YouVersion Logo
Search Icon

JOŠUA 9

9
Maano a ba Gibeone
1Dikgosi tsotlhe tse di neng di le mo ntlheng ya bophirimatsatsi ya Joretane mo dithabeng le mo nageng e e kwa tlase le ka fa losing lotlhe lwa lewatle le legolo go ya go fitlha kwa Lebanone, e bong tsa Bahethe le Baamori le Bakanana le Baferesi le Bahewi le Bajebusi di ne tsa utlwa dilo tseo. 2Jaanong tsa ikopanya mmogo jaaka monna a le mongwe go tlhabana le Jošua le Baiseraele.
3Mme e rile baagi ba Gibeone ba sena go utlwela tse Jošua a di diretseng Jerigo le Ai, 4le bone ba loga maano, ba itshwantshanya le baeti, ba tsaya dikgetse tse di onetseng, ba di belesa diesele tsa bone, le makuka a weine a a onetseng a a gagogileng a a dibatabata. 5Le gona ba rwala masutlha a ditlhako a mamilwe mo dinaong, ba apara diaparo tse di onetseng. Dijo tsotlhe tsa mfago wa bone di ne di omeletse, di fafarega. 6Ba tla kwa go Jošua kwa bothibelelong jwa kwa Gilegala, ba raya ene le banna ba Iseraele ba re: “Re tswa kwa lefatsheng le le kgakala. Jaanong a ko lo dire kgolagano le rona.”
7Mme banna ba Iseraele ba raya Bahewi bao ba re: “Ka gongwe lo ntse lo agile mo gare ga rona. Re ka dira jang kgolagano le lona?”
8Jaanong ba raya Jošua ba re: “Rona re batlhanka ba gago.” Mme Jošua a ba botsa a re: “Lo bomang? Lo tswa kae?”
9Ba mo araba ba re: “Batlhanka ba gago ba tswa kwa lefatsheng le le kgakala thata ka ntlha ya leina la Morena, Modimo wa gago. Gonne re utlwile tumedi ya gagwe le tsotlhe tse o di dirileng kwa Egepeto 10le tsotlhe tse o di diretseng dikgosi tse pedi tsa Baamori, tse di neng di le kwa moseja ga Joretane, e bong Sihone, kgosi ya Hešebone le Oge, kgosi ya Basane yo o neng a le kwa Ašetharothe. 11Ke fa bagolo ba rona le baagi botlhe ba lefatshe la rona ba re laela ba re: ‘Itseeleng mefago ya leeto, lo ye go ba kgatlhantsha, lo ba ree lo re: Rona re batlhanka ba lona. Jaanong he dirang kgolagano le rona.’ 12Dinkgwe tsa rona ke tse; ka letsatsi le re bolotseng ka lone go tla kwano go lona tsa bo di le bolelo, fa re di tsaya mo malapeng a rona go nna mefago ya rona. Mme jaanong bonang, di omeletse, e bile di a fafarega. 13Makuka a weine ke a; re a tladitse a sa le mašwa, mme bonang, a gagogile. Diaparo tsa rona le ditlhako tsa rona ke tse; di onetse ka leeto le leleele thata.”
14Ke fa banna ba ngatha mefago ya bone, mme ba sa botse Morena . 15Mme Jošua a dira kagiso nabo, a dira kgolagano nabo ya gore o tla ba lesa go phela. Le gona dikgosana tsa phuthego tsa ba ikanela jalo.
16Mme ga feta malatsi a le mararo ba sena go dira kgolagano nabo, jaanong ba utlwa gore batho bale ba gaufi le rona, mme ba agile mo gare ga rona. 17Gonne e rile Baiseraele ba fetela pele, ba fitlha kwa metseng ya bone ka letsatsi la boraro; metse ya bone e le Gibeone le Kefira le Beerothe le Khiriathe-Jearime. 18Mme Baiseraele ba se ka ba ba bolaya, ka gonne dikgosana tsa phuthego di ne di ba ikanetse ka Morena, Modimo wa Iseraele; ke fa phuthego yotlhe e ngongoregela dikgosana. 19Mme dikgosana tsotlhe tsa raya phuthego yotlhe tsa re: “Re ba ikanetse ka Morena, Modimo wa Iseraele; ke ka moo re palelwang jaanong ke go ba ama. 20Se re ka se ba direlang ke se: Ba leseng go phela gore bogale bo se ka jwa re wela ka ntlha ya maikano a re a ba ikanetseng.” 21Gape dikgosana tsa ba raya tsa re: “A ba phele, a e nne bafatsi ba dikgong le bagi ba metsi ba phuthego yotlhe.” Mme ga nna jalo jaaka dikgosana di buile.
22Ke fa Jošua a ba bitsa, a bua nabo a re: “Ke ka ntlha ya eng fa lo re tsieditse lwa re, lo kgakala thata le rona, etswe lo agile mo gare ga rona? 23Mme jaanong lo hutsegile, mme ga lo kitla lo khutla ka gope go nna batlhanka le bafatsi ba dikgong le bagi ba metsi ba Tempelana wa Modimo wa me.”
24Ba araba Jošua ba re: “Batlhanka ba gago ba begetswe e le nnete tse Morena, Modimo wa gago, o di laetseng Moše, motlhanka wa gagwe go lo naya lefatshe lotlhe le, le go nyeletsa baagi botlhe ba lefatshe le fa pele ga lona. Ka moo ra boifela maphelo a rona thata ka ntlha ya lona, mme ra dira jalo. 25Mme jaanong, bona, re mo diatleng tsa gago! Dira ka rona tse di siameng tse di tshwanetseng mo matlhong a gago!” 26A ba direla jalo, a ba namolela mo diatleng tsa Baiseraele gore ba se ka ba ba bolaya. 27Ka letsatsi leo Jošua a ba dira bafatsi ba dikgong le bagi ba metsi ba phuthego le ba aletare ya Morena mo felong fa Morena o tla go tlhophang, go fitlhelela kajeno.

Currently Selected:

JOŠUA 9: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy