YouVersion Logo
Search Icon

JOHANE 6

6
Jesu o jesa ba ba 5 000
(Math 14:13-21; Mar 6:30-44; Luke 9:10-17)
1E rile morago ga dilo tse, Jesu a tsamaya a tshelela kwa moseja ga lewatle la Galilea, le e leng lewatle la Tiberia. 2Bontsi jo bogolo jwa batho jwa mo latela, ka ba bonye ditshupo tse o di dirileng mo go ba ba lwalang. 3Mme Jesu a tlhatlogela mo thabeng, a dula gone le barutwa ba gagwe. 4Jaana Tlolaganyo, modiro wa Bajuta, ya bo e le gaufi. 5Foo ka Jesu a tsholetsa matlho, a bona fa bontsi jo bogolo jwa batho bo tla mo go ene, a raya Filipo a re: “Re tlaa reka kae dinkgwe, gore batho ba, ba je?” 6Mo a go bua go mo leka, gonne ene ka esi o na a itse se o tlaa se dirang.
7Filipo a mo fetola a re: “Dinkgwe tse di ka rekwang ka diponto di le 20 ga di ka ke tsa ba lekana, le fa mongwe le mongwe a fiwa go le gobotlana.”
8Mongwe wa barutwa ba gagwe, e bong Anterea, mogoloa Simone Petere, a mo raya a re: 9“Go na le mosimane fa, yo o tshotseng dinkgwe di le tlhano tsa barele, le ditlhapi di le pedi; mme tseo e tlaa bo e le eng mo bontsing jo bo kanakana?”
10Jesu a re: “Rayang batho ba dule fa fatshe.” Jaana bojang bo ne bo le bogolo gone foo. Batho ba dula fa fatshe, palo ya bone e ka ne e le 5 000. 11Foo Jesu a tsaya dinkgwe; ya re a sena go leboga, a di abela batho ba ba dutseng; le tsone ditlhapi a di dira jalo, ka fa ba ratang ka teng. 12Mme ya re ba sena go kgora, a raya barutwa ba gagwe a re: “Selang dikabetla tse di setseng, gore go se ka ga latlhega sepe.” 13Ba di sela, ba tlatsa diroto di le 12 ka dikabetla tsa dinkgwe tsa barele tse di siilweng ke ba ba jeleng.
14E rile batho ba bona sesupo se o se dirileng, ba re: “Ammaaruri, yo, ke ene moperofeti yo o tlang mo lefatsheng.” 15Mme Jesu, ka a lemoga fa ba tlaa tloga ba tla go mo tsaya ka thata go mo dira kgosi, a ngongwaelela kwa thabeng a le esi.
Jesu o tsamaya mo godimo ga lewatle
(Math 14:22-27; Mar 6:45-52)
16E rile go le maabanyane, barutwa ba gagwe ba fologela kwa lewatleng; 17ba tsena mo mokorong, ba tshela lewatle ba ya Kaperenaume. Ga bo go setse go le lefifi jaanong, Jesu a bo a ise a tle kwa go bone. 18Lewatle la bo le rwalelesega ka ntlha ya phefo e kgolo e e fokang. 19Ke gone e rileng ba sena go tsamaisa mokoro sebaka sa dikilometara di magareng a botlhano le borataro, ba bona Jesu a tsamaya mo godimo ga lewatle, a atamela fa mokorong; mme ba boifa. 20Mme a ba raya a re: “Ke nna; se boifeng.” 21Foo ba itumela go mo tsholela mo mokorong; mokoro wa akofa wa tshwara lefatshe le ba yang kwa go lone.
Batho ba senka Jesu
22Ya re ka moso bontsi jo bo emeng kwa moseja ga lewatle ba fitlhela fa go se na mokoro ope o sele teng, fa e se o le mongwe fela, mme ba itse fa Jesu a se ka a tsena mo mokorong le barutwa ba gagwe, barutwa ba gagwe ba ne ba tsamaile ba le bosi fela. 23Le fa go ntse jalo ga tla mekoro mengwe e tswa kwa Tiberia, kwa gaufi le felo fa ba jetseng senkgwe teng, Morena a sena go leboga. 24Ke gone, e rile batho ba bantsi ba fitlhela fa Jesu a seyo teng, le fa e le barutwa ba gagwe, le bao ka bosi ba tsena mo mekorong, ba ya go fitlha kwa Kaperenaume, ba batla Jesu.
Jesu ke senkgwe sa botshelo
25Mme ya re ba mmona kwa moseja ga lewatle, ba mo raya ba re: “Rabi, o tsile leng kwano?”
26Jesu a ba fetola a re: “Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, lo a mpatla, e seng ka gobo lo bonye ditshupo, mme e le ka gobo lo jele dinkgwe, lwa kgora. 27Se direleng dijo tse di nyelelang, direlang dijo tse di nnelang go ya go fitlha botshelong jo bo sa khutleng, tse Morwa Motho o tlaa di lo nayang; gonne ke ene yo Rara, e bong Modimo, o mmeileng lotshwao.”
28Foo ba mo raya ba re: “Re na le go dirang, gore re dire ditiro tsa Modimo?”
29Jesu a ba fetola a re: “Tiro ya Modimo ke e, gore lo dumele mo go ene yo o mo romileng.”
30Foo ba mo raya ba re: “O dirang fela se e leng sesupo, gore re bone, re be re dumele mo go wena? O dirang? 31 Borraetsho ba ne ba ja mana mo nageng; jaaka go kwadilwe ga twe: ‘O ba neile senkgwe se se tswang legodimong go se ja.’ ”
32Foo Jesu a ba fetola a re: “Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, e ne e se Moše yo o lo neileng senkgwe se se tswang legodimong; mme Rre o lo naya senkgwe sa ammaaruri se se tswang legodimong; 33gonne senkgwe sa Modimo ke se se fologang se tswa legodimong, mme se naya lefatshe botshelo.”
34Foo ba mo raya ba re: “Morena, re neye senkgwe seo ka metlha yotlhe.”
35Jesu a ba raya a re: “Ke nna senkgwe sa botshelo; yo o tlang mo go nna, ga a ketla a bolawa ke tlala, le yo o dumelang mo go nna, ga a ketla a nyorwa gope. 36Ke lo reile ka re, lo mponye, le fa go ntse jalo ga lo dumele. 37Botlhe ba Rara o ba nnayang ba tlaa tla mo go nna; mme yo o tlang mo go nna, ga nketla ke mo kgoromeletsa ntle gope. 38Gonne ke fologile kwa legodimong, ke sa tle go dira go rata ga me, fa e se go rata ga yo o nthomileng. 39Go rata ga yo o nthomileng, ke gore, gotlhe mo o go nneileng ke se ka ka latlhegelwa ke sepe, fa e se gore ke tle ke se tsose mo letsatsing la bofelo. 40Gonne go rata ga Rre ke mo, gore mongwe le mongwe yo o bonang Morwa Modimo, a mo dumela, a bone botshelo jo bo sa khutleng; mme ke tlaa mo tsosa mo letsatsing la bofelo.”
41Foo Bajuta ba ngongorega ka ga gagwe, ka gobo a rile: “Ke nna senkgwe se se fologileng se tswa legodimong.” 42Ba re: “Yo, a ga se Jesu morwa Josefe, yo borraagwe le mmaagwe re ba itseng? O bua jang gompieno, a re: ‘Ke fologile ke tswa legodimong’?”
43Jesu a ba fetola a re: “Se ngongoregeng mo go lona. 44Ga go motho ope yo o ka tlang mo go nna, fa Rara yo o nthomileng a sa mo goge, mme ke tlaa mo tsosa mo letsatsing la bofelo. 45 Go kwadilwe mo baperofeting ga twe: ‘Ba tlaa rutwa ke Modimo botlhe fela.’ Mongwe le mongwe yo o utlwileng mo go Rara, mme a ithutile, o tla mo go nna. 46Ga se gore mongwe o kile a bona Rara, fa e se yo o tswang kwa Modimong, ke ene yo o bonyeng Rara. 47Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya: Yo o dumelang mo go nna o na le botshelo jo bo sa khutleng. 48Ke nna senkgwe sa botshelo. 49Borraeno ba kile ba ja mana mo nageng, mme ba sule. 50Se ke sone senkgwe se se fologang se tswa legodimong, gore motho a se je, mme a se ka a swa. 51Ke nna senkgwe se se tshedileng se se fologileng se tswa legodimong; fa motho le fa e le mang a ja senkgwe se, o tlaa tshela ka bosakhutleng; ee, le gone senkgwe se ke tlaa se ntshang ke nama ya me, gore e nne botshelo jwa lefatshe.”
52Foo Bajuta ba nna kgang ba re: “Ana motho yo, o ka re naya nama ya gagwe jang go e ja?”
53Foo Jesu a ba raya a re: “Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, fa lo sa je nama ya Morwa Motho, fa lo sa nwe madi a gagwe, ga go na botshelo mo go lona. 54Yo o jang nama ya me, a ba a a nwa madi a me, o na le botshelo jo bo sa khutleng; mme ke tlaa mo tsosa mo letsatsing la bofelo. 55Gonne nama ya me ke sejo ruri, le madi a me ke seno ruri. 56Yo o jang nama ya me, a ba a a nwa madi a me, o ntse mo go nna, le nna mo go ene. 57Jaaka Rara yo o tshedileng a nthomile, mme ke tshela ka ntlha ya ga Rara; jalo le ene yo o njang, o tlaa tshela ka ntlha ya me. 58Se ke sone senkgwe se se fologileng se tswa legodimong, ga se mo go etsang jaaka borara ba kile ba ja, mme ba sule; yo o jang senkgwe se, o tlaa tshela ka bosakhutleng.”
59Dilo tse a di bua mo ntlong ya thuto, ka a ruta mo Kaperenaume.
Mafoko a botshelo jo bo sa khutleng
60Barutwa ba gagwe ba le bantsi, ba re ba utlwa jalo, ba re: “Lefoko le ke lefoko le le thata; e mang yo o ka le utlwang?”
61Mme Jesu, ka a itse ka esi fa barutwa ba gagwe ba ngongoregetse mo, a ba raya a re: “A golo mo go a lo kgopisa? 62Ana lo ne lo tlaa reng fa lo bona Morwa Motho a tlhatlogela kwa o ne a le teng pele? 63Mowa ke one o rudisang; nama ga e thuse sepe; mafoko a ke a buileng le lona, ke one a a leng mowa, e bile a botshelo. 64Mme go na le bangwe ba lona ba ba sa dumeleng.” Gonne Jesu o ne a itse, le ka tshimologo, ba e leng bone ba ba sa dumeleng, le yo o tlaa mo okang. 65Mme a re: “Ke gone ke lo reileng ka re, ga go motho ope yo o ka tlang mo go nna, fa a se ka a go newa ke Rara.”
66Ya re ka moo barutwa ba gagwe ba le bantsi ba tenega, ba se ka ba tlhola ba tsamaya nae. 67Ke gone Jesu a raya ba ba 12 a re: “A le lona lo rata go tsamaya?”
68 Simone Petere a mo raya a re: “Morena, ana re ka ya kwa go mang? Wena o na le mafoko a botshelo jo bo sa khutleng. 69Re dumetse, re bile re a itse fa e le wena Moitshepi wa Modimo.”
70Jesu a ba fetola a re: “A ga ke a lo itshenkela, lona ba ba 12, mme mongwe wa lona ke diabolo?” 71Mme a bo a bua ka ga Jutase morwa Simone Isekariote, gonne e le ene yo o tlaa mo okang, e le mongwe wa ba 12.

Currently Selected:

JOHANE 6: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy