YouVersion Logo
Search Icon

LUKE 8

8
Basadi bangwe ba patile Jesu
1Ga akofa ga dirala morago ga moo, gore a tsamaye a ye le metse le metsana yotlhe, a rera a bolela Mafoko a a Molemo a bogosi jwa Modimo; le ba ba 12 ba bo ba na nae, 2 le basadi bangwe ba ba fodisitsweng mewa e e bosula le diemera, le Maria yo o bidiwang Magetalene, yo mewa e supa e duleng mo go ene, 3le Joana mosadi wa ga Tšhusa, molebalebedi ntlo wa ga Herote, le Susana, le ba bangwe ba le bantsi ba ba mo direlang ka dilo tsa bone.
Setshwantsho ka ga mojadi
(Math 13:1-9; Mar 4:1-9)
4E rile bontsi jo bogolo jwa batho ba sena go phuthega, le batho ba ba tswang mo metseng yotlhe ba tsile kwa go ene, a bua ka setshwantsho a re: 5“Mojadi o kile a tswa a ya go jala peo ya gagwe; ya re a jala, ditlhaka dingwe tsa wela fa tseleng; mme tsa gatwe ka dinao, le dinonyane tsa loapi tsa di sela tsa di ja. 6Tse dingwe tsa wela fa go letlapa; ya re fela di sena go tlhaba, tsa ba tsa swaba, ka di tlhokile longola. 7Tse dingwe tsa wela mo mitlweng; mme mitlwa ya tlhoga natso, ya di hupetsa. 8Tse dingwe tsa wela mo mmung o o molemo, tsa gola, tsa ungwa loungo lwa nna lekgolo.” Ya re a bua dilo tse, a goa a re: “Yo o nang le ditsebe go utlwa a a utlwe!”
Maikaelelo a ditshwantsho
(Math 13:10-17; Mar 4:10-12)
9Barutwa ba gagwe ba mmotsa gore setshwantsho se e ka ne e le sa eng? 10 Mme a re: “Lona lo neilwe go itse masaitsiweng a bogosi jwa Modimo; mme ba bangwe ba go newa ka ditshwantsho; gore ka go bona ba se ka ba bona le ka go utlwa ba se ka ba tlhaloganya.
Jesu o tlhalosa setshwantsho ka ga mojadi
(Math 13:18-23; Mar 4:13-20)
11“Mme jaana setshwantsho ke se: Peo ke lefoko la Modimo. 12Ba ba fa tseleng ke ba ba utlwileng; foo go tle diabolo a tlose lefoko mo pelong tsa bone, gore ba se ka ba dumela mme ba bolokwa. 13Ba ba fa go leng letlapa ke ba e a reng ba utlwile, ba tshole lefoko ka boitumelo; bao, e re ka ba sena modi, ba dumele ka lobakanyana fela; mme mo motlheng wa thaelo ba tenege. 14Tse di wetseng mo mitlweng, ke ba ba utlwileng, mme ba re ba ntse ba tswelela pele ba hupediwa ke ditlhodiego, le mahumo, le ditlhapelo tsa botshelo jono, ba se ke ba ungwe loungo lope lo lo itekanetseng. 15Tse di mo mmung o o molemo ke ba e a reng ba sena go utlwa lefoko, ba le tshware thata mo pelong e e siameng, e e molemo, mme ba ungwe loungo ka bopelotelele.
Lobone lo lo ka fa tlase ga bolao
(Mar 4:21-25)
16 “Ga go na motho ope, yo e a reng a tshubile lobone a lo ribegetse ka sejana, le fa e le go lo huhumetsa tlase ga bolao; mme o a tle a lo tlhome ka setlhomo, gore ba ba tsenang ba bone lesedi.
17 “Gonne ga go a fitlhega sepe se se ketlang se bonatshiwa; ga go sepe se se sa itsegeng se se se ketlang se itsiwe, se tswela kwa leseding.
18 “Ke gone, itiseng, ka fa lo utlwang ka teng; gonne le fa e le mang yo o nang le sengwe, ke ene o tlaa newang; mme le fa e le mang yo o se nang sepe, go tlaa tlosiwa mo go ene le se o itlhomang a na naso.”
Mmaagwe Jesu le bomonnawe
(Math 12:46-50; Mar 3:31-35)
19Ga tla kwa go ene mmaagwe le bomonnawe, mme ba retelelwa ke go fitlha fa go ene ka ntlha ya bontsi jwa batho. 20A bolelelwa ke bangwe ba re: “Mmaago le bomonnao ba emetse kwa thoko, ba eletsa go go bona.” 21A ba fetola a re: “Mme le bonnake ke ba ba utlwang lefoko la Modimo, mme ba le dira.”
Jesu o didimatsa sefefo
(Math 8:23-27; Mar 4:35-41)
22Jaana ga dirala ya re ka letsatsi lengwe la malatsi ao, a tsena mo mokorong a na le barutwa ba gagwe, a ba raya a re: “A re tsheleleng kwa moseja ga bodiba.” Ba bolola ka mokoro. 23Ya re ba ntse ba tsamaya, ene a thulamela; mme ga fologela matsubutsubu a phefo mo bodibeng; mme ba tlalelwa ke metsi, ba nna mo poitshegong. 24Ba tla mo go ene ba mo tsosa ba re: “Morena, Morena, re a nyelela.” Foo a tsoga, a kgalemela phefo le go suma ga metsi; mme ga khutla, ga nna tuulalo fela. 25Mme a ba raya a re: “Tumelo ya lona e kae?” Mme e re ka ba boifa, ba gakgamala, ba raana ba re: “Ana motho yo o ntse jang, fa e bo ne ne a laola le tsone diphefo jaana le metsi, mme di mo utlwe?”
Jesu o leleka mewa e e maswe
(Math 8:28-34; Mar 5:1-20)
26Ba fitlha mo lefatsheng la Bagerasa le le lebaganyeng le Galilea. 27Ya re a tswela mo lefatsheng, a kgatlhana le monna mongwe yo o tswang mo motseng, yo o nang le mowa o o maswe; yo o sa leng a nna fela ka lobaka lo loleele a sa apare sepe, a bile a sa nne mo ntlong epe, fa e se mo diphupung fela. 28Ya re a bona Jesu, a goa, a wela fa fatshe fa pele ga gagwe, mme ka lentswe le legolo a re: “Ke dirang ka wena, Jesu Morwa Modimo wa Mogodimodimo? Ke a go rapela, o se ka wa ntlhokofatsa.” 29Gonne o ne a laotse mowa o o maswe gore o tswe mo monneng yoo. Ka gobo o ne o ntse o mo tshwere gantsi; a disiwa a golegilwe ka dikeetane le mehiri; mme a komoganye dikgolego, a kgweelediwe ke mowa o o maswe kwa gare ga naga.
30Jesu a mmotsa a re: “Leina la gago e mang?” A re: “Ke Mophato,” gonne go ne go tsenye mewa e e maswe e le mentsi mo go ene. 31Mme ya mo rapela gore a se e laolele go ya kwa moleteng o o se nang bolekanyetso.
32Jaana ga bo go le serapa se segolo sa dikolobe teng, se fula mo thabeng; ya mo rapela gore a e leseletse go tsena mo go tsone. Mme a e leseletsa. 33Mme mowa o o maswe wa tswa mo monneng yoo, wa tsena mo dikolobeng; mme serapa sa kgokologela ka mapawa mo bodibeng, mme sa betwa ke metsi.
34E rile badisa ba tsone ba bona se se dirafetseng, ba tshaba, ba ya ba bolela mo motseng le mo lefatsheng. 35Mme ba tswa ba ya go bona se se dirafetseng; ba tla kwa go Jesu, ba fitlhela monna yo mowa o o maswe o duleng mo go ene a dutse fela fa dinaong tsa ga Jesu, a apere, a bile a na le tlhaloganyo e e siameng ya gagwe; mme ba boifa. 36Le ba ba se bonyeng ba ba bolelela ka fa yo o neng a tsenywe ke mowa o o maswe o fodisitsweng ka gone. 37Batho botlhe ba lefatshe la Bagerasa le ba tikologo ya gone, ba mo rapela gore a tsamaye a tswe mo go bone, ka ba ne ba tshwerwe ke poifo e kgolo, mme a tsena mo mokorong, a boa. 38Mme monna yo mowa o o maswe o duleng mo go ene, a mo rapela gore a nne nae; mme Jesu a mo naya tsela a re: 39“Boela kwa ntlong ya gago, mme o bolele dilo tse dikgolo tse Modimo o di go diretseng.” Mme a tsamaya, a ya a bolela mo motseng otlhe, a kakanya dilo tse dikgolo tse Jesu o di mo diretseng.
Morwadia Jairo le mosadi yo o amileng diaparo tsa ga Jesu
(Math 9:18-26; Mar 5:21-43)
40Ya re Jesu a boa, batho ba mo tshola sentle; ka ba ne ba mo lebeletse botlhe. 41Mme bonang, ga tla monna mongwe yo o bidiwang Jairo, ya bo e le molaodi mongwe wa ntlo ya thuto; a wela fa fatshe fa dinaong tsa ga Jesu, a mo rapela gore a ye go tsena mo ntlong ya gagwe; 42ka a ne a na le ngwana wa mosetsana yo o esi, yo o ka neng a le dinyaga di le 12; mme a bo a le mo pitlaganong ya loso. Ya re a tsamaya batho ba mo kgotlhaganyetsa. 43Mosadi mongwe yo o lwetseng botlhoko jwa go tshologa madi ka dinyaga di le 12, a feditse dilo tsotlhe tse o tshelang ka tsone mo dingakeng, mme a retela go fodisiwa ke epe ya tsone, 44a tla fa morago ga gagwe; a ama makantsa a seaparo sa gagwe; mme fela ka bonako go tshologa ga madi ga khutla mo go ene. 45Mme Jesu a re: “Ke amilwe ke mang?” Ya re ba itatola botlhe, Petere le ba o nang nabo ba re: “Morena, batho ba go kgotlhaganyeditse ba go pitlagantse.”
46Jesu a re: “Mongwe o nkamile; ka ke ikutlwile fa nonofo e dule mo go nna.” 47Ya re mosadi a bona fa a sa fitlhega, a tla a roroma, a wela fa fatshe fa pele ga gagwe, a mmolelela fa pele ga batho botlhe ka fa o mo amileng ka gone, le ka fa o fodisitsweng ka gone. 48Mme a mo raya a re: “Morwadiaka, tumelo ya gago e go fodisitse; tsamaya ka kagiso.”
49Ya re a sa ntse a bua, ga tla mongwe, a tswa kwa ntlong ya molaodi wa ntlo ya thuto, a mo raya a re: “Morwadio o sule, se lapise Moruti.”
50Ya re Jesu a utlwa jalo, a mo fetola a re: “Se boife, dumela fela, mme o tlaa fodisiwa.”
51Ya re a fitlha kwa ntlong, a se ka a leseletsa ope go tsena nae, fa e se Petere, le Johane le Jakobe, le rra mosetsana, le mmaagwe ba le bosi. 52Mme botlhe ba bo ba lela, ba mo lelela; mme ene a re: “Se leleng, gonne ga a a swa, o robetse.”
53Ba mo tshega ka tshotlo, ka ba itse fa a sule. 54A mo tshwara ka seatla, a bitsa a re: “Mosetsana, tsoga.” 55Mme mowa wa gagwe wa ba wa boa, mme a tsoga ka bonako; a laola gore a fiwe dijo. 56Batsadi ba gagwe ba gakgamadiwa thata; mme a ba laya gore ba se bolelele ope se se dirilweng.

Currently Selected:

LUKE 8: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy