YouVersion Logo
Search Icon

JOHANE 3

3
Jesu le Nikotemo
1Jaana ga bo go le motho wa Bafarisai go twe Nikotemo, molaodi mongwe wa Bajuta. 2A tla kwa go Jesu go le bosigo, a mo raya a re: “Rabi, re a itse fa o le moruti yo o tswang kwa Modimong, gonne ga go motho ope yo o ka dirang ditshupo tse o di dirang fa Modimo o se na nae.”
3Jesu a mo fetola a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke a go raya, fa motho a sa tsalwe seša, ga a ka ke a bona bogosi jwa Modimo.”
4Nikotemo a mo raya a re: “Motho o ka tsalwa jang a tsofetse? A o ka ba a tsena lwa bobedi mo sebopelong sa ga mmaagwe, mme a tsalwa?”
5Jesu a mo fetola a re: “Ammaaruri, ammaaruri, ke a go raya, fa motho a sa tsalwe ka metsi le Mowa, ga a ka ke a tsena mo bogosing jwa Modimo. 6Se se tsetsweng ke nama ke nama; mme se se tsetsweng ke Mowa ke mowa. 7O se gakgamale ka gobo ke go reile ka re, lo na le go tsalwa seša. 8Phefo e fokela kwa e go ratang, mme o utlwa go suma ga yone, mme ga o itse kwa e tswang le kwa e yang teng; mme mongwe le mongwe yo o tsetsweng ke Mowa o ntse jalo.”
9Nikotemo a mo fetola a re: “Dilo tse di ka nna jalo jang?”
10Jesu a mo fetola a re: “A o moruti wa Iseraele, mme o sa tlhaloganye dilo tse? 11Ammaaruri, ammaaruri, ke a go raya, rona re bua se re se itseng, re supa se re se bonyeng; mme lona ga lo tshole tshupo ya rona. 12Fa ke lo bolelela dilo tsa selefatshe lo sa dumele, lo tlaa dumela jang, fa ke lo bolelela dilo tsa selegodimo? 13Ga go a tlhatlogela ope kwa legodimong, fa e se ene yo o fologileng kwa legodimong, e bong Morwa Motho yo o kwa legodimong.
14 “Mme jaaka Moše a kile a tlhatlosa noga kwa gare ga naga, Morwa Motho o na le go tlhatlosiwa fela jalo; 15gore le fa e le mang yo o dumelang a bone botshelo jo bo sa khutleng mo go ene. 16Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalokalo, wa ntsha Morwa one yo o tsetsweng a le esi, gore le fa e le mang yo o dumelang mo go ene a se ka a nyelela, mme a bone botshelo jo bo sa khutleng. 17Gonne Modimo ga o a ka wa roma Morwa one mo lefatsheng go sekisa lefatshe, mme e le gore lefatshe le bolokwe ka ene.
18“Yo o dumelang mo go ene ga a sekisiwe; yo o sa dumeleng o sekisitswe le gompieno, ka a se ka a dumela mo ineng la Morwa Modimo yo o tsetsweng a le esi. 19Tshekiso ke e, gore lesedi le tsile mo lefatsheng, mme batho ba ratile lefifi bogolo go lesedi; gonne ditiro tsa bone di ne di le bosula. 20Gonne mongwe le mongwe yo o dirang bosula o ila lesedi, o a ba a sa tle leseding, e tle e re kgotsa ditiro tsa gagwe di kgalemelwe. 21Yo o dirang boammaaruri o tla leseding, gore ditiro tsa gagwe di senolwe, fa di dirilwe mo Modimong.”
Johane o bolela ka ga Jesu
22E rile morago ga dilo tse, Jesu a tla mo lefatsheng la Jutea, a na le barutwa ba gagwe; mme a diega nabo gone a kolobetsa. 23Johane le ene a bo a kolobetsa mo Ainone, gaufi le Salime, gonne metsi a ne a le magolo teng; mme ba tla ba kolobediwa, 24 gonne Johane o ne a ise a tsenngwe mo ntlong ya kgolegelo.
25Ke gone ka moo potso e ne ya tsoga, barutwa ba ga Johane ba botsanya le Mojuta mongwe ka ga bontlafatso. 26Mme ba ya kwa go Johane, ba mo raya ba re: “Rabi, yo o ne o na nae kwa moseja ga Joretane, yo o supileng ka ga gagwe, bona o a kolobetsa, mme batho botlhe ba ya kwa go ene.”
27Johane a ba fetola a re: “Motho ga a ka ke a amogela sepe, fa a se ka a se newa se tswa kwa legodimong. 28 Le lona ka losi lo basupi ba me, fa ke rile, ga ke Keresete, fa e se gore ke romilwe pele ga gagwe fela. 29Yo o nang le monyadwi ke monyadi; mme tsala ya monyadi, yo o emeng a mo utlwa, o itumelela lentswe la monyadi thata; ke gone boitumelo jo jwa me bo diretse. 30Ene o na le go gola, mme nna ke na le go ngotlafala.
Yo o dumelang o na le botshelo jo bo sa khutleng
31“Yo o tswang kwa godimo o godimo ga botlhe; yo o leng wa lefatshe ke wa lefatshe, o bua ga lefatshe; yo o tswang legodimong o godimo ga botlhe. 32Se o se bonyeng a se utlwa, ke sone se o se supang; ga go ope yo o amogelang tshupo ya gagwe. 33Yo o amogetseng tshupo ya gagwe, o ikwadile a baya sekano sa gagwe sa gore, Modimo o boammaaruri. 34Gonne yo Modimo o mo romileng o bua mafoko a Modimo; gonne ga o abe Mowa ka selekanyo. 35 Rara o rata Morwa, mme o tsentse dilo tsotlhe mo seatleng sa gagwe. 36Yo o dumelang mo go Morwa Modimo o na le botshelo jo bo sa khutleng, mme yo o ganang go utlwa Morwa Modimo, ga a ketla a bona botshelo, mme bogale jwa Modimo bo ntse mo go ene.”

Currently Selected:

JOHANE 3: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy