YouVersion Logo
Search Icon

JUTA 1

1
Tumediso
1 Ke nna Juta, motlhanka wa ga Jesu Keresete, le monnaa Jakobe, ke kwalela ba ba biditsweng, ba ba rategang mo Modimong Rara, ba boloketswe Jesu Keresete:
2A kutlwelobotlhoko e nne le lona, lo bo lo totafalelwe ke kagiso le lorato.
Katlholo mo baruting ba e seng bone
3Baratwa, e rile ke sa ntse ke tlhoafaletse go lo kwalela ka ga poloko e re e tlhakanetseng, ka patelelwa ke pelo gore ke lo kwalele go lo laya, gore lo nne tlhoafalo go ganelela tumelo e e sa leng e neelelwa baitshepi ruri. 4Gonne go na le batho bangwe ba ba kukunetseng mo teng, e bong ba ba baakanyeditsweng tshekiso e, gale bogologolo; e le batho ba ba sa reng Modimo sepe, ba fetola tshegofatso ya Modimo wa rona bopepe, ba itatola yo e leng ene Mong wa rona le Morena wa rona yo o esi, e bong Jesu Keresete.
5 Jaana ke eletsa go lo gakolola, le fa dilo tsotlhe lo ntse lo di itsetse ruri fela, jaaka e rile Morena a sena go golola tšhaba nngwe mo lefatsheng la Egepeto, morago a senya ba ba se kang ba dumela. 6Le baengele ba ba se kang ba tshegetsa boemo jwa bone, mme ba tlogela jo e leng bonno jwa bone, o ba letisitse letsatsi le legolo la tsheko, ba le mo dikgolegong tse di sa hunololweng ka bosakhutleng, ba le kwa tlase ga lefifi. 7 Fela jaaka metse ya Sotoma le Gomora, le metse e e neng e le mo tikologong ya yone, ka e ile ya etsa bone bao, ya ineela mo kgokafalong, ya latela mokgwa wa nama e sele, e beilwe sekao ka go bediwa ka molelo o o sa khutleng.
8Le fa go ntse jalo, le bone ba, ba ntse jalo mo go loreng ga bone, ba leswefatsa nama, ba nyatsa puso, ba kgala batlotlegi. 9 Mikaele moengele yo mogolo, o rile a ganela le diabolo, a tatalalana nae ka ga mmele wa ga Moše, a boifa go mo sekisa ka go mo gobolola, mme a bua a re: “A Morena a go kgalemele.” 10Mme ba, ba kgala dilo dingwe le dingwe tse ba sa di itseng; tse ba di itseng ka mokgwa wa tlholego, jaaka dibopiwa tse di se nang tlhaloganyo, ba senyega mo go tsone dilo tseo. 11 A bo go latlhega bone! Gonne ba tsamaile ka tsela ya ga Kaine, ba siana ka go phomegela mo timelong ya ga Balaame ka go itaola, gore ba tle ba bone tuelo; ba swela mo tsuololong ya ga Kora. 12Ba ke bone mafika a a ikepetseng mo medirong ya lona ya dithato, mogang ba jang modiro le lona, ke badisa ba ba ikotlang ba se na poifo; ke maru a a se nang metsi, a a tsamaisiwang ke diphefo; ke ditlhare tsa Gwetla tse di se nang loungo, tse di suleng tsa ba tsa swa, tsa khumolwa ka medi. 13Ke makhubu a lewatle a a tlolakang, ba phoka mafulo a ditlhong tsa bone; ke dinaledi tse di kailang fela, ba bontsho jwa lefifi ba bo beetsweng ka bosakhutleng.
14 E bile ke bone ba ba boleletsweng pele ke Enoke wa bosupa go tloga mo go Atame, a re: “Bonang, Morena o ne a tla a na le baitshepi ba gagwe ba le makgolokgolo. 15A tla go dirafaletsa botlhe katlholo, le go tshwarisa baikepi botlhe ditiro tsotlhe tsa boikepo tse ba di dirileng ka go ikepa, le dilo tse di thata tsotlhe, tse baleofi ba ba ikepang ba di buileng ka ga gagwe.”
16Ba ke bangongoregi le bagaladi, ba ba tsamayang ka fa dithatong tsa bone – melomo ya bone e bua mafoko a matona a a budulogileng – ba tlhaola batho ka go solofela thuso.
Ditlhagiso le dikgothatso
17Mme lona, baratwa, gakologelwang mafoko a a builweng gale ke baaposetole ba Morena wa rona Jesu Keresete. 18 A ka fa ba lo reileng ka teng ba re: “E tlaa re mo motlheng wa bofelo go tlaa tla basotli, ba ba tlaa tsamayang ka fa dithatong tsa bone tsa boikepo.” 19Ba ke bone ba ba dirang dikgaogano, ba maikutlo a senama, ba se na Mowa. 20Mme lona baratwa, lo re lo ntse lo ikaga mo tumelong ya lona e e itshepileng segolo, le lo ntse lo rapela mo Moweng o o Boitshepo, 21lo nne lo ipoloke mo loratong lwa Modimo, lo ntse lo lebeletse kutlwelobotlhoko ya Morena wa rona Jesu Keresete, e e isang botshelong jo bo sa khutleng.
22Bangwe lo ba utlwele botlhoko, e bong ba ba akabalang. 23Bangwe lo ba boloke, ka go ba swatola mo molelong; bangwe lo ba utlwele botlhoko ka poifo, lo ntse lo ila le se e leng seaparo se se mathegetsweng ke leswe la senama.
Tshegofatso
24Jaana yo o nonofileng go lo babalela, gore lo se kgopege, le go lo baya fa pele ga kgalalelo ya one lo se na bogole, lo le mo boitumelong jo bogolo thata, 25Modimo o o osi, Mmoloki wa rona, a kgalalelo e nne kwa go one, le borena, le puso, le thata, pele ga metlha yotlhe, le jaana, le ka metlha ya bosaengkae, ka Jesu Keresete Morena wa rona. Amen.

Currently Selected:

JUTA 1: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy