YouVersion Logo
Search Icon

BAGALATIA 1

1
Ditumediso
1Ke nna Paulo, moaposetole, yo o sa bewang ke batho, le fa e le ka motho, fa e se ka Jesu Keresete le Modimo Rara, o o mo tsositseng mo baswing, 2le bakaulengwe botlhe ba ke nang nabo; ke kwalela diphuthego tsa Galatia.
3Ka re: Tshegofatso e nne le lona, le kagiso e e tswang mo Modimong Rara, le Morena wa rona Jesu Keresete, 4yo o intsheditseng dibe tsa rona, gore a re golole mo metlheng eno e e bosula, ka fa go rateng ga Modimo le Rara wa rona. 5Yo kgalalelo e ka kang ya nna kwa go ene ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Amen.
Mafoko a a Molemo a mangwe fela
6Ke a gakgamala, ka e le fa lo itlhaganela go tloga mo go ene yo o lo bileditseng mo tshegofatsong ya ga Keresete, lo ineela mo mafokong a a molemo a sele; 7a e bileng e se mafoko a a molemo a sele; mme go na le bangwe ba ba lo huduang, ba rata go sokamisa Mafoko a a Molemo a ga Keresete. 8Le fa e ka bo e le rona, kgotsa e le moengele yo o tswang legodimong, fa a ka lo rerela mafoko a a molemo a sele, kwa ntle ga a re a lo reretseng, a a hutsege. 9Jaaka re buile gale, ke bile ke bua jalo gape ka re: Fa motho mongwe a lo rerela Mafoko a a Molemo a sele, kwa ntle ga a lo a amogetseng, a a hutsege.
10A ke ntse jaana, a ke lekela ntlheng ya batho, kgotsa ya Modimo? Kgotsa a ke leka go kgatlha batho? Fa ke ne ke sa ntse ke kgatlha batho, nka bo fano ke se motlhanka wa ga Keresete.
Paulo o nna moaposetole
11Gonne ke a lo itsise, bagaetsho, ka ga Mafoko a a Molemo a a rerilweng ke nna, ka re, ga a ka fa mothong. 12Gonne le nna ga ke a a amogela mo mothong, le gone ga ke a a rutwa, mme a tsile mo go nna ka tshenolo ya ga Jesu Keresete.
13 Gonne lo utlwile ka ga mokgwa wa botshelo jwa me mo metlheng e e fetileng, jale ke le mo tumelong ya Sejuta, ka fa ke ntseng ka bogisa phuthego ya Modimo ka teng ka thata e kgolo, ka ba ka e senyaka. 14 Ka golela pele mo tumelong ya Sejuta, go feta bankana ba me ba le bantsi mo go bagaetsho, ka ke ne ke tlhoafaletse melawana ya borraetsho ka thata e e feteletseng.
15 E rile ka go kgatlha Modimo, o o sa leng o ntomolola le mo sebopelong sa ga mme, wa ba wa mpitsa ka tshegofatso ya one. 16Ka re, ga kgatlha one go senola Morwa one mo go nna, gore ke tle ke mo rere mo go Baditšhaba; fela foo ga ke a ka ka gakololana le nama le madi; 17le gone ga ke a ka ka tlhatlogela kwa Jerusalema, kwa go ba e neng e le baaposetole pele ga me; mme ka akofa ka ya kwa Arabia; ka ba ka boela kwa Damaseko. 18 Foo e rile dinyaga di le tharo di sena go feta, ka tlhatlogela kwa Jerusalema, ka ya go itsanye le Kefase, ka tlhola nae malatsi a le 15. 19Mme ka se ka ka bona ope o sele wa baaposetole, fa e se Jakobe monnaa Morena.
20Ka ga dilo tse ke di lo kwalelang, bonang, fa pele ga Modimo, ga ke ake.
21Foo ka tla mo mafatsheng a Siria le Kilikia. 22Mme ka bo ke ise ke itsiwe ka sefatlhogo mo diphuthegong tsa Jutea, tse di neng di le mo go Keresete; 23ba ne ba utlwile fela go twe: “Ene yo e rileng gale a bo a re bogisa, jaanong o rera tumelo e e rileng gale a bo a e senya.” 24ba galaletsa Modimo ka nna.

Currently Selected:

BAGALATIA 1: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy