YouVersion Logo
Search Icon

SAGARIA 1

1
Sagaria o biletsa Bajuta tlhabologong
1Ka ngwaga wa bobedi wa ga Dario, ka kgwedi ya borobedi, Lefoko la Morena la tla kwa go moporofeti Sagaria, morwa Beregia, morwa Ito, la re: 2Morena o ne a galefetse borraeno thata. 3Jaanong o ba ree o re: ‘Morena wa masomosomo o bua jaana a re: Boelang kwa go nna,’ go bua Morena wa masomosomo, ‘foo ke tla boela kwa go lona,’ go bua Morena wa masomosomo. 4‘Se tshwaneng le borraeno ba baporofeti ba pele ba neng ba ba rerela ba re: Morena wa masomosomo o bua jaana a re: Boang tlhe mo ditseleng tsa lona tse di bosula le mo ditirong tsa lona tse di bosula, mme ga ba a ka ba utlwa, ga ba a ka ba ntheetsa,’ go bua Morena. 5‘Borraeno ba kae? Le baporofeti a ba ka phela ka go sa feleng? 6Mme mafoko a me le melao ya me e ke e laetseng baporofeti, batlhanka ba me, a ga e a fitlhela borraeno? mo ba bileng ba sokologa ba re: Tse Morena o neng a ikaeletse go di re direla o di re diretse ka fa go siametseng ditsela tsa rona le ditiro tsa rona ka teng.’ ”
Pono ya ntlha: Dipitse
7E rile ka ngwaga wa bobedi wa ga Dario, ka kgwedi ya 11 – e bong kgwedi ya Sebate – ka letsatsi la 24, Lefoko la Morena la tla kwa go moporofeti Sagaria, morwa Beregia, morwa Ito, jaana: 8Ke ne ka bona pono bosigo, ka bona monna a palame pitse e khunou, a eme mo gare ga metlhakolane kwa tlase; fa morago ga gagwe go le dipitse tse dikhunou le tse dithokwa le tse ditshweu. 9Ka botsa ka re: “Ke bomang ba, Morena wa me?”
Moengele yo o buang le nna a nthaya a re: “Ke tla go supetsa gore ke bomang.” 10Ke fa monna yole yo o emeng mo gare ga metlhakolane a araba a re: “Ke ba Morena o ba romileng go ralala lefatshe.”
11Mme bone ba raya moengele wa Morena yo o neng a eme mo gare ga metlhakolane ba re: “Re tswa go ralala lefatshe, ra fitlhela lefatshe lotlhe le ntse le iketlile, le le mo kagisong.”
12Ke fa moengele wa Morena a bua a re: “Morena wa masomosomo, e tla nna go fitlha leng o ntse o sa utlwele Jerusalema le metse ya Juta botlhoko e o ntseng o e galefetse dinyaga tse di 70 tse?”
13Mme Morena a araba moengele yo o buang le nna ka mafoko a a molemo, ka mafoko a a gomotsang. 14Ke fa moengele yo o buang le nna a nthaya a re: “Rera o re: ‘Morena wa masomosomo o bua jaana a re: Ke fufegetse Jerusalema le Sione ka lefufa le legolo. 15Ditšhaba tse di ikgantshang ke di galefetse ka bogale jo bogolo; gonne ke ne ke galefile go le gonnye fela, mme bone ba ne ba oketsa bosula.’ 16Ke ka moo Morena o buang jaana a re: ‘Ke boetse kwa Jerusalema ka kutlwelo-botlhoko; Ntlo ya me e tla agiwa teng, go bua Morena wa masomosomo, le mogala wa baagi o tla gagamadiwa godimo ga Jerusalema.’
17“Le gona o rere o re: ‘Morena wa masomosomo o bua jaana a re: Metse ya me e tla tlala tse di molemo gape. Morena o tla boa a gomotsa Sione, a itlhaolela Jerusalema gape.’ ”
Pono ya bobedi: Dinaka le bathudi
18Ka ba ka tsholetsa matlho, ka leba, ka bona dinaka di le nne. 19Ka raya moengele yo o buang le nna ka re: “Tseo ke eng?”
A nthaya a re: “Ke dinaka tse di faladitseng Juta le Iseraele le Jerusalema.”
20Ke fa Morena a mpontsha bathudi ba le bane. 21Ka ba ka re: “Bao ba tlile go dirang?”
Ene a re: “Ke tsona dinaka tse di faladitseng Juta, mo go seng ope yo o ka tsholetsang tlhogo, mme bao ba tsile go di tshosa le go digela dinaka tse e leng ditšhaba fa fatshe tse di neng di tsholeleditse lefatshe la Juta lonaka go le falatsa.”

Currently Selected:

SAGARIA 1: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy