YouVersion Logo
Search Icon

RUTHE 1

1
Elimelege le ba lapa la gagwe ba hudugela kwa Moabe
1E rile ka malatsi a puso ya baatlhodi ga nna tlala mo lefatsheng. Ke fa monna mongwe wa kwa Betleheme wa Juta a ya go jaka kwa nageng ya Moabe, ene le mosadi wa gagwe le bomorwawe ka bobedi. 2Leina la monna yoo e ne e le Elimelege, leina la mosadi wa gagwe e le Naomi, maina a bomorwawe ba babedi e le Magelone le Kileone. E ne e le Baeferathi ba Betleheme wa Juta. Jaanong ba fitlha kwa nageng ya Moabe, ba nna teng. 3Mme Elimelege monna wa ga Naomi a swa, ga sala Naomi le bomorwawe ba babedi. 4Bone ba nyala basadi ba Bamoabe; leina la mongwe e le Orepha, leina la yo mongwe e le Ruthe. Ya re ba sena go nna teng dinyaga tse e ka nnang di le some, 5ga ba ga swa Magelone le Kileone ka bobedi jwa bone; mosadi a sala a tlogetswe ke bana ba babedi ba gagwe le monna wa gagwe.
Naomi le Ruthe ba boela kwa Betleheme
6Jaanong a nanoga a na le betsi ba gagwe, a boa kwa nageng ya Moabe; gonne o ne a utlwetse mo nageng ya Moabe ga twe, Morena o babaletse batho ba gagwe, a ba naya dijo. 7A tloga kwa felong fa a neng a le teng, betsi ba babedi ba gagwe ba na nae. Ya re ba le mo tseleng go boela kwa lefatsheng la Juta, 8Naomi a raya betsi ba babedi ba gagwe a re: “Yaang lo boele kwa gae, mongwe le mongwe kwa lapeng la ga mmaagwe. A Morena a lo direle ka lorato jaaka lo diretse baswi le nna. 9A Morena a lo thuse go bona boikhutso, mongwe le mongwe mo lapeng la monna wa gagwe.” A ba a ba atla. Ke fa ba tsholetsa mantswe ba lela, 10ba mo raya ba re: “Nnyaya, re tla boela nao kwa morafeng wa ga eno.”
11Mme Naomi a re: “Boang, bomorwadiaka! Lo ka elang le nna? A lo a re, ke sa ntse ke ka belega bomorwa go nna banna ba lona? 12Boang, bomorwadiaka, lo ye kwa gae. Gonne ke tsofetse, mo ke sa ka keng ka tlhola ke nyalwa ke monna. Le fa nka re, ke na le tsholofelo, ka tsewa ke monna bosigo jo, ka belega bomorwa: 13A lo ka ba leta go tsamaya ba gola? A lo ka ithibelela nyalo ka ntlha ya bone? Nnyaya, bomorwadiaka! Kana ke lo tlhomogela pelo thata, ka e le fa letsogo la Morena le nkotlile.”
14Ke fa ba tsholetsa mantswe, ba lela gape; mme Orepha a atla matsalaagwe, a boela kwa morafeng wa ga gabo. Ruthe ene a mo ngaparela. 15Ke fa Naomi a re: “Bona, monnao o boetse kwa morafeng wa ga gabo le kwa modimong wa ga gabo. Le wena, boa o latele monnao.”
16Mme Ruthe a re: “Se nkemelele gore ke go tlogele, ke boe ke se ye nao. Gonne kwa o yang teng, ke tla ya teng; kwa o nnang teng, ke tla nna teng. Morafe wa ga eno ke morafe wa ga etsho. Modimo wa gago ke Modimo wa me. 17Kwa o swelang teng, ke tla swela teng, ke be ke fitlhwa gona. Le fa Morena a ka ntirela jang le jang – ke loso fela lo lo ka nkgaoganyang nao.”
18Ya re Naomi a lemoga gore Ruthe o ikaeletse ka tlhomamo go ya nae, a khutla go bua nae.
19Bone babedi ba fetela pele go ya ba tsena mo Betleheme; mme ya re ba fitlha mo Betleheme, motse otlhe wa huduega ka ntlha ya bone. Basadi ba re: “A ke ene Naomi?”
20Mme a ba raya a re: “Se mpitseng Naomi . Mpitseng Mara . Gonne Mong-wa-thata-yotlhe o ntiretse tse di galakang thata. 21Ke hudugile ke humile; Morena a mpusetsa kwano gae ke iphotlhere. Lo mpiletsang Naomi, ka e le fa Morena a supile molato mo go nna; Mong-wa-thata-yotlhe a nkutlwisa botlhoko.”
22Naomi o ne a boela jalo kwa gae, a na le ngwetsi wa gagwe, Ruthe wa Moabe yo o neng a boile nae kwa nageng ya Moabe. Ba fitlha mo Betleheme ka tshimologo ya thobo ya garase.

Currently Selected:

RUTHE 1: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy