsoga, a tswa, a ya kwa nageng mo bojosing, mme a rapela teng. 36Mme Simone le ba o nang nabo ba mo latela. 37Ba mo fitlhela, ba mo raya ba re: “Batho botlhe ba a go batla.”
38Ene a ba raya a re: “A re yeng go sele, re ye metseng e mengwe e e kwa pele, gore ke tle ke rere Mafoko a a Molemo le gone mo go yone; gonne ke sone se ke tswetseng go se dira.”
39 Mme a tsamaya le lefatshe lotlhe la Galilea, a etla a tsena mo matlong a bone a thuto, a rera, a kgoromeletsa mewa e e bosula ntle.
Jesu o fodisa molepero
(Math 8:1-14; Luke 5:12-16)
40Ga tla molepero kwa go ene, a mo khubamela; a mo raya a re: “Fa o rata o na le thata ya go mphepafatsa.”
41Ya re ka a tlhomoga pelo, a otlolola letsogo, a mo ama, a mo raya a re: “Ke a rata, phepafadiwa.” 42Mme lepero la mo tlogela ka bofefo, a ba a phepafala. 43A mo laya thata, a akofa a mo tsamaisa, 44 a mo raya a re: “Bona, o se ka wa bolelela ope sepe, mme o tsamaye fela, o ye go itshupetsa moperesiti, o isetse go phepafadiwa ga gago tshupelo ka dilo tse Moše o di laotseng go nna tshupo mo go bone.”
45Mme ene a tswa, a simolola go kakanya thata, le go utlwatsa tiro e mo ntlheng tsotlhe, Jesu a ba a tla a retelelwa ke go tsena mo motseng ka go bonwa, mme a nna kwa ntle mo mafelong a a kwa bojosing; ba mo tshologela ba tswa ntlheng tsotlhe fela.

Currently Selected:

MAREKO 1: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy