YouVersion Logo
Search Icon

1 TIMOTHEO 1

1
Tumediso
1Ke nna Paulo, moaposetole wa ga Keresete Jesu ka fa taolong ya Modimo Moreboloki, le Keresete Jesu tsholofelo ya rona.
2 Ke kwalela Timotheo, ngwanake ruri mo tumelong, ka re: A go nne tshegofatso, le kutlwelobotlhoko, le kagiso, tse di tswang Modimong Rara le Keresete Jesu Morena wa rona.
Tlhagiso kgatlhanong le thuto e e seng yone
3Jaaka ke go laile, ka re, o tle o sale mo Efeso, jale ka ke ya Maketonia, gore o tle o laye batho bangwe, gore ba se ka ba ruta ka thuto e sele. 4Le fa e le go tlhokomela mainane le dipalo tse di senang bokhutlo tsa ditshika, e le mo go tlhotlheletsang dikgang fela, bogolo go go tlhotlheletsa tirelo ya Modimo e e emeng mo tumelong; ke sa ntse ke bua jalo le gompieno. 5Bofelelo jwa tao eo ke lorato lo lo tswang mo pelong e e itshekileng, le segakolodi se se molemo, le tumelo e e se nang boitimokanyo. 6E le dilo tse bangwe ba e rileng ba sena go di fosa ba fapogela kwa go bueng boithamako. 7Ba eletsa go nna baruti ba molao, le mororo ba sa tlhaloganye se ba se buang, le fa e le se ba tlhomamisang ka ga sone.
8Mme re a itse fa molao o le molemo, fa motho a dira ka one ka fa go laotsweng ka teng, 9a ntse a itse gore molao ga o a beelwa motho yo o siameng, fa e se ba ba ipheferang mo molaong, le ba ba ganang taolo, le ba ba sa boifeng Modimo, le baleofi, le ba ba sa itshepang, le ba ba matlhapa, le babolaya borraabo, le babolaya bommaabo, le babolai ba batho, 10le bagokafadi, le basotoma, le bautswa batho, le baaki, le ba ba buang maaka ka go ikana, le fa go ka bo go na le selo se sele se se tlhabanang le thuto e e itekanetseng; 11ka fa Mafokong a a Molemo a kgalalelo ya Modimo o o bakwang, a ke a neetsweng.
Paulo o lebogela boutlwelobotlhoko jwa Modimo
12Ke leboga ene yo o nneileng nonofo, e bong Keresete Jesu Morena wa rona ka a nkaile boikanngo, a ntaolela tirelo ya gagwe; 13 le fa gale ke ne ke le mokgadi, le mmogisi le mosenyi, le fa go ntse jalo ka bona boutlwelobotlhoko ka ke go dirile ka go tlhoka go itse, ke sa dumela; 14mme tshegofatso ya Morena wa rona ya tota thata ka tumelo le lorato lo lo mo go Keresete Jesu. 15Go boikanngo lefoko le, le bile le tshwanetse kamogelo yotlhe, le le reng, Keresete Jesu o ne a tla mo lefatsheng go boloka baleofi; ba ke leng tlhogo mo go bone. 16Le fa go ntse jalo ka bona boutlwelobotlhoko ka ntlha ya gore Jesu Keresete a bonatse bopelotelele jwa gagwe jotlhe mo go nna, ke le wa tlhogo, gore e nne sekao sa ba ba tlaa namang ba dumela mo go ene, go tla ba bona botshelo jo bo sa khutleng. 17Jaana a Kgosi e e ntseng fela e se na tshimologo, le fa e le bokhutlo e e se keng e swa, e e se keng e bonwa, e e leng Modimo o o osi, e newe tlotlo le kgalalelo ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Amen.
18Taelo e ke a e go neela ngwanaka Timotheo, ka fa diperofesong tse di kileng tsa go etelela pele, gore o tle o tlhabane ntwa e e molemo ka tsone; 19o ntse o tshegeditse tumelo le segakolodi se se molemo; se bangwe ba e rileng ba sena go se kgoromeletsa koo, ba sala ba senyega ka ga tumelo, 20ba Humenaio le Alekesantere e leng ba bone; ba ke ne ke ba neela Satane, gore ba rutwe go lesa go tlhapatsa Modimo.

Currently Selected:

1 TIMOTHEO 1: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy