YouVersion Logo
Search Icon

BAROMA 3

3
Lesego la Mojuta. Tshiamo ya Modimo
1Mojuta jaanong o gaisa ba bangwe ka eng, gongwe thuso ya thupiso ke eng? 2Ke e kgolo mo ntlheng tsotlhe; gonne ga ntlha: ba neetswe Lefoko la Modimo. 3Jaanong go ka tweng? A ke go re, fa bangwe ba ne ba sa ikanyege, go-sa-ikanyegeng ga bone go ka dirolola boikanyego jwa Modimo? 4Le go ka! Mme go tshwanetse ga nna jaana: Modimo o boammaaruri, mme motho mongwe le mongwe ke moaki, jaaka go kwadilwe ga twe:
“Gore o tle o fitlhelwe o siame
mo mafokong a gago,
o fenye, fa o bewa molato.”
5Fa jaanong tshiamololo ya rona e tlhomamisa tshiamo ya Modimo, re ka reng? A Modimo o a bo o siamolola, fa o re galefela? Ke bua ka mokgwa wa batho. 6Le go ka! Gonne fa go ka bo go ntse jalo, Modimo o ka atlhola lefatshe jang?
7Fa boammaaruri jwa Modimo bo totafaletse kgalalelong ya ona ka maaka a me, ke tla bo ke sa ntse ke sekisediwang jaaka moleofi? 8A ga re ka ke ra bua bogolo ra re: “A re direng bosula gore molemo o tswe mo go jona!” jaaka bangwe ba sotla ka rona ba re, re bua jalo? Bao ke ba petso e ba tshwanetseng.
Botlhe ba mo thateng ya boleo
9Jaanong go ka tweng? A re gaisa ba bangwe? E seng ka gope; gonne re setse re supile gore Bajuta le Bagerika botlhe ba mo taolong ya boleo, 10jaaka go kwadilwe ga twe:
“Ga go ope yo o siameng,
le e seng a le mongwe fela.
11Ga go ope yo o tlhaloganyang,
ga go ope yo o batlang Modimo.
12Botlhe ba fapogile,
botlhe mmogo ba tlhobosegile;
ga go ope yo o dirang molemo,
ga a yo
le e seng a le mongwe fela.
13Memetso ya bone
ke mabitla a a butsweng;
ba tsietsa ka diteme tsa bone.
Botlhole jwa dinoga
bo mo melomong ya bone.
14Magano a bone
a tletse thogako le bogalaka.
15Dinao tsa bone
di bofefo go tsholola madi.
16Tshenyo le pogiso
di mo ditseleng tsa bone,
17mme tsela ya kagiso
yona ga ba e itse.
18Ga ba boife Modimo jaaka
o le fa pele ga matlho a bone.”
19Mme jaanong re itse gore dilo tsotlhe tse molao o di buang, o di bua le bone ba ba mo taolong ya molao gore molomo mongwe le mongwe o thijwe, mme lefatshe lotlhe le nne molato fa pele ga Modimo. 20Ke ka moo go se nang motho ope yo o tla siamisiwang fa pele ga ona ka ditiro tsa molao; gonne molao o re naya kitso ya boleo.
Tshiamiso ka go dumela mo go Jesu Keresete
21Mme jaanong tshiamo ya Modimo e senotswe kwa ntle ga molao, e supilwe ke molao le baporofeti, 22e bong tshiamo ya Modimo e e bonwang ka go dumela mo go Jesu Keresete, mme ke ya botlhe ba ba dumelang; gonne ga go na pharologanyo epe; 23gonne botlhe ba leofile, ba tlhoka tlotlo fa pele ga Modimo, 24mme ba ka siamisiwa fela ka boitshwarelo jwa ona ka kgololo e e mo go Keresete Jesu, 25yo Modimo o mmeileng go nna thuanyo ka madi a gagwe e e bonwang ka tumelo, gore go supiwe tshiamo ya ona ka ntlha ya go tlhokomologa maleo a a dirilweng pele, Modimo o ntse o iphapaantse 26gore o tle o supe tshiamo ya ona mo sebakeng seno, e nne ona o o siameng, o o siamisang ene yo o dumelang mo go Jesu.
27Mme jaanong ipelafatso e kae? E latlhetswe kwa ntle. E le ka molao ofe? A ke wa ditiro? Nnyaya, ke ka molao wa tumelo. 28Ke ka moo re kayang gore motho o siamisiwa ka tumelo fela, e seng ka ditiro tsa molao. 29A kampo Modimo ke Modimo wa Bajuta fela? A ga se wa Baditšhaba le bone? Ee, ke wa Baditšhaba le bone, 30ka e le gore Modimo ke o le mongwe fela; ba ba rupileng o tla ba siamisa mo tumelong, le ba ba sa rupang o ba siamisa ka tumelo. 31Jaanong a ke go re, re dirolola molao ka tumelo? Le go ka; tota re tlhomamisa molao.

Currently Selected:

BAROMA 3: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy