YouVersion Logo
Search Icon

HOSEA 14

14
Hosea o ikuela mo go Iseraele go boela mo Moreneng
1Iseraele we, boela mo go Jehofa Modimo wa gago; gonne o ole ka boikepo jwa gago. 2Yang le mafoko, lo boele mo go Jehofa; lo mo reye lo re: “Tlosa boikepo jotlhe, mme o amogele se se molemo; jalo re tlaa isa tshupelo ya melomo ya rona jaaka e ka bo e le dikgomo. 3Ašure ga a ketla a re boloka; re tlaa gana go palama dipitse; le gone ga re ketla re tlhola re raya tiro ya diatla tsa rona re re: ‘Lo medimo ya rona;’ gonne lesiela le bona kutlwelobotlhoko mo go wena.”
4“Ke tlaa fodisa tenego ya bone,
ke tlaa ba rata
ka go thama ga pelo fela;
gonne bogale jwa me
bo mo fapogile.
5Ke tlaa nna jaaka monyo
mo go Iseraele;
o tlaa thunya
jaaka thunyo ya lesoma,
mme o tlaa nama metswe
jaaka Lebanone.
6Dikala tsa gagwe
di tlaa nna maphatladika,
le bontle jwa gagwe
bo tlaa nna jaaka jwa motlhware
le lonko lwa gagwe
jaaka lwa Lebanone.
7Ba ba agileng
fa tlase ga moriti wa gagwe
ba tlaa boa;
ba tlaa rulwa jaaka mabele,
ba thunya jaaka mofine.
Lonko lwa gagwe
lo tlaa nna jaaka lwa bojalwa
jwa mofine jwa Lebanone.
8Eferaime o tlaa re:
‘Ke sa tlhola ke dirang
ka ditshwantsho tse di setilweng?’
Ke mo arabile,
mme ke tlaa mo tlhokomela;
ke ntse jaaka setlhare sa mofira
o motala;
loungo lwa gago
lo bonwa mo go nna.”
9Yo o botlhale ke mang, mme o tlaa tlhaloganya dilo tse? Le yo o bonokopela, mme o tlaa di itse? Gonne ditsela tsa ga Jehofa di siame, mme ba ba tshiamo ba tlaa sepela mo go tsone; batlhodi bone, ba tlaa wa mo go tsone.

Currently Selected:

HOSEA 14: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy