YouVersion Logo
Search Icon

MAREKO 3

3
Monna yo o seatla se omeletseng
(Math 12:9-14; Luke 6:6-11)
1Motlha mongwe a ba a tsena gape mo ntlong ya thuto; mme ga bo go le monna mongwe gone yo o seatla se omeletseng. 2Mme ba mo lepa gore a o tlaa mo fodisa ka letsatsi la Sabata; gore ba tle ba mo neye molato. 3Mme a raya monna yo o seatla se omeletseng a re: “Ema fa gare fa.” 4A ba raya a re: “A go letleletswe go dira molemo ka letsatsi la Sabata, kgotsa go dira bosula, go boloka botshelo, kgotsa go bolaya?” Mme ba didimala fela.
5Ya re a sena go ba kobakoba ka bogale, ka a tlhokofadiwa ke go thatafala ga dipelo tsa bone, a raya monna yoo a re: “Otlolola seatla sa gago.” Mme a se otlolola; mme seatla sa gagwe sa fola. 6Bafarisai ba tswa, ba akofa ba ya ba gakololana le Baherote ka fa ba ka mo senyang ka teng.
Bontsintsi fa lotshitshing lwa lewatle
7Mme Jesu a ngongwaelela kwa lewatleng a na le barutwa ba gagwe; mme bontsi jo bogolo jwa batho ba ba tswang Galilea jwa mo sala morago, le ba ba tswang Jutea. 8Le kwa Jerusalema, le kwa Idumea, le kwa moseja ga Joretane, le kwa tikologong ya Ture le Sitone, e le bontsi jo bogolo, ka ba utlwa dilo tse dikgolo tse o di dirang, ba tla kwa go ene. 9 Mme a bua le barutwa ba gagwe gore mokorwana o mo emele, ka ntlha ya bontsi jo bo betaganyeng, e se re kgotsa ba mo pitlaganya. 10O ne a fodisitse batho ba le bantsi; ga ba ga tla ga re botlhe ba ba nang le dipetso ba mo kgotlhaganyetsa, gore ba mo ame. 11Le mewa e e maswe e ne e tle e re e mmona, e wele fa pele ga gagwe, e goe e re: “O Morwa Modimo.”
12Mme a e laya thata a re, e se ka ya mo utlwatsa.
Jesu o tlhopha ba ba 12
(Math 10:1-4; Luke 6:12-16)
13A tlhatlogela mo thabeng, a ipiletsa bone ba ene ka esi o ba ratang, mme ba ya kwa go ene. 14A tlhaola ba le 12 gore ba nne nae, gore a tle a ba rome ba ye go rera Mafoko a a Molemo, 15le gore ba nne le thata ya go kgoromeletsa mewa e e bosula ntle. Mme ke ba:
16Simone a mo okeletsa leina a re, Petere; 17le Jakobe morwa Sebete, le Johane monnawe Jakobe, bone a ba okeletsa leina a re, “Boaneregese”, ke go re: “Bomorwa tumo ya maru”; 18le Anterea, le Filipo, le Baretholomea, le Mathaio, le Thomase, le Jakobe morwa Alefaio, le Thataeo, le Simone wa Mokanana, 19le Jutase Isekariota, yo e leng ene o mo okileng.
Jesu le Beelesebube
(Math 12:22-32; Luke 11:14-23; 12:10)
20A tla mo gae. Bontsi jwa batho jwa kgobokana gape, ba ba ba tla ba retelelwa le ke go ja. 21E rile ditsala tsa gagwe di utlwa, tsa ya go mo tshwara, gonne di ne di re: “O a tsenwa.”
22 Le bakwadi ba ba fologileng kwa Jerusalema ba re: “O na le Beelesebube.” Gape ba re: “O kgoromeletsa ntle mewa e e maswe ka kgosana ya mewa e e maswe.”
23Mme a ba ipiletsa, a bua nabo ka ditshwantsho, a re: “Satane o ka kgoromeletsa Satane ntle jang? 24Fa bogosi bo ikgaogantse, bogosi joo ga bo ka ke jwa ema. 25Ntlo le yone fa e ikgaogantse, ntlo eo ga e ketla e nonofa go ema. 26Fa Satane a itsogologetse, a kgaoganye, ga a ka ke a ema, mme o na le bokhutlo.
27“Ga go na ope yo o ka tsenang mo ntlong ya monna yo o thata, a thopa dilo tsa gagwe, fa a se ka a golega monna yo o thata pele; foo o ka thopa ntlo ya gagwe.
28“Ammaaruri ke a lo raya, dibe tsotlhe tsa bomorwa batho ba tlaa di itshwarelwa, le ditlhapatso tse ba tlhapatsang ka tsone, le fa e ka bo e le dife. 29 Mme le fa e le mang yo o tlhapatsang Mowa o o Boitshepo, ga a na go itshwarelwa gope, o molato wa boleo jo bo se nang bokhutlo.” 30Ya bo e le ka gobo ba rile, Jesu o na le mowa o o maswe.
Mmaagwe Jesu le bomonnawe
(Math 12:46-50; Luke 8:19-21)
31Mme ga tla mmaagwe le bomonnawe; ya re ba eme kwa thoko, ba roma kwa go ene, ba mmitsa. 32Bontsi jwa batho jwa bo bo dutse bo mo dikanyeditse; mme ba mo raya ba re: “Bona, mmaago le bomonnao ba emetse kwa thoko ba a go batla.”
33Ene a ba fetola a re: “Mme e mang le bonnake ke bomang?” 34A kobakoba ba ba dutseng ba mo dikanyeditse a re: “Bonang, mme le bonnake ke ba! 35Gonne le fa e le mang yo o tlaa dirang go rata ga Modimo, ene ke nnake le kgaitsadiake, le mme.”

Currently Selected:

MAREKO 3: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy