YouVersion Logo
Search Icon

I PETERE 1

1
Tumediso
1Ke nna Petere, moaposetole wa ga Jesu Keresete, ke kwalela baitshenkedwi ba e leng bajaki ba Phaladi kwa lefatsheng la Ponto, le la Galatia, le la Kapatokia, le la Asia, le la Bithunia, 2ba ba itshenketsweng ka fa kitsetongpele ya Modimo Rara, ka go itshepisiwa ke Mowa, go tla ba bona kutlo, le kgatsho ya madi a ga Jesu Keresete. Ka re: Tshegofatso e nne le lona le kagiso e lo totafalele.
Tsholofelo e e tshedileng
3A go bakwe Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete, o o bileng o re tsaletse go re isa tsholofelong e e tshedileng, ka fa boutlwelong botlhoko jo bogolo jwa one, ka go tsoga ga Jesu Keresete mo baswing. 4Go tla re bona boswa jo bo sa boleng, le jo bo sa leswafalang, le jo bo sa nyeleleng, jo lo bo beetsweng kwa legodimong, 5e bong lona ba lo dibelwang ke thata ya Modimo ka tumelo, go tla lo bona poloko nngwe e e etleetsegetseng go senolwa mo motlheng wa bofelo.
6Mo lo itumelang thata mo go gone, le fa gompieno ka lobakanyana, fa go lopiwa jalo, lo bo lo tsenye mo bohutsaneng ka diteko dingwe le dingwe di le dintsi, 7gore go lekwa ga tumelo ya lona, ka e ratega bogolo go gouta e e nyelelang, le fa e lekilwe ka molelo, go fitlhelwa e le pako le kgalalelo le tlotlo, mo tshenolong ya ga Jesu Keresete; 8yo, le fa lo ise lo mmone lo a mo rata; yo, le fa lo sa mmone gompieno, le fa go ntse jalo, ka lo dumela mo go ene, lo bo lo itumela thata mo go ene, ka boitumelo jo bo sa ka keng jwa bolelwa, jo bo tletseng kgalalelo; 9ka lo amogela bofelelo jwa tumelo ya lona, e bong poloko ya mewa ya lona.
10Ke poloko e baperofeti ba kileng ba botsa, ba ba ba keleka ka tlhoafalo ka ga yone, e bong bone ba ba boleletseng pele ka ga tshegofatso e e neng e tlaa tla mo go lona. 11Ba keleka ka ga motlha, le ka fa motlha oo o tlaa nnang ka teng, o Mowa wa ga Keresete o o neng o le mo go bone o o supang, ka o kaile gale dipogisego tsa ga Keresete, le dikgalalelo tse di tlaa di salang morago. 12Ga senolelwa bone bao fa ba sa itirele, mme ba direla lona ka dilo tseo, tse gompieno lo di itsisitsweng ke ba ba lo reretseng Mafoko a a Molemo, ka Mowa o o Boitshepo o o romilweng o tswa legodimong; e le dilo tse baengele ba eletsang go leba mo go tsone.
Piletso ya go tshelela mo boitshepong
13Ke gone, ka go itlama mo megopolong, lo nne tekano, mme lo tlhome tsholofelo ya lona ka botlalo, mo tshegofatsong e e tlaa tlisiwang mo go lona ka go senolwa ga Jesu Keresete. 14Lo nne jaaka bana ba ba utlwang, lo sa ipope ka fa dithatong tsa lona tsa gale, tsa motlha wa go tlhoka go itse ga lona. 15Mme jaaka yo o lo biditseng a le boitshepo, le lona lo nne boitshepo mo go tsheleng gongwe le gongwe gotlhe ga lona; 16 ka go kwadilwe ga twe: “Lo nne boitshepo; gonne nna ke boitshepo.”
17Fa lo mmitsa jaaka Rraeno, e bong ene yo o atlholang ka fa tirong ya motho mongwe le mongwe e ntseng ka teng, a sa tlhaole batho, lo fetise lobaka lo lo sa ntse lo tlhotsetlhotse ka lone mono, ka poifo. 18Lo ntse lo itse fa lo rekolotswe mo mokgweng wa boithamako wa go tshela ga lona, o lo sa leng lo o rutwa ke borraeno; ka re, lo rekolotswe e seng ka dilo tse di bolang jaaka selefera le gouta; 19fa e se ka madi a a tlhokegang, e kete a kwanyana e e se nang bogole, le fa e le selabe, e bong madi a ga Keresete. 20Yo le gale o sa le a itsiwe pele ga motheo wa lefatshe, mme a senolwa mo bofelong jwa metlha ka ntlha ya lona, 21lona ba lo dumelang ka ene mo Modimong, o o mo tsositseng mo baswing, mme wa mo naya kgalalelo; gore go dumela ga lona, le go solofela ga lona, e nne mo Modimong.
22E re ka lo itshekisitse mewa ka go ineela ga lona mo boammaaruring, lwa tsamaya lwa fitlha mo go rateng bakaulengwe, mo go se nang boitimokanyo, ka re, lo ratane mo pelong ka tlhoafalo; 23ka lo bile lo tsetswe gape, e seng ka peo e e bolang, mme e le ka e e sa boleng, ka lefoko la Modimo le le tshedileng le le nnetseng ruri.
24 Gonne ga twe:
“Nama yotlhe ke bojang,
le go kgaba gotlhe ga yone
go etsa sethunya sa bojang.
Bojang bo a swaba,
sethunya se we;
25mme lefoko la ga Jehofa
le ntse ka bosakhutleng.”
Mme leo ke lone polelo ya Mafoko a a Molemo a lo a reretsweng.

Currently Selected:

I PETERE 1: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy