Jaana e rile ditsala tsa ga Jobe di le tharo di utlwela bosula jotlhe jo, jo bo tsileng mo go ene, tsa tloga tsa tswa mongwe le mongwe kwa ga gagwe; Elifase wa Motemane, Biletate wa Mošuhe le Sofare wa Monaamathe; ba laletsanya gore ba kgatlhane ba ye go mo hutsafalela le go mo gomotsa. Ya re ba tsholetsa matlho ba sa le kgakala, mme ba sa mo itse, ba tlhatlosa mantswe a bone ba lela; mongwe le mongwe a ikgagola kobo, mme ba kubuelela lorole legodimong godimo ga tlhogo tsa bone. Jalo ba dula nae fa fatshe ka malatsi a supa le masigo a supa, ope a se ka a bua lefoko nae; gonne ba bona fa botlhoko jwa gagwe bo le botona thata.
Read JOBE 2
Share
Compare all versions: JOBE 2:11-13
Save verses, read offline, watch teaching clips, and more!
YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy
Home
Bible
Plans
Videos