YouVersion Logo
Search Icon

JOHANE 13

13
Jesu o tlhapisa dinao tsa barutwa ba gagwe
1Jaana e rile pele ga modiro wa Tlolaganyo, Jesu ka a itse fa lobaka lwa gagwe lo fitlhile, lwa go tswa mo lefatsheng leno a ya go Rara, e re ka a ratile ba gagwe ba ba mo lefatsheng, a ba ratela ruri go ya bokhutlong.
2Ya re ka lobaka lwa go jewa selalelo, diabolo a setse a tlhotlheleditse pelo ya ga Jutase Isekariote, morwa Simone, gore a mo oke, 3Jesu, ka a itse fa Rara a mo neetse dilo tsotlhe mo diatleng, le jaaka a ne a tswa Modimong, a bile a ya Modimong, 4a ema ka dinao mo selalelong, a baya diaparo tsa gagwe tsa ka fa godimo, mme a tsaya sephimolo, a ikgatlha ka sone. 5Foo a thela metsi mo mogotswaneng, a simolola go tlhapisa dinao tsa barutwa, a di phimola ka sephimolo se o ikgatlhileng ka sone. 6Jalo a tla mo go Simone Petere. Mme ene a mo raya a re: “Morena, a ke wena o ka ntlhapisang dinao?”
7Jesu a mo fetola a re: “Se ke se dirang ga o se itse gompieno; mme o tlaa nama o se tlhaloganya.”
8Petere a mo raya a re: “Ga o ketla o ntlhapisa dinao gope.” Jesu a mo fetola a re: “Fa ke sa go tlhapise, ga o na kabalano le nna.”
9Simone Petere a mo raya a re: “Morena, e seng dinao tsa me tsosi, mme le diatla tsa me le tlhogo ya me.”
10Jesu a mo raya a re: “Yo o sapileng ga a tlhoke go tlhapa fa e se mo dinaong fela, mme o ba a le montle gotlhe fela; le lona lo bantle, mme e seng lotlhe.” 11Gonne o ne a itse yo o tlaa mo okang; ke gone o rileng: “Ga lo bantle lotlhe.”
12 Jalo e rile a sena go ba tlhapisa dinao, le go tsaya diaparo tsa gagwe, a ba a dula, a ba raya a re: “A lo a itse se ke se lo diretseng? 13Lo tle lo mpitse Moruti le Morena, mme lo bo lo bua sentle, gonne ke ntse jalo. 14Ke gone, fa nna yo ke leng Morena le Moruti, ke tlhapisitse dinao tsa lona, le lona lo tshwanetse go tlhapisanya dinao. 15Gonne ke lo beetse sekao, gore le lona lo dire jaaka ke lo diretse. 16 Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, motlhanka ga a mogolo go feta morena wa gagwe; le yo o romilweng ga a mogolo go feta yo o mo romileng. 17Fa lo itse dilo tse, lo sego fa lo di dira.
18 “Ga ke bue ka ga lona lotlhe, ke a ba itse ba ke ba itshenketseng, mme ke gore lokwalo lo dirale lo lo reng: ‘Yo o jang senkgwe sa me, o ntsholeleditse serethe sa gagwe.’ 19Jaanong ke lo bolelela go sa le gale, go ise go dirafale, gore e tle e re go dirafala, lo bo lo dumele fa ke le ene. 20 Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, yo o tsholang yo ke mo romang o tshola nna; mme yo o tsholang nna o tshola ene yo nthomileng.”
Jesu o bolela fa a tlaa okiwa
(Math 26:20-25; Mar 14:17-21; Luke 22:21-23)
21E rile Jesu a sena go bua jalo, a fuduega mo moweng, mme a supa a re: “Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, mongwe wa lona o tlaa nkoka.”
22Barutwa ba kobana, ba akabala gore o raya mang. 23Mme fa lomating lwa bojelo, ga bo go le mongwe wa barutwa ba gagwe yo Jesu o mo ratang, a ikaegile fa sehubeng sa ga Jesu. 24Foo Simone Petere a mo gwetlha, a mo raya a re: “Re bolelele yo Morena o buang ka ga gagwe.”
25Mme yoo, ya re jaaka a ikaegile fa sehubeng sa ga Jesu, a mo raya a re: “Morena, ke mang?”
26Jesu a mo fetola a re: “Ke yo ke tlaa mo inelang thathana, ke e mo naya.” Jalo ya re a sena go ina thathana, a e naya Jutase morwa Simone Isekariote. 27Ya re morago ga thathana, Satane a tsena mo go ene. Foo Jesu a mo raya a re: “Se o se dirang o se dire ka bonako.” 28Mme ga bo go se ope fa lomating lwa bojelo yo o itseng ka fa o buang lefoko le nae ka gone. 29Gonne ya re ka Jutase a tshotse kgetsana ya madi, bangwe ba gopola gore Jesu o mo raya gore, a ye go rekela modiro dilo tse ba di tlhokang; kgotsa a abele bahumanegi sengwe.
Taolo e ntšha
30Ke gone e rileng a sena go amogela thathana a akofa a tswela kwa ntle; mme ga bo go le bosigo.
31Ke gone e rileng a sena go tswa, Jesu a re: “Jaanong Morwa Motho o galaleditswe, le Modimo o galaleditswe mo go ene; 32Modimo o tlaa mo galaleletsa mo go one ka osi, o tlaa akofa o mo galaletsa. 33 Banyana, ke sa ntse ke na le lona ka lobakanyana. Lo tlaa mpatla; mme jaaka ke reile Bajuta ka re: Kwa ke yang teng, ga lo ka ke lwa ya go fitlha teng; le gompieno ke bua jalo le lona. 34 Ke lo naya taolo e ntšha, ya go re, lo ratane; fela jaaka ke lo ratile go re, le lona lo ratane. 35Batho botlhe ba tlaa itse fa lo le barutwa ba me ka mo, fa lo ratana.”
Jesu o bolela fa Petere a tlaa mo itatola
36Simone Petere a mo raya a re: “Morena, o ya kae?” Jesu a mo fetola a re: “Kwa ke yang teng ga o ka ke wa ntshala morago gompieno; mme o tlaa nama o ntatela.”
37Petere a mo raya a re: “Morena, ke bo ke sa ka ke ka go sala morago le fa e le gompieno, go bo go dirile jang? Aitse ke tlaa go beela botshelo jwa me.”
38Jesu a mo fetola a re: “A o a bo o tlaa mpeela botshelo jwa gago? Ammaaruri, ammaaruri, ke a go raya, koko e tona ga e ketla e lela, o ise o bo o intatole gararo.

Currently Selected:

JOHANE 13: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy