YouVersion Logo
Search Icon

HABAKUKE 1

1
Habakuke o ngongoregela molao wa patiko
1Molaetso o Habakuke moperofeti o ne a o bona.
2Jehofa, ke tlaa goa ka lobaka lo lo kae mme o ntse o gana go utlwa? Ke goele koo go wena ka ga bothubako, mme o gana go boloka. 3Ana o ntshupetsa boikepo ka ntlha yang, mme o lebelang logwadi? Gonne thopo le thubako di fa pele ga me; e bile go kgang, komano le yone e a tsoga. 4Ke gone ka moo molao o repisitsweng, le katlholo ga e tlhole e tswelela gope; gonne baikepi ba dikanyeditse basiami; ke gone ka fa katlholo e tswelelang pele e sokamisitswe ka gone.
Phetolo ya ga Jehofa
5 “Lebang mo gare ga merafe, mme lo tlhokomele lo bo lo gakgamale segolo; gonne ke dira tiro mo metlheng ya lona, e lo se ketlang lo e dumela le fa lo e boleletswe. 6 Gonne bonang, ke tsosa Bakalatea, morafe oo o o bogalaka, o o phomelang; ba ba tsamaelang gongwe ba ralala boatlhamo jwa lefatshe, ba ya go rua manno a e seng a bone. 7Ba a boitshega, ba theregiso; go itshekatshekela ga bone le tlotlomalo ya bone di tswa mo go bone ka bosi.
8“Le dipitse tsa bone di lobelo bogolo go bonkwe, ba bogale bogolo go matlonkana a lotlatlana; bapalama dipitse ba bone ba a iphalatsa; ee, bapalama dipitse ba bone ba tswa kgakala; ba fofa jaaka lenong le le akofelang go ja.
9“Botlhe fela ba tlela go thubaka; difatlhogo tsa bone di gagametse, di gaketse jaaka phefo ya botlhabatsatsi; ba phutha ditshwarwa jaaka mošawa. 10Ee, o sotla ka dikgosi, le dikgosana, ke setshego mo go ene; a tshege dikago tsotlhe tse di thata tsa phemelo; gonne o koela lorole kwa go tsone, mme a di gape. 11Foo o tlaa heheutla a feta jaaka phefo, a kgabaganya, mme a nne molato; e bong ene yo thata ya gagwe e leng modimo wa gagwe.”
Habakuke o ngongoregela Jehofa gape
12A ga o sale o nna ka bosenang tshimologo, Jehofa Modimo wa me, Moitshepi wa me? Ga re ketla re e swa. Jehofa, o mo laoletse tshekiso; mme wena Lefika, o mo tlhomamiseditse kwatlhao. 13Wena yo o leng matlho a a itshekileng, a a sa kakeng a leba bosula, le a a sa kakeng a leba logwadi, ana o lebelang fela bone ba ba bonongwana? O didimalelang mogang moikepi o kometsang motho yo o siameng bogolo go ene, 14a ba a kae batho jaaka ditlhapi tsa lewatle, jaaka dilo tse di gagabang, tse di se nang yo o di laolang. 15O ba tshwara botlhe ka kobe, a ba tshware ka lotloa lwa gagwe, a ba phuthele mo lotloeng lwa gagwe lo lo gogwang; ke gone ka moo o itumelang a ipela. 16Ke gone ka moo o isetsang lotloa lwa gagwe tlhabelo, le lotloa lwa gagwe lo lo gogwang a lo fisetsa maswalo; gonne kabelo ya gagwe e mafura ka ntlha ya tsone ditloa, le dijo tsa gagwe di letlotlo.
17Ke gone a o tlaa ololola lotloa lwa gagwe, a se ke a rekegela go bolaya merafe ka metlha yotlhe?

Currently Selected:

HABAKUKE 1: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy