YouVersion Logo
Search Icon

DILELO TSA GA JEREMIA 1

1
Jerusalema yo o sentsweng o a lelelwa
1Ao! O ntse jang o le osi
motse o o neng o tletse batho!
Mohumagadi wa ditšhaba
o tshwana le motlholagadi;
kgosi ya sesadi ya mafatshe
e fetogile lelata!
2O lala a lela ka bogalaka,
dikeledi di mo ela marameng.
Ga a na yo o mo gomotsang
mo go botlhe ba ba mo ratileng.
O tlogetswe ke ditsala tsotlhe;
di mo fetogetse baba.
3Juta o faletse dipogong ka ntlha
ya botlhanka jo bo setlhogo.
A ya go nna ditšhabeng,
a tlhoka boikhutso.
Babogisi botlhe ba gagwe
ba mo tshwere,
a le mo pitlaganong.
4Ditsela tse di yang Sione
di senya,
ga go na ba ba yang
kwa moletlong.
Go sentswe dikgoro tsotlhe
tsa gagwe,
baperesiti ba gagwe ba a fegelwa.
Makgarebe a gagwe
a mo botlhokong,
ene o ikutlwa bogalaka.
5Baba ba gagwe ba a mmusa,
dira tsa gagwe di mo boiketlong.
Gonne o otlilwe ke Morena
ka ntlha ya maleo a gagwe
a magolo.
Bana ba gagwe
ba ile botshwarong,
ba etelela mogateledi pele.
6Kgalalelo yotlhe ya gagwe
e timeletse morwadia Sione.
Dikgosana tsa gagwe di tshwana
le ditholo
tse di sa boneng mafulo.
Tsa tsamaya di lapile,
di latelwa ke mmogisi.
7Ka malatsi a dipogo
le a botshwaro
Jerusalema o gakologelwa
dilo tsotlhe tsa gagwe
tse di ntle tsa bogologolo,
jale fa morafe wa gagwe
o wela diatleng tsa mmaba,
go se na yo o o thusang;
baba ba ntse ba lebile,
ba o tshega ka ntlha ya tatlhego
ya ona.
8Jerusalema a leofa thata,
ke ka moo a fetogang maila.
Ba ba mo tlotlileng
ba mo nyatsa botlhe,
ka ba mmonye a sa ikatega.
A fegelwa ka esi,
a nna fatshe a hulere.
9Lesire la gagwe le maswe,
a sa gopole kwa go iwang teng;
a wa mo go boitshegang,
a se na mogomotsi.
“Pogo ya me e bone, Morena,
gonne mmaba o a ikgantsha.”
10Mmaba o ntshitse diatla,
a tsaya tsotlhe tsa gagwe
tse di thata go bonwa;
gonne a bona baheitane ba tsena
Tempeleng ya gagwe,
ba o ba ileditseng go tsena
phuthegong ya gago.
11Morafe otlhe wa gagwe
ke ba ba fegelwang,
ba batla dijo.
Ba ntshitse mahumo a bone
go reka bogobe,
ba tle ba duwe ke tlala.
“Leba, Morena, o bone:
Ruri, ke a nyatsega.”
12“Heelang! Lona lotlhe,
bafeti tseleng, lebang tlhe,
lo bone:
A go teng botlhoko jaaka jwa me
jo bo ntirafaletseng
jo ke otlilweng ke Morena
ka jona ka letsatsi la bogale
jo bo tukang jwa gagwe?
13O rometse molelo
a le kwa legodimong,
wa ntsena marapong,
a nkgona jalo.
Maoto a me
o a thaisitse ka letloa,
a ntigela kwa morago;
a ntira sekaka,
a njesa bodutu malatsi aotlhe.
14“Diatla tsa gagwe
di dirile joko ka maleo a me,
a logantswe;
ka ba ka e bewa molaleng,
ya mphetsa thata.
Morena o nneetse diatleng tsa
ba ke sa itseng go emelana nabo.
15Dinatla tse ke neng ke na
natso,
Morena a di nyatsa tsotlhe.
Moletlo o o mpolayang a o kua,
wa tla go robaganya
masogana a me.
Morena a gata segatelo
sa lekgarebe, morwadia Juta.
16“Ke tsona tse ke di lelelang;
leitlho la me,
leitlho la me le ela dikeledi.
Gonne mogomotsi o kgakala le nna,
yo o ka ntapolosang.
Go nyeleditswe bana ba me,
gonne thata ke ya mmaba.”
17Sione a ntsha mabogo,
mme a tlhoka
yo o mo gomotsang.
Ba ba mo tikologong ya gagwe
ba biditswe ke Morena
go lwa le Jakobe.
Jerusalema a fetoga tshotlego
mo gare ga bone.
18Morena ene o siame,
gonne ke ne ka ganetsa
molomo wa gagwe.
Lona ditšhaba tsotlhe, utlwang!
Bonang matlhoko a me!
Makgarebe a me le makau a me
a ile botshwarong.
19Ke biditse ba ba neng
ba nthata,
mme ba ne ba nkaketsa.
Baperesiti ba me le bagolo ba me
ba swetse mo motseng,
jale fa ba ipatlela dijo,
ba re ba intsha tlala,
mme ba sa di bone.
20Morena,
mpone ke le tlalelong,
maikutlo a me a a huduega.
Pelo ya me e pitikologile
mo teng ga me,
ka ke ne ke ganetsa thata.
Tšhaka ya nkamoga bana
mo mmileng le leroborobo
mo ntlong.
21Utlwa ke fegelwa,
ke se na mogomotsi.
Tatlhego ya me baba botlhe
ba me ba a e itse,
ba a thaba ba re:
go dirile wena.
Tlisa letsatsi leo o le begileng
gore ba dirafalelwe
ke tse di ntletseng.
22Dibe tsa bone tsotlhe
a di tle fa pele ga gago,
o ba direle tse o di ntiretseng
ka ntlha ya maleo otlhe a me.
Ka gonne diphegelo tsa me
di dintsi,
go lwala pelo ya me.”

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy