YouVersion Logo
Search Icon

JOBE 1

1
Satane o leka tumelo ya ga Jobe
(Jobe 4:1 – 14:22)
1Go kile ga ne go le monna mongwe mo lefatsheng la Use, leina la gagwe go twe Jobe; monna yo o ne a itekanetse, a le thokgamo, e le motho yo o boifang Modimo, a tshaba bosula. 2Mme a tsala bana ba basimane ba supa, le ba basetsana ba le bararo. 3Dithuo tsa gagwe le tsone e le dinku di le 7 000, dikamela di le 3 000, dipholo tsa dikgomo e le tsa bojokwe ba le 500, diesela tse dinamagadi di le 500, ba ntlo ya gagwe ba le bantsi thata; jalo monna yoo a bo a feta bana botlhe ba kwa botlhabatsatsi ka bogolo.
4Bomorwawe ba ne ba tle ba ye go dira modiro mo ntlong ya mongwe le mongwe ka letsatsi la gagwe; mme ba rome ba ye go bitsa bokgaitsadia bone ba bararo, gore ba tle go ja le go nwa nabo. 5Go no go dirale fa malatsi a mediro ya bone a sena go feta, Jobe a rome a ye go ba itshepisa, a phakele a ise ditshupelo tse di fisiwang ka fa palong ya bone botlhe; gonne Jobe a re: “E ka re gongwe bomorwaake ba bo ba leofile, ba itatotse Modimo mo pelong tsa bone.” Jobe a nna a dira jalo ka metlha yotlhe.
6 Jaana go ne go le letsatsi lengwe le bomorwa Modimo ba yang go iponatsa fa pele ga Jehofa ka lone, Satane le ene a ya nabo. 7Jehofa a raya Satane a re: “O tswa kae?” Foo Satane a fetola Jehofa, a re: “Ke tswa go kgarakgatshega mo lefatsheng, le go tsamayatsamaya mo go lone.”
8Jehofa a raya Satane a re: “A o ntse o tlhokometse motlhanka wa me Jobe, gonne ga go na ope yo o tshwanang nae mo lefatsheng, e le monna yo o itekanetseng, yo o siameng, motho yo o boifang Modimo, a tshaba bosula?”
9 Foo Satane a fetola Jehofa, a re: “A Jobe o boifa Jehofa ka lefela? 10A ga o a mmeela mo tikologong ya gagwe le ntlo ya gagwe le tsotlhe tse o nang natso ka ntlha tsotlhe? O segofaditse tiro ya diatla tsa gagwe, le dithuo tsa gagwe di atile mo lefatsheng. 11A ko o ntshe seatla sa gago jaana, o ame tsotlhe tse o nang natso, mme o tlaa go itatola mo matlhong a gago.”
12Mme Jehofa a raya Satane a re: “Bona, dilo tsotlhe tse o nang natso di mo thateng ya gago; fa e se ene fela sebele, o se ka wa ntshetsa ene seatla.” Mme Satane a tswa fa pele ga Jehofa.
Bana le dikhumo tsa ga Jobe di a nyelediwa
13Ga dirala ya re ka letsatsi lengwe bomorwa Jobe le bomorwadie ba ja ba nwa bojalwa jwa mofine mo ntlong ya mogolo wa bone. 14Ga tla morongwa kwa go Jobe, a re: “Dikgomo di ne di lema le diesele di fula fa go tsone; 15Basabea ba di tlhasela, ba di gapa; ee, ba bolaile batlhanka ka bogale jwa tšhaka; go falotse nna ke le nosi fela ke tla go go bolelela.”
16Ya re yoo a sa ntse a bua, ga ba ga tla yo mongwe, a re: “Molelo wa Modimo o ole kwa legodimong, mme o laitse dinku, wa di nyeletsa le batlhanka; go falotse nna ke le nosi fela ke tla go go bolelela.”
17Ya re yoo a sa ntse a bua, ga ba ga tla yo mongwe a re: “Bakalatea ba ne ba itira ditlhopha di le tharo, ba tlhasela dikamela, ba di gapa, ee, ba bile ba bolaile batlhanka ka bogale jwa tšhaka, go falotse nna ke le nosi ke tla go go bolelela.”
18E rile yoo a sa ntse a bua, ga ba ga tla yo mongwe a re: “Bomorwao le bomorwadio ba ne ba ja ba nwa bojalwa jwa mofine mo ntlong ya mogoloa bone; 19mme bona, ga tswa sefefo se segolo kwa nageng, sa itaya dikgokgotsho tsa ntlo tsoo nne, mme ya wela makau, mme a sule; go falotse nna ke le nosi fela ke tla go go bolelela.”
20Foo Jobe a nanoga, a ikgagola kobo, a ipeola tlhogo, a wela fa fatshe, a obama; 21mme a re:
“Ke dule mo sebopelong sa ga mme
ke sa ikatega,
ke tlaa boela gone ke sa ikatega;
Jehofa o ne a nneile,
mme Jehofa o tlositse;
a go bakwe leina la ga Jehofa.”
22Mo go tsotlhe tse Jobe ga a ka a leofa, le fa e le go kaya Modimo boatla.

Currently Selected:

JOBE 1: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy